Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Kafa go Nna le Bana go ka Amang Lenyalo ka Teng

Kafa go Nna le Bana go ka Amang Lenyalo ka Teng

Tebogo: * “Nna le Mpho re ne re itumetse thata fa re nna le ngwana wa mosetsana. Mme ke ne ka tlhorega boroko mo dikgweding tsa ntlha di le mmalwa fa a sena go tsholwa. Re ne re rulagantse dilo sentle gore re tlile go mo godisa jang mme sengwe le sengwe se ne sa fetoga ka bonako.”

Mpho: “Fa ke sena go tshola loseanyana lwa rona, ke ne ke sa tlhole ke kgona go laola botshelo jwa me. Ka tshoganyetso fela, dilo tse di neng di le botlhokwa mo go nna e ne e le go direla ngwana lebotlolo, go mo tseta kgotsa go leka go mo didimatsa. Ke ne ka tshwanelwa ke go dira phetogo e kgolo. Go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa pele kamano ya me le Tebogo e boa e nna jaaka e ne e ntse pele.”

BATHO ba le bantsi ba tla dumalana gore go nna le bana ke sengwe sa dilo tse di itumedisang thata mo botshelong. Baebele ya re bana ke “tuelo” e e tswang kwa Modimong. (Pesalema 127:3) Gape banyalani ba ba sa tswang go nna le ngwana jaaka Tebogo le Mpho ba itse gore go nna le bana go ka ama lenyalo ka ditsela tse ba neng ba sa di lebelela. Ka sekai, mosadi yo o sa tswang go nna le ngwana a ka tlhoma mogopolo mo ngwaneng mme a gakgamadiwa ke kafa a tsibogang ka teng nako le nako fa losea lo lela lo tlhoka sengwe. Mme rraagwe ngwana yo o sa tswang go tsholwa, a ka gakgamadiwa thata ke kafa mosadi wa gagwe a atamalanang ka gone le losea, gape a ka tshwenngwa ke go bo ka tshoganyetso fela a kgaphetswe kwa thoko.

Tota e bile, go tsholwa ga ngwana wa ntlha go ka dira gore go nne le mathata mo lenyalong. Ditlhobaelo mmogo le mathata a a sa rarabololwang a banyalani a ka simolola go bonala thata ka ntlha ya go ngomoga pelo mo go bakiwang ke go nna le ngwana.

Banyalani ba ba sa tswang go nna le ngwana ba ka tlwaelana jang le maemo a a nang teng mo dikgweding tsa ntlha di se kae tse di boima fa losea lo lo sa tswang go tsholwa lo batla tlhokomelo ya bone ka dinako tsotlhe? Ba ka dira jang gore ba nne ba atamalane? Ba ka dira jang fa ba sa dumalane ka mekgwa ya go godisa ngwana? A re sekaseke nngwe le nngwe ya dikgwetlho tseo mme re ele tlhoko kafa melaometheo ya Baebele e ka thusang banyalani ka gone go di fenya.

KGWETLHO 1: Jaanong go tlhomiwa mogopolo fela mo ngwaneng.

Mmè yo o sa tswang go tshola ngwana o nna a mo tlhokometse e bile a akantse ka ene ka dinako tsotlhe. A ka ikutlwa a kgotsofetse thata ka go bo a tlhokomela ngwana wa gagwe. Mme monna wa gagwe ene a ka nna a ikutlwa a tlhokomologilwe. Manuel wa kwa Brazil a re: “Fa mosadi wa me a ne a simolola go ntlhokomologa a bo a tlhoma mogopolo fela mo ngwaneng, go ne ga nna thata gore ke amogele phetogo eo. Pele e ne e le nna le mosadi wa me fela, mme jaanong mosadi wa me o nna a akantse fela ka ngwana.” O ka lebana jang le phetogo eno e kgolo?

Tsela ya go atlega: Nna pelotelele.

Baebele ya re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” Lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.” (1 Bakorintha 13:4, 5) Fa monna le mosadi ba nna le ngwana, mongwe le mongwe wa bone a ka dirisa kgakololo eno jang?

Monna yo o botlhale o bontsha gore o rata mosadi wa gagwe ka go ithuta kafa go tshola ngwana go amang mosadi ka gone mo mmeleng le mo tlhaloganyong. Fa a dira jalo, o tla lemoga gore ke ka ntlha yang fa mosadi wa gagwe a ka nna a fetofetoga maikutlo. * Adam yo o nnang kwa Fora mme a na le mosetsanyana wa dikgwedi di le 11, a re: “Ka dinako tse dingwe go thata go dirisana le mosadi wa me ka gonne a fetofetoga maikutlo. Mme ke leka go ikgopotsa gore tota o a bo a sa galefela nna. Go na le moo, o a bo a ngomolwa pelo ke boemo jo bosha jo re leng mo go jone.”

A ka dinako tse dingwe mosadi wa gago ga a tlhaloganye fa o leka go thusa? Fa go le jalo, o se ka wa kgopisega motlhofo fela. (Moreri 7:9) Go na le moo, nna pelotelele o akanyetse se a se tlhokang o sa itebe wena fela, mme o ka se kgopisege.—Diane 14:29.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi yo o botlhale o tla leka go kgothatsa monna wa gagwe fa a dira seabe sa gagwe se sesha. O tla dira gore monna wa gagwe a nne le seabe mo go tlhokomeleng ngwana, a mmontsha ka bopelotelele gore ngwana o tsetiwa jang kgotsa gore lebotlolo le dirwa jang—tota le fa a ka tswa a sa dire dilo sentle kwa tshimologong.

Ellen, e bong mmè wa dingwaga tse 26, o ne a lemoga gore o tshwanetse go dira diphetogo dingwe mo tseleng e a dirisanang le monna wa gagwe ka yone. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go letla monna wa me gore le ene a nne le seabe mo go tlhokomeleng ngwana. Ke ne ka tshwanelwa ke go nna ke ikgopotsa gore ke se ka ka mo tshwayatshwaya diphoso fa a leka go dirisa dikakantsho tsa me tsa kafa a ka tlhokomelang loseanyana lwa rona ka teng.”

LEKA SENO: Mosadi, fa monna wa gago a dira tiro nngwe ya go tlhokomela ngwana ka tsela e e farologaneng le e wena o e dirang ka yone, tila go mo tshwayatshwaya diphoso kgotsa go dira tiro eo gape. Mo akgolele se a se dirang sentle mme o tla dira gore a itshepe a bo a go neye thuso e o e tlhokang. Monna, fokotsa ditiro tse di seng botlhokwa go le kalo gore o kgone go nna le nako e e lekaneng ya go thusa mosadi wa gago, segolobogolo mo dikgweding tsa ntlha di le mmalwa fa ngwana a sena go tsholwa.

KGWETLHO 2: Kamano ya lona e a koafala.

Banyalani ba le bantsi ba ba sa tswang go nna le ngwana ga ba kgone go tswelela ba atamalane ka gonne ba sa bone boroko e bile ba lebana le mathata a ba neng ba sa a lebelela. Vivianne, mmè wa kwa Fora yo o nang le bana ba le babedi ba bannye, a re: “Kwa tshimologong ke ne ke tlhomile mogopolo mo go diragatseng seabe sa me jaaka mmè mo ke neng ka batla ke lebala se ke tshwanetseng go se dira jaaka mosadi yo o nyetsweng.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, monna a ka nna a se ka a lemoga gore go ima go amile mosadi wa gagwe—mo mmeleng le mo maikutlong. Ngwana  yo o sa tswang go tsholwa a ka lo tseela nako le maatla a pele lo neng lo a dirisetsa go nna lo atamalane mo maikutlong le mo go tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, banyalani ba ka dira jang gore losea lwa bone lo lo rategang lo lo sa kgoneng go itirela sepe lo se ka lwa ba kgaoganya?

Tsela ya go atlega: Tlhomamisetsa molekane wa gago gore o a mo rata.

Baebele e tlhalosa lenyalo jaana: “Monna o tla [tlogela] rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” * (Genesise 2:24) Boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo e ne e le gore kgabagare bana ba tlogele batsadi ba bone. Mme Modimo o lebeletse gore monna le mosadi bone ba nne nama e le nngwe fela mme ba nne mmogo botshelo jwa bone jotlhe. (Mathaio 19:3-9) Go tlhaloganya seo go ka thusa jang banyalani ba ba sa tswang go nna le ngwana go dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele?

Vivianne yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ke ne ka akanya ka mafoko a a mo go Genesise 2:24, mme temana eno e ne ya nthusa go lemoga gore ke ‘nama e le nngwe’ le monna wa me e seng le ngwanake. Ke ne ka bona gore ke tshwanetse go nonotsha lenyalo la rona.” Theresa, yo o nang le mosetsanyana wa dingwaga tse pedi, a re: “Fa ke ikutlwa ke katogela kgakala le monna wa me, ka yone nako eo ke leka ka natla go ipha nako ya go nna le ene, le fa e ka nna ka nakwana fela letsatsi le letsatsi.”

Fa o le monna, o ka dirang go nonotsha lenyalo la gago? Bolelela mosadi wa gago gore o a mo rata. Mmontshe seo ka go dira ditiro tse di bontshang lorato. Fa e le gore mosadi wa gago a ka tswa a ipelaela ka tsela nngwe, leka ka natla go mo tlhomamisetsa gore o a mo rata. Sarah, mmè wa dingwaga tse 30 a re: “Mosadi o tlhoka go itse gore o sa ntse a ratiwa e bile a tsewa a le botlhokwa, tota le fa boimana bo fetotse mmele wa gagwe.” Alan, yo o nnang kwa Jeremane e bile a na le bana ba le babedi ba basimane, o bona go tlhokega gore a eme mosadi wa gagwe nokeng ka se a se tlhokang mo maikutlong. A re: “Ka metlha ke leka go gomotsa mosadi wa me fa a hutsafetse.”

Gone ke boammaaruri gore go tsholwa ga ngwana go ka kgoreletsa kamano ya banyalani ya tsa tlhakanelodikobo. Ka jalo, monna le mosadi ba tshwanetse go buisana ka se ba se tlhokang. Baebele ya re diphetogo dipe fela tse banyalani ba ka di dirang mo go tsa tlhakanelodikobo ba tshwanetse go di dira “ka go dumalana.” (1 Bakorintha 7:1-5) Seo se tlhoka gore ba buisane. O ka tswa o okaoka go bua le molekane wa gago ka dikgang tsa tlhakanelodikobo, go ikaegile ka gore o godisitswe jang kgotsa o tswa mo setsong sefe. Mme go botlhokwa gore banyalani ba tlotle ka tsone fa ba ntse ba tlwaela maikarabelo a bone a go nna batsadi. Bontsha bopelotlhomogi, bopelotelele le boikanyegi. (1 Bakorintha 10:24) Fa lo dira jalo, wena le molekane wa gago lo tla tila dikgotlhang mme lo tla nonotsha tsela e lo ratanang ka yone.—1 Petere 3:7, 8.

Gape banyalani ba ka nonotsha lorato lo ba ratanang ka lone ka go bontsha tebogo. Monna yo o botlhale o tla lemoga gore a ka nna a se ka a bona ditiro tse dintsi tse mosadi wa gagwe yo o sa tswang go tshola ngwana a di dirang. Vivianne a  re: “Fa letsatsi le phirima gantsi ke ikutlwa e kete ga ke a dira sepe—tota le fa ke ne ke tlhotse ke tlhokometse ngwana motshegare otlhe!” Le fa mosadi yo o nang le temogo a ka tswa a dira ka natla, o tla nna kelotlhoko gore a se ka a nyatsa se monna wa gagwe a se dirang mo lapeng.—Diane 17:17.

LEKA SENO: Mmè, fa go kgonega, fa ngwana a robetse, le wena sekama go se kae. Fa o itapolosa jalo, o tla nna le maatla a a oketsegileng a go dira seabe sa gago mo lenyalong. Rre, nako le nako fa go kgonega, tsoga bosigo o tsete ngwana kgotsa o mo fe lebotlolo, gore mosadi wa gago a kgone go ikhutsa. Tlhomamisetsa molekane wa gago ka metlha gore o a mo rata ka go mo tlogelela melaetsa kgotsa go mo romelela melaetsa ka founu ya selula kgotsa go bua le ene ka founu. Ipheng nako ya go tlotla mmogo. Tlotlang dikgang tse di amang lona, e seng tse di amang ngwana fela. Dira gore kamano ya gago le molekane wa gago e nne e nonofile, mme o tla kgona go lebana le dikgwetlho tsa go nna motsadi.

KGWETLHO 3: Ga lo dumalane ka mekgwa ya go godisa ngwana.

Banyalani ba ka fitlhela gore ditsela tse ba godisitsweng ka tsone di dira gore ba nne ba ngangisana. Mmè mongwe wa kwa Japane e bong Asami le monna wa gagwe e bong Katsuro ba ne ba lebana le kgwetlho eo. Asami a re: “Ke ne ke na le boikutlo jwa gore Katsuro o tlekeetsa morwadiarona, mme ene o ne a akanya gore ke gagamaditse letsogo thata.” Lo ka dira jang gore lo dumalane?

Tsela ya go atlega: Buisana le molekane wa gago mme lo thusane.

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a kwala jaana: “Motho o baka ntwa ka boikgodiso, mme go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” (Diane 13:10) Ke eng se o se itseng ka tsela e molekane wa gago a batlang go godisa bana ka yone? Fa lo leta go fitlha ngwana a tsholwa, pele lo tlotla ka dintlha tse di rileng malebana le go godisa ngwana, lo ka nna lwa felela lo gogagogana go na le go lebana le kgwetlho eo.

Ka sekai, lo dumalane ka eng mo dipotsong tse di latelang: “Re ka ruta jang ngwana wa rona mekgwa e mentle ya go ja le ya go robala? A re tshwanetse go kuka ngwana nako le nako fa a lela ka nako ya go robala? Re tla lebana jang le mathata a go thapisa ngwana go dirisa ntlwana?” Kwantle ga pelaelo, ditshwetso tse lo di dirang ga di ka ke tsa tshwana le tsa banyalani ba bangwe. Ethan yo o nang le bana ba babedi a re: “Lo tshwanetse go buisana gore lo dumalane. Mme loobabedi lo tla kgona go naya ngwana dilo tse a di tlhokang.”

LEKA SENO: Akanya ka mekgwa ya go godisa bana e batsadi ba gago ba neng ba e dirisa fa ba ne ba go godisa. Dira tshwetso ya gore ke mekgwa efe e batsadi ba gago ba neng ba e dirisa e o ka ratang go e latela fa o godisa ngwana wa gago. Gape dira tshwetso ya gore ke mekgwa efe e o ka ratang go e tila fa e le teng. Tlotla le molekane wa gago ka ditshwetso tseo.

Ngwana a ka Fetola Lenyalo la Lona

Fela jaaka batho ba ba se nang maitemogelo ba ba tshamekang diletswa tsa mmino ba tlhoka nako le bopelotelele go ikatisa gore ba di tshameke ka tsela e e tla dirang gore di ntshe molodi o o monate, le lona lo tlhoka nako gore lo tlwaele maikarabelo a lona a masha a go nna batsadi. Mme kgabagare lo tla tlwaela go sikara maikarabelo a lona.

Go godisa bana go tla leka gore o ikaeletse go le kana kang go dira gore lenyalo la gago le atlege e bile go tla fetolela ruri kamano ya lona. Le fa go ntse jalo, gape go tla lo naya tshono ya go nna le dinonofo tsa botlhokwa. Fa lo dirisa kgakololo e e mosola ya Baebele lo tla diragalelwa ke se se neng sa diragalela rre mongwe yo o bidiwang Kenneth. A re: “Go godisa bana go solegetse nna le mosadi wa me molemo. Jaanong ga re tlhole re ikakanyetsa re le rosi jaaka pele, mme re batho ba ba lorato le ba ba tlhaloganyang.” Diphetogo tse di ntseng jalo ruri di mosola mo lenyalong.

^ ser. 3 Maina a a mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 11 Bommè ba le bantsi ba a tle ba tshwenyege go se kae mo maikutlong mo dibekeng tsa ntlha fa ba sena go tshola bana. Ba bangwe ba nna le boemo jo bo masisi jo bo bidiwang bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong morago ga go belega (postpartum depression). Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka lemogang le go itshokela bothata jono ka teng, bona setlhogo se se reng “Ke Fentse Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega,” se se mo makasineng wa Tsogang! wa August 8, 2002, le se se reng “Understanding Postpartum Depression [Go Tlhaloganya Bolwetse Jwa go Tshwenyega Maikutlo Morago ga go Belega],” se se mo makasineng wa Tsogang! wa June 8, 2003 [ka Seesemane] o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 19 Go ya ka buka nngwe ya dipatlisiso, lediri la Sehebera le le ranotsweng e le “ngaparela” mo go Genesise 2:24 le ka kaya ‘go ngangatlela mongwe ka lorato le ka boikanyegi.’

IPOTSE JAANA . . .

  • Mo bekeng e e fetileng, ke dirileng go bontsha molekane wa me gore ke anaanela se a se direlang lelapa?

  • Ke feleditse leng go tlotla monate le molekane wa me mme re sa tlotle dikgang tse di amanang le go godisa ngwana?