Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya mo iOS

Go Tsenya Dibaebele Le go Di Rulaganya mo iOS

Go bala le go ithuta Baebele ke karolo ya konokono ya JW Library.

Latela ditaelo tseno fa o tsenya Dibaebele le fa o di rulaganya:

 Go Tsenya Baebele mo Sedirisiweng sa Gago

O kgona go tsenya Dibaebele tse di farologaneng mo sedirisiweng sa gago gore o di bale fa o se mo Internet.

  • Tobetsa Bible gore o bone maina a dibuka tsa Baebele.

  • Tobetsa letshwao leno go bona Dibaebele tsa dipuo tse di farologaneng. Dibaebele tse di o di dirisang gangwe le gape di tla tlhagelela kwa godimo mo lenaaneng leno. O ka thaepa puo kgotsa thanolo e e rileng ya Baebele fa o e batla. Ka sekai, thaepa “int” fa o batla Baebele ya Kingdom Interlinear ka Seesemane, kgotsa “port” fa o batla Baebele ya Sepotokisi.

  • Fa o bona leru fa thoko ga Baebele, seo se raya gore ga o ise o e tsenye mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa leru leo fa o batla go e tsenya. Leru leo le tla nyelela fa o sena go tsenya Baebele eo mo sedirisiweng sa gago. Tobetsa Baebele eo gape fa o batla go e bala.

Fa o sa bone Baebele e o e batlang, leka gape mo nakong e e tlang. Dibaebele tse dingwe di tla tsenngwa fa nako e ntse e ya.

 Go Ntsha Baebele mo Sedirisiweng sa Gago

O kgona go ntsha Baebele fa o sa tlhole o e tlhoka kgotsa o batla go tsenya sengwe se sele mo sedirisiweng sa gago.

Tobetsa Baebele, go tswa foo tobetsa letshwao la dipuo fa o batla go bona Dibaebele tse di farologaneng. Fa o batla go ntsha Baebele mo sedirisiweng sa gago, e tobetse o bo o isa monwana ka fa molemeng mme go tla tlhaga mafoko a a reng Delete.

 Fa go Na le Sengwe se se Fetotsweng mo Baebeleng

Ka dinako tse dingwe go ka nna le sengwe se se fetolwang mo Baebeleng.

Fa se le teng, o tla bona sediko fa thoko ga Baebele eo. Fa o tobetsa Baebele, go tla tlhaga molaetsa o o go bolelelang gore go na le sengwe se se fetotsweng. Tobetsa Download gore o se fetole kgotsa tobetsa Later fa o batla go dira jalo mo nakong e e tlang.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka February 2015 mo JW Library 1.4, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.