Jakobe 2:1-26
2 Bakaulengwe ba me, ga lo a tshwara tumelo ya Morena wa rona Jesu Keresete, e bong kgalalelo+ ya rona ka go kgetholola,+ ga ke re?
2 Gonne, fa monna yo o rweleng dipalamonwana tsa gouta mo menwaneng ya gagwe e bile a apere diaparo tse dintlentle a tsena mo phuthegong+ ya lona, mme monna yo o humanegileng yo o apereng diaparo tse di leswe le ene a tsena,+
3 le fa go ntse jalo lo kgatlhegela+ yo o apereng diaparo tse dintlentle mme lo re: “Wena nna fano mo lefelong le le molemo,” mme lo raya yo o humanegileng lo re: “Wena nna o eme,” kgotsa: “Nna fale fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,”
4 lo tlhaola batho ka maemo mo gare ga lona+ e bile lo fetogile baatlhodi+ ba ba dirang ditshwetso+ tsa boikepo, a ga go jalo?
5 Reetsang, bakaulengwe ba me ba ba rategang. Modimo o ne a tlhopha bone ba ba humanegileng+ mabapi le lefatshe gore ba nne bahumi+ mo tumelong le baruaboswa ba bogosi, jo a neng a bo solofetsa ba ba mo ratang,+ a ga a dira jalo?
6 Mme lona, lo tlontlolotse motho yo o humanegileng. Bahumi ba a lo gatelela,+ e bile ba lo gogagogela fa pele ga dikgotlatshekelo+ tsa molao, a ga ba dire jalo?
7 Ba tlhapatsa+ leina le le molemo le lo neng lwa bidiwa+ ka lone, a ga ba dire jalo?
8 Fa, jaanong, lo tlwaetse go diragatsa molao+ wa segosi go ya ka lokwalo, e leng: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata,”+ lo dira sentle tota.
9 Mme fa lo tswelela lo bontsha kgethololo,+ lo dira boleo, gonne lo kgalemelwa ke molao+ jaaka batlodi ba molao.
10 Gonne le fa e le mang yo o bolokang Molao otlhe mme a tsaya kgato e e phoso mo ntlheng e le nngwe, o fetogile motlodi wa tsone tsotlhe.+
11 Gonne yo o neng a re: “O se ka wa dira boaka,”+ gape o ne a re: “O se ka wa bolaya motho.”+ Fa, jaanong, o sa dire boaka mme ruri o bolaya motho, o fetogile motlodi wa molao.
12 Nnang lo bue lo bo lo dire ka tsela e e tshwanang le e ba ba tlileng go atlholwa ka molao wa batho ba ba gololesegileng+ ba dirang ka yone.
13 Gonne yo o sa bontsheng kutlwelobotlhoko o tla bona katlholo ya gagwe kwantle ga kutlwelobotlhoko.+ Kutlwelobotlhoko e itumela ka phenyo e itumelela katlholo.
14 Go na le mosola wa eng, bakaulengwe ba me, fa mongwe a re o na le tumelo+ mme a se na ditiro?+ Tumelo eo ga e ka ke ya mmoloka, ga ke re?+
15 Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo,+
16 le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,” mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng?+
17 Ka gone, le tumelo ka boyone, fa e se na ditiro,+ e sule.
18 Le fa go ntse jalo, mongwe o tla re: “O na le tumelo, mme nna ke na le ditiro. Mpontshe tumelo ya gago kwantle ga ditiro, mme nna ke tla go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.”+
19 O dumela gore go na le Modimo a le mongwe, ga ke re?+ O dira sentle tota. Mme le fa go ntse jalo madimona a a dumela mme a rorome.+
20 E bile a o kgathalela go itse, motho ke wena yo o lolea, gore tumelo kwantle ga ditiro ga e dire?
21 A Aborahame rraarona+ ga a a bolelwa a siame ka ditiro fa a sena go isa Isake morwawe tshupelo mo godimo ga sebeso?+
22 O a bona gore tumelo ya gagwe e ne e dira mmogo le ditiro tsa gagwe mme ka ditiro tsa gagwe tumelo ya gagwe e ne ya itekanedisiwa,+
23 mme lokwalo lo ne lwa diragadiwa lo lo reng: “Aborahame o ne a dumela mo go Jehofa, mme ga kaiwa e le tshiamo+ mo go ene,” a ba a simolola go bidiwa “tsala+ ya ga Jehofa.”
24 Lo a bona gore motho ruri o tla bolelwa a siame+ ka ditiro,+ mme e seng ka tumelo e le yosi.+
25 Ka one mokgwa oo a Rahabe wa seaka le ene ga a a bolelwa a siame ka ditiro, fa a sena go amogela barongwa ka tsholo e ntle le go ba ntshetsa kwa ntle ka tsela e nngwe?+
26 Ruri, jaaka mmele kwantle ga moya o sule,+ jalo le tumelo kwantle ga ditiro e sule.+

