Esethere 7:1-10
7 Foo kgosi le Hamane+ ba tsena ba tla go keteka le kgosigadi Esethere.
2 Jaanong kgosi ya raya Esethere gape mo letsatsing la bobedi la mokete wa beine+ ya re: “Topo ya gago ke efe,+ wena kgosigadi Esethere? O tla e newa.+ Mme ke eng se o se kopang? Le fa e ka nna sephatlo sa bogosi+—e tla diragadiwa!”
3 Morago ga moo kgosigadi Esethere a araba a re: “Fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, wena kgosi, le gone fa go bonala go le molemo mo kgosing, mma ke newe moya wa me+ go ya kafa topong ya me le batho ba gaetsho+ go ya kafa kopong ya me.
4 Gonne re rekisitswe,+ nna le batho ba gaetsho, gore re nyelediwe, re bolawe re bo re senngwe.+ Jaanong fa re ka bo re rekiseditswe go nna batlhanka+ le malata fela, nkabo ke didimetse. Mme matshwenyego ano ga a tshwanela fa a lere tshenyegelo mo kgosing.”
5 Jaanong Kgosi Ahasueruse a re, ee, a tswelela a raya kgosigadi Esethere a re: “Ke mang yoo,+ le gone o kae tota motho yo o itirileng pelokgale+ gore a dire jalo?”
6 Foo Esethere a re: “Monna yoo, moganetsi+ le mmaba,+ ke Hamane yo o bosula yo.”
Mme Hamane a boifa+ ka ntlha ya kgosi le kgosigadi.
7 Mme kgosi ya ema ka bogale+ ya tswa mo moketeng wa beine ya ya kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi; mme Hamane a ema ka dinao go lopa moya wa gagwe mo go kgosigadi Esethere,+ gonne a ne a bona gore kgosi+ e ne e ikemiseditse+ go mo direla bosula.
8 Mme kgosi ya boa kwa tshingwaneng ya ntlo ya segosi ya ya kwa ntlong ya mokete wa beine;+ mme Hamane o ne a wetse mo sekanamelong+ se Esethere a neng a le mo go sone. Ka gone kgosi ya re: “A le kgosigadi e tla betelelwa, ke le teng mo ntlong?” Lefoko leo le ne la tswa mo molomong wa kgosi,+ mme ba bipa sefatlhego sa ga Hamane.
9 Jaanong Harebona,+ mongwe wa badiredi ba ntlo ya kgosi+ fa pele ga kgosi, a re: “Gape go na le kota+ e Hamane a e diretseng Moredekai, yo o neng a buile molemo ka ga kgosi,+ e eme kwa ntlong ya ga Hamane—e e bogodimo jwa dikubita di le masome a matlhano.” Foo kgosi ya re: “Lona banna, mo kaletseng mo go yone.”+
10 Mme ba kaletsa Hamane mo koteng+ e a neng a e baakanyeditse Moredekai;+ mme bogale jwa kgosi jwa kokobela.