Esethere 10:1-3
10 Mme Kgosi Ahasueruse a tlhoma gore batho ba patelediwe go dira tiro e e boima+ mo lefatsheng le mo ditlhaketlhakeng+ tsa lewatle.
2 Fa e le tiro ya gagwe yotlhe ya botlhaga le thata ya gagwe le polelo e e tlhomameng ya bogolo jwa ga Moredekai+ jo kgosi e neng ya mo godisa ka jone,+ a ga di a kwalwa mo Bukeng ya ditiragalo+ tsa dinako tsa dikgosi tsa Media le Peresia?+
3 Gonne Moredekai wa Mojuda e ne e le ene a tlang fa morago+ ga ga Kgosi Ahasueruse e bile a le mogolo mo Bajudeng mme a amogelwa ke bontsintsi jwa bomorwarraagwe, a direla batho ba gagabo molemo e bile a bua kagiso+ le bana botlhe ba bone.