“Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”

Buka eno e tla go thusa gore o tswelele pele o dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gago mme ka jalo o nnele ruri mo loratong lwa Modimo.

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se kgothaletsa botlhe ba ba ratang Jehofa gore ba latele sekao sa ga Jesu, yo o neng a nnela ruri mo loratong lwa ga Rraagwe.

KGAOLO 1

“Seno ke se Lorato Lwa Modimo lo se Kayang”

Baebele e tlhalosa ka seele se le sengwe gore o ka bontsha jang gore o rata Modimo.

KGAOLO 2

O ka Dira Jang Gore o Nne O na Le Segakolodi se se Siameng?

A go a kgonega go nna le segakolodi se se phepa mme gone se se phepa mo matlhong a Modimo?

KGAOLO 3

Rata ba Modimo a ba Ratang

Jehofa o tlhopha ditsala tsa gagwe ka kelotlhoko, le rona re tshwanetse go dira jalo.

KGAOLO 4

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlotla Taolo?

Dikwalo di tlhomolola dikarolo tse tharo tsa konokono tse mo go tsone Modimo a re kopang gore re tlotle taolo ya ba bangwe.

KGAOLO 5

Kafa re ka Nnang re Kgaogane le Lefatshe ka Gone

Lefoko la Modimo le umaka ditsela tse tlhano tse di ka re thusang go ipoloka re se karolo ya lefatshe.

KGAOLO 6

Kafa o ka Tlhophang Boitlosobodutu jo bo Siameng ka Gone

Dipotso tse tharo tse di ka go thusang go tlhopha boitlosobodutu ka botlhale.

KGAOLO 7

A o Tsaya Botshelo bo le Botlhokwa Jaaka Modimo a bo Tsaya?

A go na le lebaka le lengwe la botlhokwa ntle le go gana fela go tshelwa madi a motho yo mongwe?

KGAOLO 8

Modimo o Rata Batho ba ba Phepa

Baebele e ka go thusa go tila mekgwa e e ka dirang gore Jehofa a go tseye o se phepa.

KGAOLO 9

“Tshabang Kgokafalo”

Ngwaga le ngwaga, Bakeresete ba le diketekete ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. O ka tila jang go wela mo seraing seno?

KGAOLO 10

Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato

O ka ipaakanyetsa jang go nna le lenyalo le le atlegileng? Fa o nyetse, o ka dira jang gore lenyalo la gago le nnele ruri?

KGAOLO 11

“A Lenyalo le Tlotlege”

Go itlhatlhoba ka dipotso tseno tse thataro go ka go thusa go tokafatsa lenyalo la gago.

KGAOLO 12

Bua se se “Molemo go Aga” ba Bangwe

Mafoko a gago a ka utliwsa ba bangwe botlhoko kgotsa a ba aga. Ithute go dirisa mpho ya go bua jaaka Jehofa a batla.

KGAOLO 13

Meletlo E e Sa Itumediseng Modimo

Meletlo mengwe le malatsi mangwe a boikhutso a a lebegang a tlotla Modimo, tota a a mo kgopisa.

KGAOLO 14

Ikanyege mo Dilong Tsotlhe

Pele ga o ka ikanyega mo go ba bangwe, go na le kgato ya ntlha e o tshwanetseng go e tsaya.

KGAOLO 15

Bona Molemo ka Ntlha ya Tiro ya Gago ya Bonatla

Dikarabo tsa dipotso tseno tse tlhano tsa konokono di ka go thusa go bona gore a o ka amogela tiro nngwe e e rileng kgotsa wa se e amogele.

KGAOLO 16

Ganetsa Diabolo le Maano a Gagwe a Boferefere

Re a itse gore Satane o na le maatla, le fa go ntse jalo, ga re batle go tlhoma mogopolo mo go seo. Ka ntlha yang?

KGAOLO 17

“Go Ikaga mo Tumelong ya Lona e e Boitshepotshepo”

Dikgato tse tharo tse di ka go thusang go dira gore tumelo ya gago e nonofe e le gore o tswelele o le mo loratong lwa Modimo.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone

A tota go botlhokwa gore re se ka ra dirisana gotlhelele le batho ba ba kgaotsweng?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Rwala mo Tlhogong—Go Tlhokega Leng Mme ka Ntlha Yang?

Baebele e tlhalosa dintlha tse tharo tse di ka go thusang go araba potso eno.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Dumedisa Folaga, go Tsenela Ditlhopho le Tirelo e e Seng ya Bosole

Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka go thusang gore o nne le segakolodi se se phepa mo dikgannyeng tseno?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo

Ka go dirisa dikgato tseno tse di motlhofo, o ka kgona go fenya dikgwetlho tse di malebana le kalafi.

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Fenya Mokgwa wa go Itshwaratshwara Dirwe Tsa Tlhakanelodikobo

O ka fenya jang mokgwa ono o o leswe?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana

Go ya ka Baebele, ke leng motho yo o tlhadileng a gololesegileng go nyala gape?

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Go Rarabolola Dikgotlhang mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo

A Mokeresete a ka tlhatlhela kgetsi kgatlhanong le modumedimmogo le ene?