Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgato e e Isang Losong

Kgato e e Isang Losong

Kgato e e Isang Losong

“Ka dinako tse dingwe ke eletsa e kete nkabo ke na le maoto a mabedi gape. . . . Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana thata, ke ne ka ya go tshameka le ditsala tsa me gaufi le ntlo ya gaetsho. Ka tshoganyetso fela ka utlwa go re ‘THUU’ . . . Leoto lotlhe la me la moja le ne le phampholotswe.”—Song Kosal, 12, Cambodia.

Letsatsi lengwe le lengwe, ka kakaretso, batho ba ka nna 70 ba golafadiwa kana ba bolawa ke dibomo tse di epelwang. Bontsi jwa batho ba ba thunngwang ke dibomo tseno ga se masole. Go na le moo, ke batho fela—banna ba ba disang dikgomo, basadi ba ba yang go ga metsi le bana ba ba itshamekelang. Ka sekai, Rukia wa dingwaga tse robedi, yo o bontshitsweng mo tsebeng ya rona ya ka fa ntle, o ne a golafadiwa ke bomo e e epelwang e e neng ya bolaya bokgaitsadie ba bararo le mmamogoloagwe.

Bomo e e epelwang e ka kgona go nna dingwaga di feta di le 50 e ntse e epetswe mme e bo e ntse e ka kgona go thunya le morago ga moo. Ka jalo, “ke sone fela sebetsa se se leng teng se e reng fa ntwa e sena go fela se bolaye batho ba le bantsi go feta fa go sa ntse go lowa,” go akgela jalo The Defense Monitor. Ga go na motho ope yo itseng gore go jetswe dibomo di le kae mo lefatsheng lotlhe. Mme ga go gakgamatse go utlwa go fopholediwa gore di ka nna tsa bo di le dimilione di le 60. Gone ke boammaaruri gore go epololwa dibomo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, bosheng fela jaana ka 1997, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la bega gore “mo boemong jwa bomo nngwe le nngwe e e epololwang go epelwa tse dingwe tse 20. Ka 1994, go ile ga epololwa dibomo di ka nna 100 000, fa ka fa letlhakoreng le lengwe go ne ga epelwa tse dingwe di le dimilione tse 2.”

Ke ka ntlha yang fa baeteledipele ba le bantsi jaana ba motlha wa gompieno ba sesole ba tlhopha go dirisa thata dibomo tse di epelwang? Seno se baka mathata afe mo go tsa ikonomi le loago? Bafalodi ba amega jang? A dibomo tseno tse di epelwang di tla tsamaya di fela mo polaneteng eno ya rona?

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

© ICRC/David Higgs

Copyright Nic Dunlop/Panos Pictures