Jakobe 3:1-18
3 Ga lo a tshwanela go nna barutisi lo le bantsi,+ bakaulengwe ba me, e re ka lo itse gore re tla amogela katlholo+ e e boima segolo.
2 Gonne rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.+ Fa mongwe a sa kgotšwe mo lefokong,+ yono ke monna yo o itekanetseng,+ yo o kgonang go laola le mmele otlhe wa gagwe.
3 Fa re tsenya ditomo+ mo melomong ya dipitse gore di re utlwe,+ re laola le mmele otlhe wa tsone.
4 Bonang! Le eleng mekoro, le mororo e le megolo thata jaana e bile e kgweediwa ke diphefo tse di maatla, e laolwa ka selaolamokoro+ se sennye thata go ya koo thato ya monna yo o kwa sekgweetsong e eletsang gone.
5 Jalo, ka tsela e e tshwanang, loleme ke tokololo e nnye mme le fa go ntse jalo lo ikgantsha+ mo gogolo. Bonang! Abo go tlhokega molelo o monnye jang ne go tlhosetsa sekgwa se segolo thata ka molelo!
6 Ebu, loleme ke molelo.+ Loleme lo diregile lefatshe la tshiamololo gareng ga ditokololo tsa rona, gonne lo tsenya mmele+ otlhe dilabe lo bo lo tlhosetse leotwana la botshelo jwa tlholego ka molelo mme lo tlhosediwa ka molelo ke Gehena.
7 Gonne mofuta mongwe le mongwe wa sebatana sa naga mmogo le nonyane le segagabi le sebopiwa sa lewatle ruri o tla kgwabofadiwa e bile o kgwabofaditswe ke batho.+
8 Mme loleme lone, ga go na le a le mongwe wa batho yo o ka dirang gore lo kgwabofale. Ke selo se se sa laolesegeng se se utlwisang botlhoko, lo tletse botlhole+ jo bo bolayang.
9 Ka lone re baka Jehofa,+ le eleng Rara,+ mme le fa go ntse jalo ka lone re hutsa+ batho ba ba nnileng gone “mo setshwanong sa Modimo.”+
10 Mo molomong o le mongwe go tswa tshegofatso le phutso.
Ga go a tshwanela, bakaulengwe ba me, gore dilo tseno di tswelele di direga ka tsela+ eno.
11 Sediba+ ga se dire gore botshe le bogalaka di pomponyege di tswa mo motsweding o le mongwe, ga ke re?
12 Bakaulengwe ba me, setlhare sa mofeige ga se ka ke sa ungwa maungo a motlhware kgotsa sa mofine difeige, ga ke re?+ Le gone metsi a a letswai ga a ka ke a ntsha metsi a a monate.
13 Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe+ ka bori jo e leng jwa botlhale.
14 Mme fa lo na le lefufa+ la letlhoo le manganga+ mo dipelong tsa lona, lo se ka lwa ikgantsha+ lwa ba lwa akela boammaaruri.
15 Jono ga se botlhale jo bo fologang bo tswa kwa godimo,+ mme ke jwa selefatshe,+ jwa bophologolo, jwa bodimona.+
16 Gonne koo lefufa+ le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula.+
17 Mme botlhale+ jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile,+ go tswa foo bo na le kagiso,+ bo tekatekano,+ bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo,+ ga bo tseye batho ka go ba tlhaola,+ ga bo itimokanye.
18 Mo godimo ga moo, peo ya leungo+ la tshiamo+ e jalwa mo maemong a a kagiso+ e jalelwa ba ba dirang kagiso.+