Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA

Fa lo Sa Dumalane

Fa lo Sa Dumalane

Go bo banyalani ba sa tshwane ka dilo tse ba di kgatlhegelang, mekgwa le boitshwaro, seo se ka dira gore go nne le mathata mo lenyalong. Go na le dilo dingwe tse di ka bakang mathata mo lenyalong tse di jaaka:

  • Go fetsa nako le ba masika

  • Go dirisa madi

  • Go nna le bana

O tla dira eng fa e le gore wena le molekane wa gago ga lo dumalane?

 Se o tlhokang go se itse

Go tshwanelana ga go reye go tshwana. Le fa banyalani ba ka tshwanelana jang, ga ba ka ke ba dumalana ka sengwe le sengwe, tota le mo dilong tsa botlhokwa.

“Ke goletse mo lelapeng le le ratanang le le le kitlaneng tota. Ke ne ke tlwaetse gore ka mafelobeke ke iketle le mmêmogolo le rremogolo, bo malome, mmamogolo, mmangwane le bo ntsalake. Kwa ga bo monna wa me go ne go sa nna jalo. Nna le monna wa me re ne re sa dumalane ka gore re fetse nako e e kae re etetse ba masika, kana re fetse nako e e kae re buisana le ba masika a rona ba ba nnang kgakala.”—Tamara.

“Nna le mosadi wa me ga re a godisiwa ka tsela e e tshwanang, ka jalo re ne re na le dikakanyo tse di farologaneng tsa gore re ka dirisa madi a rona jang. Dikgwedi tsa ntlha re nyalane, re ne re nna fela re sa dumalane ka kgang eno, go re tsere sebaka gore re rarabolole bothata jono.”—Tyler.

Batho ba babedi ba ka kopana le bothata jo bo tshwanang ba bo ba bo rarabolola ka ditsela tse di sa tshwaneng. Seno se ka diragalela banyalani

Mathata a mangwe ga a ka ke a rarabololwa ka go ineela motlhofo fela. Ka sekai, lo tla dira eng fa mongwe wa batsadi a lwala mme a tlhoka go tlhokomelwa? Kgotsa fa mongwe wa banyalani a batla bana, mme yo mongwe ene a sa ba batle? *

“Nna le mosadi wa me re nnile le metlotlo e meleele ka kgang ya go nna le bana. O nna fela a akantse ka gone mme ga ke bone re tla tsamaya re dumalana. Ga nkitla ke ineela.”—Alex.

Fela ka gonne lo leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng ga go reye gore lenyalo la lona le ka se atlege. Baitse ba re, fa wena le molekane wa gago lo sa dumalane ka sengwe se se botlhokwa, o tshwanetse wa dira se o se batlang, le fa seo se raya go fedisa lenyalo la gago. Go dira jalo ga go ka ke ga “thusa” ka sepe, ka gonne go dira gore go lebege e kete maikutlo a gago a botlhokwa go feta maikano a gago a lenyalo.

 Se o ka se dirang

Tlotla maikano a gago a lenyalo. Seo se tla dira gore fa lo kopana le mathata lo a lwantshe, e seng gore lona lo lwantshane.

Molaomotheo wa Baebele: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—Mathaio 19:6.

Bala ditshenyegelo. Ka sekai, a re re mongwe mo banyalaning o batla bana mme yo mongwe ene ga a ba batle. Mo kgannyeng eno go na le dilo tse dingwe tse lo ka tlhokang go di akanyetsa, tse di jaaka:

  • Lenyalo la lona le nonofile go le kana kang.

    A lo tla kgona go rwala maikarabelo a go godisa bana?

  • Maikarabelo a go nna motsadi.

    Lelapa ga le tlhoke go tlamelwa ka dijo, bonno le diaparo fela.

  • Tsa madi.

    A lo tla kgona go itirela nako ya bo bereka le go dira dilo tse dingwe?

Molaomotheo wa Baebele: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo?”—Luke 14:28.

Akanya ka dintlha tsotlhe. Go na le dikgang dingwe tse lo tla dumalanang mo go tsone. Ka sekai, fa e le gore kgang e lo buang ka yone ke ya go nna le bana, molekane yo o sa batleng bana a ka ipotsa gore:

  • ‘Fa ke re ga ke batle go nna le bana, a ke raya gone jaanong kgotsa gotlhelele?’

  • ‘A ke akanya gore nka se nne motsadi yo o molemo?’

  • ‘A ke tshaba gore molekane wa me a ka intlhokomolosa?’

Mme yo o batlang go nna le bana a ka ipotsa gore:

  • ‘A re setse re siametse go rwala maikarabelo a go nna batsadi?’

  • ‘A re tla kgona go tlamela ngwana wa rona ka dilo tse a di tlhokang?’

Molaomotheo wa Baebele: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo tekatekano.”—Jakobe 3:17.

O se ka wa itlhokomolosa dinonofo tse dintle tsa molekane wa gago. Batho ba babedi ba ka kopana le bothata jo bo tshwanang ba bo ba bo rarabolola ka ditsela tse di sa tshwaneng. Banyalani ba ka tlhoka go dira tshwetso nngwe, mme mongwe le mongwe wa bone a bo a akanya gore tshwetso eo ya bone e tlhoka go dirwa ka tsela e e rileng, ka sekai tshwetso ya gore ba tla dirisa madi a bone jang. Fa lo rarabolola dikgang tse lo sa dumalaneng mo go tsone, simololang pele ka tse lo dumalanang ka tsone.

  • Lo dumalana ka dilo dife?

  • A dintlha tsa me di a utlwala?

  • A mongwe wa lona a ka tlhoka go ineela, kgotsa bobedi jwa lona lo tlhoka go batla tharabololo nngwe gore lo sireletse lenyalo la lona?

Molaomotheo wa Baebele: A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:24.

^ ser. 9 Go na le dikgang tse di masisi tse lo tlhokang go dumalana ka tsone pele lo nyalana. Le fa go ntse jalo, lo ka nna lwa lebana le maemo a lo neng lo sa a solofela, kgotsa tsela e yo mongwe a neng a ikutlwa ka yone pele, e ka nna ya fetoga.—Moreri 9:11.