Moreri 2:1-26
2 Nna, e leng nna, ke ne ka bua mo pelong+ ya me ka re: “A ko o tle jaanong, mma ke go leke ka boipelo.+ Gape o bone molemo.”+ Mme bona! seo le sone e ne e le lefela.
2 Ke ne ka raya setshego ka re: “Botsenwa!”+ le boipelo+ ka re: “Seno se dirang?”
3 Ke ne ka tlhotlhomisa ka pelo ya me ka go itumedisa nama ya me ka beine,+ fa ke ne ke goga pelo ya me ka botlhale,+ le e leng go tshwara boeleele go fitlha ke bona gore ke molemo ofe o bomorwa batho ba neng ba na le one mo go se ba se dirileng kafa tlase ga magodimo ka palo ya malatsi a botshelo+ jwa bone.
4 Ke ne ka tshwarega mo ditirong tse dikgolwane.+ Ke ne ka ikagela matlo;+ ka ijalela masimo a mofine.+
5 Ke ne ka itirela ditshingwana le diparaka,+ mme ka jala mo go tsone ditlhare tsa maungo tsa mefuta yotlhe.
6 Ke ne ka itirela megobe ya metsi,+ go nosetsa ka yone dikgwa tse di melang ditlhare.+
7 Ke ne ka nna le batlhanka le malata,+ mme ka nna le barwa ba mo ntlong.+ Gape, ke ne ka nna le diruiwa, dikgomo le matsomane di le dintsi thata, di le dintsi thata go feta tsa botlhe ba ba neng ba nna teng pele ga me mo Jerusalema.+
8 Gape ke ne ka ikokoanyetsa selefera le gouta,+ le thoto e e leng ya dikgosi fela le dikgaolo tse di laolang.+ Ke ne ka itirela baopedi ba banna le baopedi ba basadi+ le tse di natefelang+ bomorwa batho fela thata, mohumagadi, le eleng bahumagadi.+
9 Mme ke ne ka nna mogolo ka ba ka oketsega go feta ope fela yo o kileng a nna teng pele ga me mo Jerusalema.+ Mo godimo ga moo, botlhale jwa me jwa sala e le jwa me.+
10 Ke ne ka se ka ka thiba matlho a me mo go sepe se a neng a se kopa.+ Ke ne ka se ka ka thibela pelo ya me mo boipelong jwa mofuta le fa e le ofe, gonne pelo ya me e ne e ipela ka ntlha ya tiro ya me yotlhe ya bonatla,+ mme seno e ne ya nna kabelo ya me e e tswang mo tirong yotlhe ya me ya bonatla.+
11 Mme nna, e leng nna, ke ne ka retologela mo ditirong tsotlhe tsa me tse diatla tsa me di neng di di dirile le tiro ya bonatla e ke neng ke dirile ka natla gore ke e wetse,+ mme bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo,+ mme go ne go se na sepe se se solegelang molemo kafa tlase ga letsatsi.+
12 Mme nna, e leng nna, ke ne ka retologa go bona botlhale+ le botsenwa le boeleele;+ gonne ke eng se motho wa mo lefatsheng yo o tlang morago ga kgosi a ka se dirang? Selo se batho ba setseng ba se dirile.
13 Mme nna ka bona, e leng nna, gore botlhale bo na le mosola o montsi go feta boeleele,+ fela jaaka lesedi le na le mosola o montsi go feta lefifi.+
14 Fa e le ope fela yo o botlhale, matlho a gagwe a mo tlhogong+ ya gagwe; mme sematla se tswelela go tsamaya mo lefifing+ le legolo. Mme le nna, jaanong ke a itse gore go na le phelelo e botlhe ba felelang ka yone.+
15 E bile nna ke ne ka bua mo pelong+ ya me ka re: “Phelelo e e tshwanang le e e diragaletseng sematla+ e tla diragalela nna, ee, nna.”+ Ke ka ntlha yang fa ke ne ka nna botlhale, ke ne ka nna botlhale mo go feteletseng+ ka nako eo? Mme ke ne ka bua mo pelong ya me ka re: “Seno le sone ke lefela.”
16 Gonne yo o botlhale ga a tlhole a gakologelwa go feta sematla, ka bosakhutleng.+ Mo malatsing a a setseng a tla, mongwe le mongwe ruri o a lebalwa; mme yo o botlhale o tla swa jang? Mmogo le sematla.+
17 Ke ne ka tlhoa botshelo,+ ka gonne tiro e e dirilweng kafa tlase ga letsatsi e ne e le ya masetlapelo go ya ka pono+ ya me, gonne sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo.+
18 Mme nna, e leng nna, ke ne ka tlhoa tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ke e dira ka natla kafa tlase ga letsatsi,+ e ke neng ke tla e tlogelela motho yo o neng a tla nna teng morago ga me.+
19 Mme ke mang yo o leng teng yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele?+ Le fa go ntse jalo o tla laola tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ka e dira ka natla le e ke neng ka bontsha botlhale mo go yone kafa tlase ga letsatsi.+ Seno le sone ke lefela.
20 Mme ke ne ka retologa ke dira gore pelo ya me e itlhoboge+ ka ga tiro yotlhe ya bonatla e ke neng ke e dirile ka natla kafa tlase ga letsatsi.
21 Gonne go na le motho yo tiro ya gagwe ya bonatla a e dirileng ka botlhale le ka kitso le ka bothakga,+ mme motho yo o sa dirang ka natla mo selong se se ntseng jalo o tla newa kabelo ya yoo.+ Seno le sone ke lefela le masetlapelo a magolo.+
22 Gonne motho o boelwa ke eng mo tirong yotlhe ya gagwe ya bonatla le go kgaratlha ga pelo ya gagwe e a dirang ka natla ka yone kafa tlase ga letsatsi?+
23 Tiro ya gagwe e raya botlhoko le matshwenyego+ malatsi otlhe a gagwe, tota le bosigo pelo ya gagwe ga e robale.+ Seno le sone ke lefela fela.
24 Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a je mme eleruri a nwe le go dira gore moya wa gagwe o bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.+ Seno le sone nna ke se bone, e leng nna, gore seno se tswa mo seatleng sa Modimo wa boammaaruri.+
25 Gonne ke mang yo o jang+ a ba a nwa botoka go na le nna?+
26 Gonne o neile motho yo o siameng fa pele ga gagwe+ botlhale le kitso le boipelo,+ mme o neile moleofi tiro ya go phutha le go kokoanya gore fela a neye yo o siameng fa pele ga Modimo wa boammaaruri.+ Seno le sone ke lefela le go kgaratlhela phefo.+

