Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mefuta e Mengwe ya Kalafi—Lebaka La go Bo Bontsi bo e Dirisa

Mefuta e Mengwe ya Kalafi—Lebaka La go Bo Bontsi bo e Dirisa

 Mefuta e Mengwe ya Kalafi—Lebaka La go Bo Bontsi bo e Dirisa

MEFUTA E MENGWE ya kalafi kana e e thusanang le e mengwe e akaretsa mekgwa e mentsi e e farologaneng ya go fodisa le ya go alafa. Bontsi jwa yone ke karolo ya kalafi e e bidiwang naturopathy, e leng thulaganyo ya kalafi e e gatelelang botlhokwa jwa gore batho ba dirise dilo tsa tlholego kana tse dingwe tsa go tokafatsa mmele le go o letla gore o ikalafe. Bontsi jwa mefuta eno ya kalafi, e e dirisitsweng thata ka makgolokgolo a dingwaga, ga e bolo go tlogelwa  kana go itlhokomolosiwa ke kalafi ya segompieno.

Ka sekai, Journal of the American Medical Association ya August 27, 1960, e ne ya bolela gore go dirisa sengwe se se tsididi mo motho a sheleng gone e ne e le “selo se se neng se dirwa ke batho ba bogologolo mme go lebega se ile sa itlhokomolosiwa ke dingaka le batho ka kakaretso. Le mororo dikarolo di le mmalwa mo bukeng eno di akgola mofuta ono wa kalafi ka tsela e e tshwanang, ga o dirisiwe thata gompieno. Eleruri, dingaka di le dintsi di bolela gore ‘mofuta ono wa kalafi ga o dirisiwe,’ le mororo go se motho ope yo o itseng lebaka.”

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana go dirisa metsi a a tsididi kana go baya sengwe se se tsididi mo motho a sheleng gone e setse gape e le selo se se kgothalediwang ke kalafi e e tlwaelegileng. The Journal of Trauma, ya September 1963 e ne ya bega jaana: “Batho ba ne ba simolola go dirisa metsi a a tsididi ka bonako fela fa motho a sena go sha fa e sa le Ofeigsson le Schulman ba bega ka mokgwa ono ka 1959 le 1960. Re ntse re dirisa mokgwa ono go alafa balwetse mo ngwageng o o fetileng; diphelelo tsa kalafi eno ya rona di ne di solofetsa.”

Go alafa ka go dirisa metsi a a tsididi ga go kotsi, e bile go fokotsa botlhoko. Hydrotherapy, e leng kalafi e mo go yone go dirisiwang metsi ka ditsela tse di farologaneng go alafa malwetse, e dirisiwa jaaka mefuta e mengwe ya kalafi, mme jaanong mefuta e e farologaneng ya kalafi eno e setse e dirisiwa le ke kalafi ya segompieno. *

Dingaka tse di dirisang mefuta e mengwe ya kalafi gantsi le tsone di dirisa dimela go alafa malwetse. Mokgwa ono ga o bolo go dirisiwa ka makgolokgolo—le e leng diketekete—tsa dingwaga mo dikarolong dingwe tsa lefatshe. Ka sekai, kwa India, go dirisiwa ga mesunkwane ga e bolo go nna yone kalafi ya konokono. Gompieno, mo e ka nnang gongwe le gongwe, maatla a go fodisa a dimela dingwe a lemogiwa ke bomankge ba le bantsi ba tsa boitekanelo.

Tiragalo e e Tlhomologileng

Mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, Richard Willstätter, yo moragonyana a neng a nna moithuti wa saense ya dimela, o ne a tlhotlhelediwa ke se se neng sa diragalela tsalanyana ya gagwe e kgolo, e bong Sepp Schwab wa dingwaga di le lesome. Leoto la ga Sepp le ne le tshwaeditswe ke sengwe ka tsela e e maswe thata mo ngaka e neng ya bolela gore le tlhoka go kgaolwa gore botshelo jwa gagwe bo bolokwe, le fa go ntse jalo, batsadi ba ga Sepp ba ne ba busetsa nako ya karo kwa morago go fitlha moso o o latelang. Fa ba ntse ba letile jalo, ba ne ba ya go batla modisa mongwe yo a neng a itsege thata ka go dirisa melemo ya mesunkwane. Modisa yono o ne a kokoanya mefuta e e farologaneng ya dimela, a bo a e kgabetlelela thata go fitlha e nna mokoa o o tshwanang le sepinatšhe se se apeilweng, a bo a e tshasa mo nthong.

Mo mosong o o latelang ntho eno e ne e tokafetse, mme nako ya karo ya busediwa kwa morago gape. Ba ne ba tswelela ba mo alafa jalo, mme kgabagare, ntho ya fola ka mo go feletseng. Willstätter o ne a tswelela go ithuta khemiseteri kwa Unibesething ya  Munich kwa Jeremane mme moragonyana a gapa sekgele sa Nobel ka ntlha ya dilo tse a neng a di fitlhelela malebana le dithuto tsa gagwe tsa mebala ya dimela, segolobogolo tlelorofole. Go bonala diperesente di ka nna 25 tsa diokobatsi tsa kalafi tse jaanong di dirisiwang, bontlhanngwe jwa tsone kana tsotlhe fela di dirwa ka dikhemikale tse di leng gone ka tlholego fela mo dimeleng.

Botlhokwa Jwa go Nna Tekatekano

Le fa go ntse jalo, go tshwanetse ga gakologelwa gore fa go tliwa mo kgannyeng ya tsa kalafi, selo se se ka thusang motho mongwe se ka nna sa se ka sa thusa yo mongwe. Matswela a mofuta ope fela wa kalafi a ikaegile ka mabaka a mantsi a a farologaneng, go akaretsa le gore motho o tshwere ke bolwetse bofe le gore bo bogolo go le kana kang le gore gantsi molwetse o na le botsogo jo bo ntseng jang. Tota le nako e ka nna lebaka.

Gantsi mekgwa e mengwe ya kalafi e dira bonya thata go feta e e tlwaelegileng, ka jalo bolwetse jo bo ka bong bo ile jwa thibelwa fa bo ka bo bo ne bo lemogilwe le go alafiwa go sa le gale bo ka nna jwa gola go fitlha go tlhokega gore go dirisiwe diokobatsi tse di maatla—gongwe le karo—gore go bolokwe botshelo. Ka jalo go ka nna ga se nne botlhale gore motho a ngaparele mofuta o le mongwe fela o o rileng wa kalafi e kete ke yone fela tsela e le nngwe ya go rarabolola bothata jwa botsogo.

Mefuta e mengwe ya kalafi e farologana le e e tlwaelegileng ka tsela e yone e alafang ka yone. Gantsi mekgwa ya yone ya go alafa e amana thata le go thibela bolwetse, mme e lebile thata tsela e motho a tshelang ka yone le tikologo e a leng mo go yone le kafa dilo tseno di amang botshelo jwa gagwe ka teng. Ka mafoko a mangwe, dingaka tse di dirisang mefuta e mengwe ya kalafi gantsi di leba motho ka botlalo e seng fela fa a nang le bothata gone kana gore o lwala go le kana kang.

Ga go pelaelo gore selo se se kgatlhang ka mefuta e mengwe ya kalafi ke kgopolo ya gore tsela ya yone ya go dirisa dilo tsa tlholego le mekgwa ya yone ya go alafa e bonolo e bile ga e kotsi jaaka ya kalafi e e tlwaelegileng. Ka jalo, ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ba batla kalafi e e seng kotsi le e e nang le matswela, re tla bua ka dikai di le mmalwa tsa mefuta e mengwe ya kalafi mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona Tsogang!, ya June 22, 1988, ditsebe 25-6, (ka Seesemane).