Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Fenya Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo

Fenya Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo

Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa o o sa itumediseng Modimo e bile o kgotlela mogopolo wa motho ka go dira gore a batle go ikgotsofatsa ene fela. * Gape motho yo o nang le mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo a ka simolola go leba batho ba bangwe e le didirisiwa fela tsa go kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe tsa tlhakanelodikobo. O simolola go tsaya tlhakanelodikobo e se go bontshana lorato ga batho ba babedi mme e le go dira sengwe fela se se tlisang monate wa nakwana e bile se kokobetsa keletso ya tlhakanelodikobo. Mme kgotsofalo eo ke ya nakwana fela. Totatota, mo boemong jwa go bolaya ditokololo tsa mmele tse di “ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso [e e sa siamang] ya tlhakanelodikobo,” mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo o tsosa ditokololo tseo.—Bakolosa 3:5.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Fa e le gore o fitlhela go le thata go ikobela mafoko ano, o se ka wa itlhoboga. Jehofa o nna a “iketleeleditse go [go] itshwarela” le go go thusa. (Pesalema 86:5; Luke 11:9-13) Ee ruri, lebaka la go bo pelo ya gago e hutsafadiwa ke seno e bile o leka go tlogela mokgwa ono—le fa ka dinako tse dingwe o boela morago—le bontsha gore o na le boikutlo jo bo siameng. Gopola gape gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” (1 Johane 3:20) Modimo ga a bone maleo a rona fela; o bona motho a feletse. Kitso eno e dira gore a kgone go reetsa ka kutlwelobotlhoko fa re mo rapela go tswa pelong gore a re utlwele botlhoko. Ka jalo, le ka motlha o se ka wa lapisiwa ke go rapela Modimo ka boikokobetso le ka tlhoafalo, jaaka ngwana a ya kwa go rraagwe fa a le mo mathateng. Jehofa o tla go fa segakolodi se se phepa. (Pesalema 51:1-12, 17; Isaia 1:18) Mme gone o tshwanetse go dira dilo tse di tsamaisanang le se o se rapelelang. Ka sekai, o tla leka gore o tile mefuta yotlhe ya tshedimosetso e e hepisang mmogo le ditsala tse di bosula. *

Fa bothata jwa gago jwa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo bo tswelela pele, tsweetswee bolelela motsadi wa gago wa Mokeresete ka kgang eno kgotsa tsala nngwe e e godileng semoyeng e bile e amega ka wena. *Diane 1:8, 9; 1 Bathesalonika 5:14; Tito 2:3-5.

^ ser. 1 Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa wa go phoraphora kgotsa go forogotlha dirwe tsa tsalo, mme gantsi go felela ka go kgotsofatsa phisego ya tlhakanelodikobo.

^ ser. 2 Malapa a le mantsi a leka go laola kafa khomputara e dirisiwang ka teng mo lapeng ka go dira gore e nne mo batho botlhe ba kgonang go e bona teng. Mo godimo ga moo, malapa a mangwe a reka dithulaganyo tsa khomputara tse di dirang gore dilo tse di maswe di se ka tsa bulega. Mme le fa go ntse jalo, ga go na thulaganyo epe e e ka ikanngwang gotlhelele.

^ ser. 1 Fa o batla dikakantsho tse o ka di dirisang malebana le go tlogela mokgwa wa go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo, bona setlhogo se se reng“Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Fenya Jang Bothata Jono?” mo makasineng wa Tsogang! wa November 2006 le tsebe 178-182 ya buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1.