Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Lefatshe le Tla Nna Seoposengwe?

A Lefatshe le Tla Nna Seoposengwe?

A Lefatshe le Tla Nna Seoposengwe?

MO DINGWAGENG tsa bosheng jaana, dimilione tsa batho kwa Yuropa Botlhaba le kwa dinageng tse dingwe di ile tsa boga ka ntlha ya dintwa tse di bakang dikgaogano. Le fa go ntse jalo, tota le fa dintwa tseno tse di setlhogo di ne di ntse di tsweletse, batho ba le diketekete ba ba nnang kwa dinageng tseno tse di gautlhantsweng ke dintwa ba ne ba kgona go tlhagolela le go boloka kutlwano ya boammaaruri mo gare ga bone. Sekaseka dikai di sekae.

Ka 1991, boidiidi jwa batho ba ditšhaba tse di farologaneng ba ka nna 15 000 bo ne jwa kopana kwa Zagreb, Croatia. Lepodise lengwe le le neng le le teng koo le ne la tlhotlheletsega go bua jaana: “Go ka nna molemo go bontsha babegadikgang se se diregang mo setadiamong seno, gone mono, mo re bonang Ba-Serbia, Ba-Croatia, Ba-Slovenia, Ba-Montenegro le ba bangwe ba ntse mmogo ka kagiso.” Ke eng se se dirang gore batho ba nne le kutlwano e e ntseng jalo e e sa tlwaelegang?

Ka 1993, kopano ya ditšhabatšhaba e kgolo le go feta eno, ya setlhogo se se reng “Thuto ya Bomodimo,” e ne ya tshwarelwa kwa Kiev, motsemogolo wa Ukraine. Batho ba ba neng ba le teng ba ne ba batla ba tshwara 65 000. Tsebe ya ntlha ya Evening Kiev e ne ya bega jaana: “Basupi ba ga Jehofa . . . ga ba a kopanngwa fela ke dibetšhe tse di tala tse di kwadilweng ‘Thuto ya Bomodimo’ mme gape ba kopantswe ke tumelo ya boammaaruri.”

Thuto ya Bomodimo—Maatla a a Dirang Gore Batho ba Nne Seoposengwe

A o a tle o ipotse gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ipelela go nna seoposengwe le mororo ba dikologilwe ke batho ba le bantsi jaana ba ba sa utlwaneng? Porofesa mongwe wa kwa Poland e bong Wojciech Modzelewski o bontsha lebaka ka go bua jaana ka Basupi: “Lebaka le legolo le le dirang gore ba nne le boikutlo jono jwa kagiso ke gore ba ikaeletse gore gone jaanong ba latele melaometheo e e senotsweng mo Baebeleng.” Eleruri, Basupi ba seoposengwe mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya thuto ya bomodimo ya Mmopi, Jehofa Modimo. Thuto eo ke eng?

Jesu Keresete o ne a bontsha molaomotheo mongwe wa botlhokwa o o dirang gore batho ba nne seoposengwe fa a ne a bua jaana malebana le balatedi ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” Ebu, boemo jwa go itlhaola jo Basupi ba ga Jehofa ba bo bontshang gongwe le gongwe bo dira gore ba nne seoposengwe. Seno se dumalana le mafoko a ga Jesu fa a ne a rapela jaana: “Ke a lopa . . . gore botlhe ba tle ba nne mongwe, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.”—Johane 17:16-21.

Boemo jono jwa go itlhaola ke maatla a a dirang gore Basupi ba nne seoposengwe ka gonne bo tlhotlheletsa Basupi mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe gore ba tshele go dumalana le se moporofeti Isaia a neng a se bua ka batho botlhe bao Modimo “[a tlaa ba rutang] ditsela tsa gagwe.” Isaia o ne a bolela gore batho bano ba ne ba tla “thula ditšhaka tsa bone magale a megoma, le marumo a [bone] dithipa tsa mabele.” Moporofeti Isaia o ne a tswelela jaana: “Morafe ga o ketla o ekela morafe tšhaka; le gone ga ba ketla ba tlhola ba ithuta tlhabano gope.”—Isaia 2:2-4.

Kutlwano le kagiso tse di neng tsa bonwa kwa dikopanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa Botlhaba mo lesomeng le le fetileng la dingwaga di bontsha gore boporofeti jwa ga Isaia bo setse bo diragadiwa ka selekanyo se sennye. Kwa Yuropa le kwa dinageng tse dingwe, Basupi ba thudile ditšhaka tsa bone magale a megoma le marumo a bone dithipa tsa mabele ka tsela ya tshwantshetso. Ka ntlha ya moo, gompieno ba ipelela kagiso le go nna seoposengwe mo lefatsheng leno le le kgaoganeng. Ga go gakgamatse go bo mokwaladikgang mongwe a kile a bolela jaana: “Fa lefatshe lotlhe le ka bo le tshela ka tumelo ya motheo ya [Baebele] ya Basupi [ba ga Jehofa], go ka bo go se na tshololo ya madi le letlhoo, mme lorato lo ka bo lo rena jaaka kgosi”! A go tla tsamaya go nna jalo?

Kafa Lefatshe Lotlhe le Tla Nnang Seoposengwe ka Gone

Gore lefatshe lotlhe le nne seoposengwe, go tlhokega se se fetang fela setlhopha sa batho ba sekae ba ba nang le maikaelelo a mantle. Gape go tlhokega puso e e nang le maatla a go thibela tlhotlheletso ya batho ba ba sa batleng gore go nne le kutlwano le kagiso. Tota e bile, Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela yone puso eno: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ee, Jesu o ne a bontsha gore puso ya Modimo, “bogosi jwa magodimo,” ke yone fela e e ka kgonang go rarabolola mathata a lefatshe leno—go akaretsa le bothata jwa go se nne seoposengwe ga batho.—Mathaio 4:17.

Jesu Keresete ke Kgosi ya Bogosi jono jwa magodimo. Tlase ga bolaodi jwa gagwe, batho mo lefatsheng ba tla bona kagiso e e iseng e ko e nne teng pele e bile batho ba le seoposengwe. Lebaka la go bo batho ba fetola maemo a ikonomi ga se lone le le tla dirang gore lefatshe lotlhe le nne seoposengwe. Puso ya lefatshe tlase ga “Kgosana ya Kagiso” ke yone fela e e ka kgonang go dira jalo.—Isaia 9:6, 7.

Tshiamololo e e leng teng gompieno, e gantsi e bakwang ke lehuma le go dirisiwa ga maatla ka tsela e e sa siamang, ga e kitla e letlelelwa ke Kgosana eno ya Kagiso. Baebele e solofetsa jaana: “Dikgosi tsotlhe di tlaa wela fa pele ga gagwe; merafe yotlhe e tlaa mo direla. Gonne o tlaa golola motlhoki mogang o lelang; le mohumanegi yo o se nang mothusi. O tlaa golola mewa ya bone mo pogisong le mo thubakong . . . Go tlaa nna letlotlo la mabele mo lefatsheng, [go tla penologa, NW] mo ditlhoeng tsa dithaba.”—Pesalema 72:11, 12, 14, 16.

Go tlhoka tiro le gone e tla nna selo sa maloba mo pusong ya ga Keresete. Moporofeti Isaia o bolela jaana: “Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele; gonne jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tlaa nna jalo, mme baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate, ka lobaka lo loleele.” (Isaia 65:22) Akanya fela, mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla bo a kgona go dira tiro e e mosola, e e kgotsofatsang!

Kutlwano ya Mmatota—Leng?

Le fa go ntse jalo, puso ya ga Keresete e tla simolola leng go busa lefatshe? Fa Jesu a araba potso eno, o ne a supa nako e e neng e tla bonala ka dintwa, dipego tsa dintwa, malwetse, dithoromo tsa lefatshe le ditiragalo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, gape o ne a supa karolo nngwe e e molemo—go rerwa ga dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:3-14; Luke 21:11) Jesu o ne a bolela gore ditiragalo tseno di tla fitlha kwa setlhoeng sa tsone ka “pitlagano e kgolo” e e tla tlisang phetogo e e feletseng ya bolaodi jwa lefatshe. (Mathaio 24:21) Bala ka se a neng a se bua jaaka se kwadilwe mo go Mathaio kgaolo 24 le Luke kgaolo 21. Bapisa maemo a a a bolelelang pele le se o se bonang mo lefatsheng. O kgona go bona sentle gore jaanong re tshela mo nakong e Modimo a tla tlogang a tsenelela mo dikgannyeng tsa bolaodi jwa batho. Bogosi jwa Gagwe, ka Jesu Keresete e le Kgosi, bo tla laola. Lefatshe le le seoposengwe le tloga le tla!

Go setse potso eno, O tshwanetse go dirang gore o bone go diragadiwa ga tsholofetso eno? Ka ntlha ya gore Baebele e na le karolo ya botlhokwa thata mo dilong tse batho ba ka di lebelelang mo isagweng, go botlhale go tsaya matsapa a go itse Baebele botoka. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go etela kwa legaeng la gago go go tshwarela thuto ya mahala ya Baebele. * Fa o amogela mpho eno, go ise go ye kae o tla bona gore lefatshe le setse le le gaufi thata le gore le nne seoposengwe mme le wena o ka nna le seabe mo go lone!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 Fa o eletsa go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le thulaganyo eno ya go ithuta Baebele, ikgolaganye le bagatisi ba makasine ono kana Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la lona.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, ba ipelela go nna seoposengwe thata

Kiev, Ukraine

Zagreb, Croatia

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba nne lelapa le le lengwe le le seoposengwe la lefatshe lotlhe