Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Rwala mo Tlhogong—Go Tlhokega Leng Mme ka Ntlha Yang?

Go Rwala mo Tlhogong—Go Tlhokega Leng Mme ka Ntlha Yang?

Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go rwala leng mo tlhogong fa a dira ditiro tse di amanang le kobamelo mme ka ntlha yang? A re sekasekeng se moaposetoloi Paulo a neng a tlhotlhelediwa go se kwala ka kgang eno. O re naya kaelo e re e tlhokang gore re dire ditshwetso tse di siameng, tse di tlotlang Modimo. (1 Bakorintha 11:3-16) Paulo o umaka mabaka a mararo a re tshwanetseng go a sekaseka: (1) ditiro tse go tlhokegang gore mosadi a rwale fa a di dira, (2) maemo a mo go one a tshwanetseng go dira jalo, le (3) mabaka a go bo a tshwanetse go dirisa molao oo.

Ditiro. Paulo o umaka tse pedi: thapelo le go porofeta. (Temana 4, 5) Thapelo ke go buisana le Jehofa ka tsela ya kobamelo. Gompieno, go porofeta go ka raya tiro epe ya go ruta e e theilweng mo Baebeleng e e dirwang ke modiredi wa Mokeresete. Le fa go ntse jalo, a Paulo o raya gore mosadi o tshwanetse go rwala nako le nako fa a rapela kgotsa a ruta ka Baebele? Nnyaa. Go tla ikaega ka gore mosadi wa Mokeresete o rapela kgotsa o ruta a le fa kae.

Maemo. Mafoko a ga Paulo a kaya maemo a mabedi kgotsa mafelo a ditiro tseno di dirwang mo go one—mo lelapeng le mo phuthegong. A re: ‘Tlhogo ya mosadi ke monna. Mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang kgotsa yo o porofetang tlhogo ya gagwe e sa bipiwa o tlontlolola tlhogo ya gagwe.’ (Temana 35) Mo lelapeng, Jehofa o tlhomile monna gore e nne ene tlhogo ya mosadi. Fa mosadi a sa supe gore o tlotla taolo ya monna wa gagwe, o ne a tla tlhabisa monna wa gagwe ditlhong fa a sikara maikarabelo a Jehofa a a abetseng monna wa gagwe. Ka sekai, fa go tlhokega gore mosadi a tshware thuto ya Baebele monna wa gagwe a le teng, a ka bontsha go tlotla taolo ya monna wa gagwe ka go rwala mo tlhogong. O tla dira jalo e ka ne monna wa gagwe a kolobeditswe kgotsa a sa kolobediwa, e re ka monna e le ene tlhogo ya lelapa. * Fa a tshwanetse go rapela kgotsa go ruta mme morwawe yo mmotlana yo o kolobeditsweng a le teng, le gone o tla rwala mo tlhogong, e se ka ntlha ya gore morwawe e le tlhogo ya lelapa, mme ka ntlha ya taolo e e neetsweng banna ba ba kolobeditsweng ba phuthego ya Bokeresete.

Paulo o umaka boemo jwa mo phuthegong, a re: “Fa motho ope a bonala a tsosa kganetsano ka ntlha ya mokgwa mongwe o sele, ga re na ope o sele, le fa e le diphuthego tsa Modimo.” (Temana 16) Mo phuthegong ya Bokeresete, botlhogo ke jwa bakaulengwe ba ba kolobeditsweng. (1 Timotheo 2:11-14; Bahebera 13:17) Banna ke bone fela ba tlhomiwang go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba nang le boikarabelo jo ba bo neilweng ke Modimo jwa go tlhokomela letsomane la Modimo. (Ditiro 20:28) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, go ka tlhokega gore mosadi wa Mokeresete a kopiwe go dira tiro e ka gale e dirwang ke mokaulengwe yo o kolobeditsweng yo o tshwanelegang. Ka sekai, a ka tshwanelwa ke go tshwara pokano ya tirelo ya tshimo ka gonne mokaulengwe yo o kolobeditsweng yo o tshwanelegang a seyo. Kgotsa a ka tshwara thuto ya Baebele ya legae mokaulengwe yo o kolobeditsweng a le teng mme e le thuto e e rulagantsweng go sa le gale. E re ka ditiro tse di ntseng jalo e le karolo ya tiro e e dirwang mo phuthegong ya Bokeresete, o tla rwala mo tlhogong go bontsha gore o lemoga gore o dira tiro e ka gale e abelwang monna.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le dilo di le dintsi tse di amanang le kobamelo tse go sa tlhokegeng gore kgaitsadi a rwale mo tlhogong fa a di dira. Ka sekai, ga go tlhokege gore a rwale fa a akgela kwa dipokanong tsa Bokeresete, a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo le monna wa gagwe kgotsa le mokaulengwe yo mongwe yo o kolobeditsweng, a ithuta kgotsa a rapela le bana ba gagwe ba ba sa kolobediwang. Gone mme, go ka tlhaga dipotso tse dingwe, mme fa kgaitsadi a sa tlhomamisege ka kgang nngwe, a ka nna a dira dipatlisiso tse di oketsegileng. * Fa a ntse a sa tlhomamisege e bile a batla go rwala ka ntlha ya segakolodi sa gagwe, go tla bo go se phoso gore a rwale mo tlhogong, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong seno.

Mabaka. Mo temaneng ya 10, re bona mabaka a mabedi a go bo mosadi wa Mokeresete a tshwanetse go rwala mo tlhogong: “Mosadi [o tshwanetse] go nna le sesupo sa taolo mo tlhogong ya gagwe ka ntlha ya baengele.” Sa ntlha, ela tlhoko mafoko a a reng, “sesupo sa taolo.” Go rwala mo tlhogong ke tsela e mosadi a bontshang ka yone gore o tlotla taolo e Jehofa a e neetseng banna ba ba kolobeditsweng mo phuthegong. Ka go dira jalo, mosadi o bontsha gore o rata Jehofa Modimo e bile o ikanyega mo go ene. Lebaka la bobedi le mo mafokong a a reng “ka ntlha ya baengele.” Mosadi o ama jang dibopiwa tseo tse di maatla ka go rwala mo tlhogong?

Baengele ba kgatlhegela go bona gore bolaodi jwa Modimo bo a tlotlwa mo phuthegong yotlhe ya ga Jehofa, kwa legodimong le mo lefatsheng. Gape ba solegelwa molemo ke dikai tsa batho ba ba sa itekanelang mo kgannyeng eno. Le bone ba tshwanetse go ikobela thulaganyo ya ga Jehofa—teko e baengele ba le bantsi mo nakong e e fetileng ba ileng ba palelwa ke go e fenya. (Jude 6) Gompieno baengele ba ka bona mosadi mongwe wa Mokeresete a na le maitemogelo a mantsi, kitso e ntsi e bile a le botlhale go feta mokaulengwe yo o kolobeditsweng mo phuthegong; le fa go ntse jalo, a iketleeditse go bontsha gore o ikobela taolo ya gagwe. Mo maemong mangwe, mosadi yoo e a bo e le Mokeresete yo o tloditsweng yo kgabagare a tla nnang mongwe wa baruaboswa le Keresete. Kgabagare mosadi yono o tla direla mo maemong a a fetang le a baengele a bo a buse le Keresete kwa legodimong. A bo e le sekao se se molemo jang ne se baengele ba ka ithutang mo go sone gompieno! Ruri bokgaitsadi botlhe ba na le tshiamelo e kgolo ya go bontsha go nna kutlo ka boikokobetso ka go nna boikanyego le boikobo fa pele ga baengele ba le dimilionemilione ba ba ikanyegang!

^ ser. 3 Mosadi wa Mokeresete a ka se rapelele kwa godimo monna wa gagwe yo o dumelang a le teng ntle le fa e le mo maemong a a sa tlwaelegang, jaaka fa monna wa gagwe a sa tlhole a kgona go bua ka gonne a lwala.

^ ser. 2 Go bona dintlha tse di oketsegileng, tsweetswee bona Tora ya Tebelo ya February 15, 2015, tsebe 30 (ka Seesemane); July 15, 2002, tsebe 26-27; le ya February 15, 1977, tsebe 125-128 (ka Seesemane).