Fetela kwa tshedimosetsong

Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Saense?

Basupi ba ga Jehofa ba Ikutlwa Jang ka Saense?

 Re tlotla dilo tse saense e di fitlheletseng e bile re dumela mo dipatlisisong tsa saense tse di nang le bosupi.

 “Saense ke thuto ya tsela e dilo tsa tlholego di berekang ka yone le e di bopegileng ka yone.” (Collins Cobuild Advanced Learner’s English Dictionary) Le fa Baebele e se buka ya saense, e kgothaletsa batho gore ba ithute dilo tsa tlholego le go bona kafa di ka re thusang ka gone mo botshelong. Akanya ka dikai tse di latelang:

  •   Thutodinaledi: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina.”​—Isaia 40:26.

  •   Thutatshelo (Biology): Solomone “o ne a na le go bua ka ditlhare, go simolola ka mosedara o o kwa Lebanona go fitlha ka mosiama o o tlhogang mo loboteng; mme o ne a na le go bua ka diphologolo le ka dibopiwa tse di fofang le ka dilo tse di tsamayang le ka ditlhapi.”—1 Dikgosi 4:33.

  •   Tsa kalafi: “Ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka.”—Luke 5:31.

  •   Tsa maemo a bosa: “A o tsene mo matlong a polokelo a kapoko, kgotsa a o bona matlo a polokelo a sefako . . . ? E kae jaanong tsela e . . .  phefo ya botlhaba e falalelang mo lefatsheng ka yone?”—Jobe 38:22-24.

 Dikgatiso tsa rona di re thusa go tlotla saense ka gonne di na le ditlhogo tse di buang ka dilo tse borasaense ba di fitlheletseng. Batsadi ba Basupi ba kgothaletsa bana ba bone gore ba ithute gore ba kgone go tlhaloganya dilo tsa tlholego sentle. Go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba berekang ka dilo tsa saense.

Fa saense e tlhaelang teng

 Ga re dumele gore saense e kgona go re arabela dipotso tsotlhe tse re nang le tsone. a Ka sekai, go na le batho ba ba ithutang ka popego ya lefatshe le ba ba ithutang tsela e mmele wa motho o ntseng ka teng. Mme goreng lefatshe e le lone fela polanete e batho ba kgonang go tshela mo go yone e bile go tla jang gore dikarolo tsa mmele wa motho di dirisane sentle thata jaana?

 Re dumela gore Baebele ke yone fela e nang le dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno. (Pesalema 139:13-16; Isaia 45:18) Mo godimo ga moo, go botlhokwa gore re ithute dilo tsa saense mmogo le Baebele.

 Ka dinako tse dingwe go ka nna ga lebega e kete saense ga e dumalane le Baebele. Mme gone, go sa tlhaloganye Baebele sentle ke gone go dirang gore batho bangwe ba akanye jalo. Ka sekai, Baebele ga e rute gore lefatshe le ile la bopiwa mo malatsing a le marataro a diura di le 24.—Genesise 1:1; 2:4.

 Go na le dikgopolo dingwe tse go tweng di tshegediwa ke saense mme gone di se na bosupi jo bo kgotsofatsang e bile baitsesaense ba ba tumileng thata le ba ba tlotlegang ba sa dumalane le tsone. Ka sekai, tsela e lefatshe le bopilweng ka yone e re bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o le dirileng e bile re dumalana le bomankge ba saense ba le bantsi ba ba dumelang gore ditshedi ga di a iphetogela ka botsone go nna tse dingwe.

a Mankge wa fisikisi wa kwa Austria e bile e le mogapi wa sekgele sa Nobel e bong Erwin Schrödinger o ne a re saense “ga e bue thata ka dilo tse re di kgatlhegelang . . . le tse tota re tshwenyegileng ka tsone.” Mme Albert Einstein o ne a re: “Dilo tse di botlhoko tse di re diragaletseng di re rutile gore go akanyetsa dilo sentle ga go a lekana fa re batla go rarabolola mathata a re nang le one mo botshelong.”