Fetela kwa tshedimosetsong

Kalogo ya Setlhopha sa Bo135 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Kalogo ya Setlhopha sa Bo135 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Ka Lwetse 14, 2013, batho ba le 10 500 ba ne ba itumelela thulaganyo ya kalogo ya setlhopha sa bo135 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa lefelong la thuto la Basupi ba ga Jehofa kwa Patterson, New York. Sekolo seno se thapisa badiredi ba ba nang le maitemogelo ba Basupi ba ga Jehofa gore ba atlege le go feta mo dikabelong tsa bone.

Guy Pierce, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa le modulasetulo mo thulaganyong eno, o ne a simolola puo ya gagwe ka mafoko a a mo go Mathaio 28:19, 20: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”

Mokaulengwe Pierce o ne a tlhalosa gore mafoko ao a ga Jesu a ne a dira gore go simololwe tiro e e ntseng e tsweletse le mo motlheng wa rona. Fa re dira batho barutwa, re ba ruta gore ba dire sotlhe se Jesu a se laetseng. Tota e bile, seno se akaretsa le taelo ya gagwe ya go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Ka tsela eno, morutwa mongwe le mongwe yo mosha o nna moreri le morutisi wa Bogosi. Tiro eno e e nnang e boaboelediwa e nnile le diphelelo dife? Mokaulengwe Pierce o ne a re: “Palo ya baagi [ba lefatshe] e ile kwa godimo, batho ba Modimo le bone ba oketsegile.”

“Ba ne Ba Dira se se Fetang se Tota ba Neng ba se Kgona.” Thomas Cheiky, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States o ne a neela puo e e theilweng mo go 2 Bakorintha 8:1-4. Le fa diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Makedonia di ne di humanegile, di ne tsa kopa go ntsha meneelo go thusa bakaulengwe ba kwa Jerusalema ba ba neng ba tlhoka. Baithuti ba Gileade le bone ba bontshitse moya o o tshwanang wa bopelotshweu le go intsha setlhabelo.

Mme gone, re ka solofela gore bakaulengwe ba kwa Makedonia ba ne ba le kelotlhoko gore go aba ga bone go se ka ga ama ba malapa le kobamelo ya bone ka tsela e e sa siamang. Mokaulengwe Cheiky o ne a gakolola baithuti gore ba etse sekao sa bakaulengwe ba kwa Makedonia ka go nna tekatekano fa ba aba.

“Sekolo se Fitlhile Kwa Bokhutlong.” Samuel Herd, wa Setlhopha se se Laolang o ne a gatelela botlhokwa jwa gore baithuti ba nne ba gopola maitemogelo a ba nnileng le one kwa Sekolong sa Gileade. Fela jaaka molodi o o monate o motho a o utlwileng mo mosong o ka nna o duma mo tlhogong motshegare otlhe, go gopola dilo tse di botlhokwa tse baithuti ba di ithutileng kwa Gileade go tla tswelela go ba thusa morago ga sekolo.

Mokaulengwe Herd o ne a gopotsa baithuti gore mogopolo wa Modimo ga o na selekanyo. O file nngwe le nngwe ya dinaledi di le dibilionebilione tse di mo lobopong leina, e bile le ka motlha a ka se lebale epe ya tsone. (Pesalema 147:4) Ruri ga a ka ke a lebala maiteko a baithuti ba a dirileng fa ba thapisiwa kwa Gileade! Ba ipoloketse “matlotlo kwa legodimong” e bile ga go ope yo o ka utswetsang Jehofa se a se bolokileng mo mogopolong wa gagwe ka baithuti bao.—Mathaio 6:20.

E re ka Modimo a gopola tiro ya baithuti le kafa ba mo ratang ka gone, go a tshwanela gore ba nne ba gopola se ba se ithutileng kwa Gileade. Mokaulengwe Herd o ne a re: “Fa lo gopola dilo tse di itumedisang ka sekolo seno, lo se ka lwa lebala go leboga Yo o ikarabelelang ka boipelo jwa lona—Jehofa. Lo se ka lwa lapisiwa ke go gopola dilo tseno. Lo tla solegelwa molemo thata fa lo nna lo dira jalo.”

“Gomodiwang ke Maatla a Magolo a ga Jehofa.” Motlhatlheledi wa Gileade e bong Sam Roberson, o ne a kgothaletsa baithuti gore fa ba lebana le dikgwetlho tse disha ba ikaege ka maatla a ga Jehofa go na le go ikaega ka maatla a bone. Baefeso 3:20 ya re Modimo o kgona “go dira se se fetang thata dilo tsotlhe tse re di kopang kgotsa re di bopang mo mogopolong.” Maatla a gagwe a feta megopolo ya rona kgakala mo e leng gore mafoko a a reng ‘go dira se se fetang se re se akanyang’ ga a kgone go a tlhalosa ka botlalo, ka gonne temana eno ya re o kgona go dira se se “fetang” seo.

Jehofa o abela Mokeresete mongwe le mongwe maatla a gagwe a magolo. O ntse jaaka “yo o thata yo o boifisang” kgotsa “senatla se se boitshegang” ka nako ya mathata. (Jeremia 20:11; Baebele ya Tswana Central) Mokaulengwe Roberson o ne a gopotsa baithuti gore Jehofa o tla ba thusa go fenya dikgwetlho kgotsa mathata ape fela a ba ka lebanang le one.

“Bolokang Seriti sa Lona mo Tirelong ya Bogosi.” William Samuelson, yo le ene e leng motlhatlheledi wa Gileade o ne a tlhalosa gore baithuti ba Gileade ba setse ba bone seriti mo tirelong ya Bogosi mo dikarolong tse pedi. Ba itshupile ba tshwanelwa ke tlotlo ka ntlha ya tiro ya bone pele ga sekolo le fa se tsweletse, gape ba tswelela ba bona tlotlo le seriti ka go nna baemedi ba puso e e di gaisang tsotlhe mo lobopong—Bogosi jwa Modimo.

Baithuti ba ka dira jang gore ba tswelele ba na le seriti? Mokaulengwe Samuelson o ne a ba kgothaletsa gore fela jaaka Jesu a ne a tlotla batho ba bangwe tota le fa a ne a tshwanelwa ke go ba gakolola kgotsa go ba kgalemela, le bone ba tshwanetse go tlotla Jehofa le batho ba bangwe. Seo se tla felela ka eng? Fela jaaka moaposetoloi Paulo, ba tla tswelela ba na le seriti le go galaletsa bodiredi jwa bone go na le go ikgalaletsa.—Baroma 11:13.

“Taolo ya Dipitse e mo Melomong ya Tsone.” Michael Burnett, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileade, o ne a bontsha gore fa re dirisa se re se ithutang kwa dipokanong tsa Bokeresete gore re neele bosupi ka taolo, re a bo re dira go dumalana le go diragadiwa ga mafoko a a mo go Tshenolo 9:19. Go tswa foo, o ne a tlotla le baithuti fa ba ntse ba anela kgotsa ba dira dipontsho tsa maitemogelo a ba a itumeletseng mo bodireding fa ba ntse ba le kwa Gileade. Ka sekai, moithuti mongwe o ne a tsosa kgatlhego ya modiri wa kwa seteisheneng sa peterolo ka go mmotsa go re, “Nako e e tlhomilweng ya ditšhaba e simologile leng e bile e fedile leng?” (Luke 21:24) Moragonyana fa a boela koo, o ne a thusa monna yono go bona karabo a dirisa Daniele kgaolo 4 le dintlha tse di oketsegileng tse di mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

“Dipelo Tsa Bone di Nitamisitswe.” Adrian Fernandez, leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a botsolotsa banyalani ba le banè ba dialogane. Mokaulengwe Helge Schumi o ne a re gantsi thapiso ya Gileade e akaretsa kgakololo ya boikokobetso ka gonne pego ya Baebele e bontsha gore ka dinako dingwe bangwe ba batlhanka ba Modimo ba ne ba ikgogomosa fa ba sena go amogela tshiamelo nngwe e e kgethegileng. (2 Ditiragalo 26:16) Mokaulengwe Peter Canning le ene o ne a umaka kgakololo eno e e molemo e e neng ya neelwa mo puong nngwe kwa Gileade ka ga go ithuta puo e nngwe: “O se ka wa itseela kwa godimo. Itshege fa o tshegiwa.” Dialogane tseno tse nnѐ di ne tsa tlhalosa kafa di lebogang ka teng go bo sekolo se ba nonotshitse go lebana le tiro e e larileng kwa pele le go nitamisa dipelo tsa bone.—Bahebera 13:9.

“Ipeleng ka Gonne Maina a Lona a Kwadilwe Kwa Magodimong.” (Luke 10:20) Geoffrey Jackson wa Setlhopha se se Laolang o ne a neela puo ya konokono mo thulaganyong eno. Go farologana le baalogi ba ba neng ba ya Gileade mo nakong e e fetileng, bontsi jwa baalogi ba gompieno ga ba kitla ba amogela dikabelo tse disha kgotsa ba nna le maitemogelo a a kgatlhang a go rera kwa ditshimong tse di iseng di berekiwe. Ba tshwanetse go ikutlwa jang ka seo?

Fa barutwa ba le 70 ba Jesu a neng a ba romile ba boa kwa letsholong la bone la go rera, ba ne ba tlisa pego e e kgatlhang ya gore ba ne ba leleka madimona ka leina la ga Jesu. (Luke 10:​1, 17) Jesu o ne a itse gore seo se a kgatlha, mme o ne a re: “Le fa go ntse jalo, lo se ka lwa ipelela seno, gore meya e dirwa gore e nne mo taolong ya lona, mme ipeleng ka gonne maina a lona a kwadilwe kwa magodimong.” (Luke 10:20) Ka go rialo, o ne a bontsha gore ba ka se nne le maitemogelo a a itumedisang jalo ka metlha. Ba ne ba tshwanetse go akanya thata ka go ikanyega mo go Jehofa le gore maina a bone a ‘kwalwe kwa magodimong’ go na le go tlhoma mogopolo mo dilong tse ba di fitlhelelang.

Mokaulengwe Jackson o ne a re: “Se Jesu a neng a se ruta barutwa ba le 70 le rona se a re ama.” Ga re a tshwanela go akanya gore se re se fitlhelelang mo bodireding ke sone se se dirang gore re itumele kgotsa se se bontshang gore re ikanyega go le kana kang. Go na le moo, re a itumela e bile re bontsha gore re ikanyega go le kana kang fa re na le kamano e e gaufi le Jehofa le fa re dira ka natla mo tirelong ya gagwe.

Tota le Jesu o ne a lebana le maemo a a neng a ka kgoba marapo. Ka sekai, batho ba le diketekete ba ne ba simolola go mo sala morago fa a sena go ba fepa ka kgakgamatso. (Johane 6:10-14, 22-24) Go ise go ye kae, bontsi jwa bone bo ne jwa kgopisiwa ke thuto ya ga Jesu mo boidiidi bo neng jwa kgaotsa go mo sala morago. (Johane 6:48-56, 60, 61, 66) Go farologana le bone, baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ne ba ikemiseditse go mo sala morago. Ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go akanya ka boikanyegi jwa bone le ka kamano ya bone le Jehofa go na le go akanya ka se ba se fitlheletseng.—Johane 6:67-69.

Konelo. Baithuti ba ne ba amogela didipoloma, mme morago ga moo moalogi mongwe a bala lekwalo le le bontshang kafa baithuti botlhe ba lebogang ka teng. Mokaulengwe Pierce o ne a konela ka gore batho ba Modimo, go akaretsa le dialogane tsa Gileade, ga se batho ba ba kgethegileng mo lefatsheng. (Ditiro 4:13; 1 Bakorintha 1:27-31) Mme gone, Jehofa o amogela boineelo jwa rona e bile o re naya moya o o boitshepo. Mokaulengwe Pierce o ne a re le fa Jehofa a sa kgatlhiwe ke thutego ya rona, “O kgatlhiwa ke boikanyegi jwa rona le boineelo jwa rona.”