Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Yuropa e Tla Nna Seoposengwe?

A Ruri Yuropa e Tla Nna Seoposengwe?

A Ruri Yuropa e Tla Nna Seoposengwe?

FA E le gore o fitlhela go le thata go dumela gore Yuropa ga e tshameke fa e re e batla go nna seoposengwe, o tlhoka fela go kgabaganya melelwane e le mmalwa e e arolang dinaga tsa yone. Jaanong batho ba tsamaya ka kgololesego mo teng ga Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa (European Union [EU]). Nako ya go leta kwa melelwaneng go ka twe e fedile. Gone ke boammaaruri gore bajanala ba itumetse—mme seno ga se kitla se solegela bone fela molemo. Jaanong baagi ba ba nnang mo dinageng tsa EU ba ka kgona go ithuta, go bereka le go simolola dikgwebo motlhofo fela gongwe le gongwe mo teng ga EU. Kgabagare, seno se ne sa felela ka gore mafelo a a humanegileng a dinaga tsa Lekgotla leno a gatele pele mo go tsa ikonomi.

Go kgona go kgabaganya melelwane motlhofo jaana ruri ke phetogo e kgolo thata. Le fa go ntse jalo, a re tshwanetse go fetsa ka gore jaanong Yuropa e setse e kopane mme ga go na sepe se se tla kgoreletsang go nna seoposengwe ga yone? Go farologana le moo, dikgoreletsi di sa ntse di larile kwa pele, dingwe tsa tsone di kgoba marapo eleruri. Le fa go ntse jalo, pele re tlotla ka dikgoreletsi tseno, nte re sekaseke nngwe ya dikgato tse dikgolo thata tse di tserweng go tla go fitlha jaanong go dira gore dinaga tsa Yuropa di nne seoposengwe. Ka go dira jalo re ka nna ra tlhaloganya botoka gore ke ka ntlha yang fa batho ba solofela thata jaana gore dinaga tseno di ka nna tsa nna seoposengwe.

Dikgato Tsa go Nna le Madi a le Mangwe

Go tlhokomela melelwane go ka ja madi a le mantsi. Mokgwa wa go duedisa makgetho a dilo tse di kgabaganyang molelwane mo dinageng tse 15 tsa maloko a EU o kile wa bo o ja dinaga tseno di-euro di le dimilione di le dikete di le 12 ka ngwaga. Ga go gakgamatse gore tsela e ntšha e dilo di dirwang ka yone kwa melelwaneng ya Yuropa e dirile gore ikonomi e gole. Fa o akanya ka baagi ba le dimilione di le 370 ba EU ba itsamaela fela ka kgololesego go tswa kwa nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe ba dirisa madi a le mangwe fela a a tshwanang, go bonala sentle gore ikonomi e ka gola. Ke eng se se dirileng gore dilo di kgone go gatela pele jalo?

Morago kwa ka February 1992, baeteledipele ba puso ba ne ba tsaya kgato e kgolo mo maitekong a bone a go dira gore dinaga tsa Yuropa di nne seoposengwe ka go saena Kgolagano ya Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, kana Kgolagano ya Maastricht. Kgolagano eno e ne ya thaya motheo wa go tlhoma kgwebo e e kopaneng mo Yuropa, banka e e laolang mo dinageng tseno tsotlhe le madi a le mangwe fela. Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega gore go tsewe kgato e nngwe ya botlhokwa: go fedisa go fetofetoga ga dituelo tsa go ananya madi. Kana e bile, dituelo tsa go ananya madi tsa ka moso di ka fetola dikgwebisano tsa gompieno gotlhelele.

Selo seno se se kgoreletsang dinaga tseno go nna seoposengwe se ne sa tlosiwa ka gore go tlhomiwe Economic and Monetary Union (EMU) le ka go dira gore go dirisiwe madi a le mangwe fela e leng euro. Jaanong batho ga ba tlhole ba tlhoka go duelela go ananya madi mme dikgwebo ga di tlhole di tshwanelwa ke go itshireletsa mo mathateng a a bakwang ke go duelela go ananya madi. Seno se felela ka gore dikgwebo di nne le ditshenyegelo tse di kwa tlase mme go dirisanwe le dikgwebo tsa dinaga di le dintsi. Mme gape seno se ka dira gore go nne le ditiro di le dintsi le gore batho ba nne le dithata tse di kgolwanyane tsa go reka—e leng selo se se tla solegelang mongwe le mongwe molemo.

Go tlhongwa ga European Central Bank ka 1998 go ne ga tshwaya kgato e nngwe ya botlhokwa ya gore go dirisiwe madi a le mangwe fela. Banka eno e e ikemetseng ka nosi, e e leng kwa toropong ya Jeremane ya Frankfurt, e laola madi mo dipusong tse di nang le seabe mo thulaganyong eno. E lwela go dira gore ditlhwatlhwa di se ka tsa tlhatloga thata mo go se go tweng ke kgaolo ya euro, e e nang le dinaga di le 11 tse di nang le seabe, * mme e batla go nitamisa dituelo tsa go ananya madi tse di nnang di fetofetoga mo gare ga euro, dolara le yen.

Ka jalo, fa go tliwa mo kgannyeng ya madi, go ile ga tsewa dikgato tse dikgolo thata go dira gore dinaga tsa Yuropa di nne seoposengwe. Le fa go ntse jalo, gape dikgang tseno tsa madi di bontsha kafa dinaga tsa Yuropa di sa ntseng di kgaogane thata ka teng.

Dikgang Tse Dingwe Tsa Madi

Dinaga tse di humanegileng tsa EU di na le dingongorego tsa tsone. Di na le boikutlo jwa gore dinaga tse di humileng tse e leng maloko a lekgotla leno ga di arolelane le tsone dikhumo tsa tsone ka botlalo. Ga go na dinaga dipe tse e leng maloko a lekgotla leno tse di ganang gore go a tlhokega gore di eme dinaga tse dingwe tsa Yuropa tse di humanegileng nokeng ka madi ka tsela e e oketsegileng. Le fa go ntse jalo, dinaga tse di humileng di na le boikutlo jwa gore di na le mabaka a a utlwalang a a dirang gore di ikgogele kwa morago.

Tsaya Jeremane ka sekai. Matlhagatlhaga a naga eno e neng e na le one a go batla go etleetsa go dirwa ga Yuropa seoposengwe ka madi a fokotsegile fela thata ka gonne jaanong le yone e setse e na le mathata a le mantsi a madi. Madi a a neng a dirisiwa go kopanya Jeremane Botlhaba le Jeremane Bophirima fela a ne a le mantsi thata—mo e ka nnang diranta di le dimilione di le dikete di le makgolo a le marataro ka ngwaga. Madi ano a lekana le kwatara ya tekanyetsokabo ya naga eno! Dilo tseno di dirile gore sekoloto sa Jeremane se tlhatlogele kwa godimo thata mo e leng gore Jeremane e ne ya tshwanelwa ke go dira ka natla gore e tshwanelegele ditekanyetso tse di beilweng gore e amogelwe ke EMU.

Dinaga Tse Dingwe Tse Disha di Kopa go Nna Maloko a EU

Mo nakong e e sa fediseng pelo, batho ba ba buelelang gore go nne le madi a le mangwe fela ba solofela gore dinaga tsa EU tse di iseng di tsenele EMU di tla rarabolola mathata a tsone pele ga ngwaga wa 2002, ka nako e go lebeletsweng ka yone gore go tla dirisiwa madi a euro a ditshipi le a dipampiri mo boemong jwa madi a gompieno a Yuropa. Fa Boritane, Denmark le Sweden di ka lesa go okaoka, tota le batho ba ba nnang kwa dinageng tseno ba ka nna ba bona fa di-pound, kroner le kronor tsa bone di emisediwa ka euro.

Go sa ntse go le jalo, dinaga tse dingwe tse thataro tsa Yuropa di kopa go nna maloko a EU. Dinaga tseno ke Cyprus, Estonia, Hungary, Poland, Repaboliki ya Czech le Slovenia. Go na le tse dingwe gape tse tlhano tse le tsone di letetseng go tsena, mme tsone ke Bulgaria, Latvia, Lithuania, Romania le Slovakia. Go tlile go di ja madi a le mantsi gore di kgone go tsena. Go fopholediwa gore magareng ga ngwaga wa 2000 le wa 2006, EU e tla tshwanelwa ke go ntsha di-euro di le dimilione di le dikete di le 80 go thusa dinaga tse di lesome tse disha tsa Yuropa Botlhaba.

Le fa go ntse jalo, madi ao dinaga tseno tse disha di tlileng go tshwanelwa ke go nna le one gore di kgone go fitlhelela ditshwanelego tsa go nna maloko a EU a mantsi thata go feta madi ao lekgotla leno le tlileng go di thusa ka one. Ka sekai, Hungary e tla tshwanelwa ke go dirisa di-euro di le dimilione di le dikete di le 12 go tokafatsa ditsela le diporo tsa yone. Repaboliki ya Czech e tla tlhoka go dirisa di-euro di feta di le dimilione di le dikete di le 3,4 mo ditirelong tsa go phepafatsa metsi fela mme Poland e tshwanetse go dirisa di-euro di le dimilione di le dikete di le tharo go fokotsa dilo tse di kgwelang sulefura mo moyeng. Le fa go ntse jalo, dinaga tseno tse di kopang go nna maloko a lekgotla leno di na le boikutlo jwa gore melemo ya gone e mentsi go feta madi a di tshwanetseng go a dirisa. Lebaka lengwe ke gore, kgwebo e di e dirang le dinaga tsa EU e tla gola. Le fa go ntse jalo, dinaga tseno di ka nna tsa tshwanelwa ke go leta ka lobakanyana. Go ya ka kgopolo e batho ba nang le yone gone jaanong, dinaga tse disha tse di batlang go nna maloko a EU di tshwanetse go amogelwa fela morago ga gore lekgotla leno le baakanye maemo a lone a madi pele.

Letlhoo, Boratanaga le Botlhokatiro

Le fa go dirilwe maiteko otlhe a go dira gore dinaga tsa Yuropa di nne seoposengwe, go na le dilo tse go tshwenyegilweng ka tsone tse di diregang mo Kontinenteng eno, mo teng le kwa ntle ga Yuropa. Gape go na le go sa iketlang go gogolo malebana le gore go tla berekwa jang ka dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa, tse di jaaka tse di kwa dinageng tse di kgaoganeng tsa Balkan—sa ntlha ntwa kwa Bosnia mme morago ga moo ntwa kwa Kosovo. Gantsi dinaga tse e leng maloko a EU ga di dumalane ka tsela e di tshwanetseng go rarabolola dintwa tse di ntseng jalo, tsa mo Yuropa le ka kwa ntle ga Yuropa, ka yone. E re ka EU e se go kopanngwa ga dinaga tse di farologaneng go di dira naga e le nngwe, e bile e se na tsela e le nngwe ya go dirisana le dinaga di sele, gantsi se se laolang ke go tlhokomela dilo tse di amang naga e e rileng fela. Go bonala sentle he, gore dilo tse di amang naga ke sekgoreletsi se segolo thata se se tla dirang gore go se ka ga nna le ‘United States of Europe.’

Yuropa e sa ntse e na le bothata jo bongwe jo bo masisi—selekanyo se se kwa godimo sa go tlhoka tiro. Ka kakaretso, diperesente di le 10 tsa batho ba ba sa ntseng ba ka kgona go bereka ga ba bone mmereko. Seno se bolela gore batho ba feta dimilione di le 16 ga ba bereke. Mo dinageng di le dintsi, basha, ba ba batlileng ba dira kwatara ya palo ya baagi ba Yuropa, ba tsere matsapa a magolo thata go batla tiro mme ga ba a ka ba atlega. Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi ba na le boikutlo jwa gore go lwantsha selekanyo se se kwa godimo sa go tlhoka tiro ke kgwetlho e kgolo thata e Yuropa e lebaneng le yone! Go tla go fitlha jaanong, maiteko a go dira gore ditiro di nne teng ga a ka a thusa sepe.

Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le sekgoreletsi sengwe se segolo thata se se kgoreletsang dinaga tseno go nna seoposengwe.

Ke Mang yo o Laolang?

Kgang ya bolaodi e sa ntse e le leparego le legolo thata le le kgoreletsang Yuropa go nna seoposengwe. Dinaga tse e leng maloko a lekgotla leno di tshwanetse go dumalana gore di iketleeditse go tlogela go laola dinaga tsa tsone go ya bokgakaleng bofe. Boikaelelo jwa EU ke go tlhoma puso e e laolang dinaga tsotlhe. Le Monde e bolela gore fa boikaelelo jono bo sa fitlhelelwe, go dirisiwa ga euro e tla nna “phenyo ya nakwana” fela. Le fa go ntse jalo, dinaga tse dingwe tse e leng maloko a lekgotla leno di fitlhela go le thata go amogela kgopolo ya go lesa go laola dinaga tsa tsone. Ka sekai, moeteledipele mongwe wa naga nngwe e e leng leloko la EU o ne a bolela gore naga ya gaabo e ne e “tsaletswe go etelela dinaga tse dingwe pele, e seng go di sala morago.”

Go a utlwala he go bo dinaga tse dinnye tse e leng maloko a lekgotla leno di boifa gore fa nako e ntse e ile, dinaga tse di kgolwane di tla tsaya marapo di bo di gana go amogela ditshwetso tse di ka nnang tsa bo di le kotsi mo go tsone. Ka sekai, dinaga tse dinnye di ipotsa gore go tlile go swediwa jang gore ke dinaga dife tse di tlileng go nna le ntlokgolo ya makgotlana a a farologaneng a EU. Eno ke tshwetso e e botlhokwa thata ka gonne makgotla ano a dira gore dinaga tse di nang le ntlokgolo di nne le diphatlatiro tse dintsinyana.

Ka ntlha ya dilo tseno tse di kgobang marapo tse di kgoreletsang go dirwa ga dinaga tseno seoposengwe—go fetoga ga maemo a ikonomi, ntwa, go tlhoka tiro le boratanaga—go ka nna ga lebega go le motlhofo gore motho a ikutlwe a kgobega marapo fa go buiwa ka kgang ya go dira gore Yuropa e nne seoposengwe. Le fa go ntse jalo, ntlha ke gore go dirilwe kgatelopele e kgolo thata. Gore go sa ntse go tla gatelwa pele thata go le kana kang, ga re itse. Mathata a a kgoreletsang batho ba ba lekang go dira gore Yuropa e nne seoposengwe e ntse e le one ao a kgoreletsang dipuso tsotlhe tsa batho.

A go tla tsamaya go nna le puso e e ka kgonang go rarabolola mathata a a jaaka dintwa tsa selegae, selekanyo se se kwa godimo sa go tlhoka tiro, lehuma le ntwa? A go a utlwala gore motho a akanye ka lefatshe le mo go lone batho ba tshelang ba le seoposengwe ka mmatota? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka karabo e e ka nnang ya go gakgamatsa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Dinaga tseno ke Austria, Belgium, Finland, Fora, Ireland, Italy, Jeremane, Luxembourg, Netherlands, Portugal le Spain. Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, Denmark, Gerika, Great Britain le Sweden ga di ise di akarediwe mo lenaaneng leno.

[Lebokoso mo go tsebe 14]

Euro Ke eo E Etla!

Le mororo madi a tshipi le a dipampiri a a dirisiwang gone jaanong ke maloko a EU a se kitla a nyelela pele ga ngwaga wa 2002, di-euro di setse di simolotse go dirisiwa mo ditirisanong tsa dikgwebo tse di sa diriseng madi ka tlhamalalo. Go fetolwa ga madi jalo e ile ya nna namane e tona ya tiro e dibanka di neng di tshwanetse go e dira. Le fa go ntse jalo, dituelo tsa go ananya madi ka madi a dinaga tse e leng maloko a lekgotla leno le madi a euro jaanong di setse di tlhomame. Dimmaraka tse di rekisang dishere le tsone di setse di dirisa di-euro go bontsha ditlhwatlhwa tsa tsone. Mabenkele le dikgwebo di le dintsi di setse di dirisa di-euro le madi a a dirisiwang mo lefelong la tsone fa di bontsha ditlhwatlhwa tsa dilwana tsa tsone.

Go bapatsa dilo jalo go tlhoka gore batho ba dire diphetogo tse dikgolo—segolobogolo batho ba le bantsi ba ba godileng, ba ba se kitlang ba tlhola ba kgona go dirisa madi a bone a ba a tlwaetseng a a jaaka di-deutsche mark, di-franc, kana di-lira. Tota le metšhine e batho ba duelelang mo go yone dilo tse ba di rekileng le metšhine ya dibanka e batho ba gogang madi mo go yone e tlhoka go baakanngwa. Go dira gore phetogo eno e dirwe motlhofo kafa go kgonegang ka gone, go rulagantswe matsholo a semolao a tshedimosetso a a tla bolelelang batho ka ga go goroga ga euro le go dirisiwa ga yone.

Le fa go ka tswa go sa ntse go na le dikgoreletsi dingwe, euro yone e mo tseleng. Tota e bile, madi a tshipi a euro a setse a simolotse go dirwa le a pampiri a setse a simolotse go gatisiwa. Mme ruri ke namane e tona ya tiro. Le e leng mo nageng e nnye e e tshwanang le Netherlands, e e nang le baagi ba ka nna dimilione di le 15, metšhine ya go dira madi a tshipi le ya go gatisa madi a dipampiri e tla bo e bereka dingwaga di le tharo e sa kgaotse go dira gore fa e re January 1, 2002 e bo e dirile madi a tshipi a le dimilione di le dikete di le 2,8 le a dipampiri a le dimilione di le 380. Fa madi ano otlhe a dipampiri a ne a ka tlhatlaganngwa, a ne a tlile go dira mokgobe o o ka nnang bogodimo jwa dikilometara di le 20!

[Lebokoso mo go tsebe 15]

A ke “Matlhotlhapelo a Yuropa”?

Fa ngwaga wa 1999 o ne o simologa, Khomishene ya Dinaga Tsa Yuropa, e leng setlhopha se se laolang sa lekgotla la EU, e ne ya tswa ka tshoba la mogodu fa e ne e lebane le bothata bongwe jo bogolo. Khomishene eno e ne e latofadiwa ka ditatofatso tsa go tsietsa, bonweenwee le gore e direla batho ka losika. Go ne ga tlhongwa komiti nngwe gore e tlhotlhomise ditatofatso tseno. Morago ga gore komiti eno e dire ditlhotlhomiso tse di tsereng lobaka lwa dibeke di le thataro, e ne ya fitlhela gore Khomishene eno ya Dinaga Tsa Yuropa e ne e tsietsa e bile e sa tsamaise dilo sentle. Le fa go ntse jalo, komiti eno ga ya ka ya fitlhela bosupi jo bo bontshang gore bakomisinara ba ne ba ikhumisitse ka mekgwa eno.

E ne ya re fa pego ya komiti eno e sena go gatisiwa, Khomishene yotlhe ya Dinaga Tsa Yuropa e ne ya rola marapo ka March 1999—e leng selo se se iseng se ko se direge pele ga moo. Seno se ne sa bakela EU mathata a a seng kana ka sepe. Makasine wa Time o ne wa re ke “Matlhotlhapelo a Yuropa.” Go tla itshupa mo tsamaong ya nako gore mathata ano a tla ama jang maiteko a a ntseng a dirwa gore Yuropa e nne seoposengwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Go setse go le motlhofo thata go kgabaganya melelwane ya kwa Yuropa

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

European Central Bank, kwa Frankfurt, Jeremane e ne ya tlhongwa ka 1998