Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

PINA 51

Re Ineetse mo Modimong!

Re Ineetse mo Modimong!

(Mathaio 16:24)

  1. 1. Jehofa o re gogetse kwa go Kreste,

    Gore re nne barutwa ba ’gwe.

    ’Sedi la ga Jehofa,

    Le re bontshitse tsela.

    Mme ra nna le tumelo;

    Re tla tshelela ene.

    (KHORASE)

    Re’ineetse mo go Jehofa ka go rata.

    Re ipelela go mo direla.

  2. 2. Re ne ra solofetsa Jehofa gore,

    Re tla mo’ikobela ka metlha.

    Ruri ke tshiamelo

    Go bidiwa ka ene,

    Le go ruta ba bangwe,

    Ka Bogosi jwa gagwe.

    (KHORASE)

    Re’ineetse mo go Jehofa ka go rata.

    Re ipelela go mo direla.