Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa Sentle Keletso ya Gago ya go Rata go Itse Dilo

Dirisa Sentle Keletso ya Gago ya go Rata go Itse Dilo

Dirisa Sentle Keletso ya Gago ya go Rata go Itse Dilo

“Motho ke sebopiwa se se ratang go botsa dipotso. Go tloga ka nako e re tsholwang ka yone, re simo-lola go botsa dipotso . . . Go ka nna ga bo ga twe hisitori ya motho ke ya dipotso le dikarabo tse batho ba di tlhamileng.”—Octavio Paz, mmoki wa kwa Mexico.

KE ENG se se tlhotlheletsang moapei gore a dire resepe e ntšha? Ke eng se se tlhotlheletsang mmatlisisi gore a ye kwa mafelong a a kgakala? Ke eng se se dirang gore ngwana a botse dipotso tse dintsintsi jaana? Gantsi ya bo e le go eletsa go rata go itse dilo.

Go tweng ka wena? A dikgopolo tse disha kgotsa go batla go itse dikarabo tsa dipotso tse di gakgamatsang go dira gore o nne le keletso e kgolo ya go rata go itse dilo? Ka sekai, Botshelo bo simologile kae? Ke eng fa re le fano? A Modimo o teng? Go tloga re sa ntse re le bannye, go rata go itse dilo ke gone go tlhotlheletsang bontsi jwa rona go botsa dipotso tse di jaaka tseno le go batla go itse dikarabo le mabaka a tsone. Fa kgopolo nngwe e re kgatlha, re leka ka natla go dira dipatlisiso ka yone. Ka jalo, keletso ya go rata go itse dilo e ka re leretse matswela a a molemo. Le fa go ntse jalo, gape e ka nna ya re bakela mathata tota le masetlapelo.

Re Tlhoka go Nna Kelotlhoko le go Nna Tekatekano

Ba le bantsi ba kile ba utlwa ka seane se se reng: Phuduhudu e e thamo telele e hulwa ke marumo a e seng a yone. Ee, fa keletso ya go rata go itse dilo e sa laolwe, e ka nna kotsi. Ka sekai, ka ntlha ya go rata go itse dilo, ngwana a ka nna a tshwara setofo se se mogote mme seo sa nna le ditlamorago tse di botlhoko. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go rata go itse dilo go ka re tlhotlheletsa gore re oketse kitso ya rona le go bona dikarabo tsa dipotso tse re nang le tsone. Mme gone, a go tla bo go le botlhale go batla go itse sengwe le sengwe e le fela gore re kgotsofatse keletso eo?

Ga go pelaelo gore go na le dilo tse re sa batleng go di itse gonne go di itse go ka nna kotsi. Go rata go nna le kitso ka ditshwantsho tse di hepisang, dilo tsa masaitseweng kgotsa dithuto tsa makoko a a belaetsang kgotsa a a sa itshwareng sentle, go ka re tsenya mo kotsing. Mo kgannyeng eno le mo go tse dingwe, re tla bo re dira sentle fa re ka etsa mopesalema wa Mohebera yo o neng a rapela jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.”—Pesalema 119:37.

Mme gape go na le kitso e go seng kotsi go nna le yone mme gone e se mosola e bile e sa tlhokege. Ka sekai, go re thusa ka eng go itse sengwe le sengwe ka matshelo a bagaka ba difilimi kgotsa ka batho ba ba tumileng, go itse sengwe le sengwe ka metshameko le ka batshameki ba yone kgotsa go itse sengwe le sengwe ka didirisiwa tsa bosheng kgotsa ka dikoloi tsa bosheng? Batho ba le bantsi ba tsaya go nna “mankge” mo dikgannyeng tseno go sa thuse ka sepe.

Sekao se se Tlhotlheletsang

Ke boammaaruri gore go rata go itse dilo go na le melemo mengwe. Akanya ka sekai sa ga Alexander von Humboldt, yo e neng e le moithutatlholego le mmatlisisi wa kwa Jeremane wa lekgolo la bo19 la dingwaga yo lekhubu la Humboldt Current le le mo lotshitshing lo lo kafa bophirima jwa South America lo neng lwa bidiwa ka ene.

Nako nngwe Humboldt o ne a re: “Go tloga fela fa ke sa ntse ke le monnye ke ne ke eletsa thata go etela kwa dikgaolong tse di kgakala, tse batho ba Yuropa ba di etelang ka sewelo.” O ne a re keletso eno e ne ya nna teng fa a ne a ikutlwa “a batla thata go dira dilo a sa akanya.” Fa a ne a na le dingwaga di le 29, o ne a tsaya loeto go ya kwa Bogare le Borwa jwa Amerika go ya go dira patlisiso nngwe mme o ne a nna teng koo ka dingwaga di le tlhano. Mme ka tshedimosetso e a neng a e kgobokantse o ne a kwala dibolumo di le 30 tsa dilo tse di diragetseng mo loetong lwa gagwe.

Humboldt o ne a kgatlhiwa ke sengwe le sengwe se a neng a se bona—themperetšha ya lewatle, ditlhapi tse di neng di tshela mo lewatleng leo, dimela tse a neng a kopana le tsone. O ne a palama dithaba, a batlisisa ka dinoka a bo a tsamaya ka dikepe mo mawatleng. Dipatlisiso tse di neng tsa dirwa ke Humboldt e ne ya nna tsone tshimologo ya dikarolo tse di farologaneng tsa saense ya gompieno. O ne a simolola go dira dilo tseno tsotlhe ka gonne a ne a rata thata go itse dilo, mme botshelo jotlhe jwa gagwe o ne a ntse a na le keletso e kgolo ya go nna le kitso. Mokwadi mongwe wa ditlhamo wa Moamerika yo o bidiwang Ralph Waldo Emerson o ne a re: “Humboldt e ne e le mongwe wa batho ba ba kgatlhang . . . yo nako le nako a neng a bonala a batla go re bontsha dilo tse mogopolo wa motho o ka kgonang go di dira, nonofo ya one le dilo tse di farologaneng tse o nang le bokgoni jwa go di dira.”

Kgang e go Leng Botlhokwa go Dira Dipatlisiso ka Yone

Ke boammaaruri gore ke ba se kae fela ba rona ba maemo a re letlang gore re nne babatlisisi kgotsa gore re ribolole dilo dingwe tsa saense. Le fa go ntse jalo, go na le kgang nngwe e re ka dirisang bokgoni jwa rona jwa go akanya mo go yone gore re kgone go bona melemo e megolo go gaisa epe fela e re ka e bonang mo dilong tse dingwe tse re ka lekang go di ithuta. Jesu Keresete o ne a bua ka kgang eno fa a ne a rapela Rraagwe yo o kwa legodimong: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Go itse Modimo wa boammaaruri, yo leina la gagwe e leng Jehofa le la Morwawe, Jesu Keresete, go ka kgotsofatsa keletso e motho a nang le yone ya go rata go itse dilo go feta kafa go itse tshedimosetso nngwe go neng go ka kgotsofatsa keletso eo ka gone. Gakologelwa dipotso tse di malebana le botshelo tse di umakilweng mo tshimologong ya setlhogo seno. Re ka di oketsa ka tse di reng: Ke ka ntlha yang fa go na le pogo e kana kana mo lefatsheng? A batho ba tla senya lefatshe le go le nyeletsa? Mme ke eng se Modimo a tla se dirang go tlhomamisa gore batho ga ba kitla ba diragalelwa ke seo? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno ga go kitla go kgotsofatsa fela keletso ya rona ya go rata go itse dilo. Fela jaaka Jesu a bontsha, “seno se raya botshelo jo bo sa khutleng.” Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seo?

Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng ke Modimo. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo o ne a bua jaana ka lone: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.

Akanya fela—moaposetoloi yono a re Baebele e re naya kitso e e ka re tlhomelelang kgotsa e e ka dirang gore re kgone go dira sengwe le sengwe se se molemo. E ka re thusa go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Mme gone re a itse gore kitso le botlhale jwa Modimo di gaisa tsa batho botlhe. Moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go kwala mafoko ano a a utlwalang sentle a a builweng ke Modimo: “‘Dikakanyo tsa lona ga se dikakanyo tsa me, le gone ditsela tsa me ga se ditsela tsa lona,’ go bua Jehofa. ‘Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.’”—Isaia 55:8, 9.

A o ka rata go itse ka ditsela le dikakanyo tsa Modimo tsa maemo a a kwa godimo? A keletso ya go rata go itse dilo e go tlhotlheletsa gore o batle go itse gore Lefoko la Modimo, Baebele, la reng ka ditsela le dikakanyo tsa Modimo? A o tlhoafaletse go itse gore Modimo o tla dira eng go fedisa pogo yotlhe le gore o tla direla batho ba ba kutlo eng? Baebele e go laletsa jaana: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo; go itumela monna yo o nonofileng yo o tshabelang mo go ene.”—Pesalema 34:8.

Dithuto tse di maatla tse di mo Lefokong la Modimo di ka ama batho ba ba peloephepa fela jaaka lesedi le ka dira mo mothong yo e leng la ntlha a bona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheletsega go bua jaana: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa!” (Baroma 11:33) Boammaaruri ke gore ga re kitla re tsamaya re tlhaloganya ka botlalo dikhumo tsa go itse Modimo le botlhale jwa gagwe. Re na le tsholofelo e e itumedisang ya gore mo isagweng ga re kitla re lapa pelo, mme ka metlha re tla ithuta sengwe se sesha.

Dira Gore o Nne O na Le Keletso Eo!

Ke boammaaruri gore bontsi jwa rona ga re kitla re nna babatlisisi kgotsa batlhami ba ba tumileng. Mme gongwe ga re kitla re tsamaya re tlhaloganya sengwe le sengwe se re ka ratang go se tlhaloganya fa re sa ntse re tshela. Le fa go ntse jalo, o se ka wa letla gore o latlhegelwe ke keletso e o nang le yone ya go rata go itse dilo. Dira gore keletso eo e Modimo a re bopileng re na le yone ya go batla go itse, e nne e ntse e le teng.

Dirisa sentle mpho eno e e molemolemo e e tswang kwa Modimong mme o leke go tlhaloganya sentle Lefoko le le tlhotlheleditsweng ke Modimo, Baebele. Fa o dira jalo, o tla nna le botshelo jo bo nang le bokao le jo bo itumedisang gone jaanong, mme o ka lebelela le go dira jalo ka bosakhutleng. Baebele ya re: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone. E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.”—Moreri 3:11.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 21]

A o A Itse Gore . . . 

• Makgolokgolo a dingwaga pele Columbus le Magellan ba tlhalosa gore lefatshe le bopegile jang, Baebele e ne ya re lefatshe ga le sephara mme le kgolokwe?—Isaia 40:22.

• Bogologolo pele basutlhalefaufau ba bona gore lefatshe le lepeletse mo lefelong le le se nang sepe, Baebele e ne e sa bolo go tlhalosa seo?—Jobe 26:7.

• Dingwaga di ka nna 2 500 pele ga ngaka ya Moesemane e e bidiwang William Harvey a lemoga gore mmele wa motho o na le thulaganyo ya modikologo wa madi, Baebele e ne ya re pelo ke motswedi wa botshelo?—Diane 4:23.

• Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, Baebele e ne ya tlhalosa ka tsela e e sa raraanang gore modikologo wa metsi a mo lefatsheng ke karolo ya thulaganyo e mo go yone dilo tsotlhe tsa tlhago di tshegetsanang ka yone e e dirang gore dilo tse di mo lefatsheng di kgone go tshela?—Moreri 1:7.

A ga go gakgamatse gore Baebele e ne ya bua ka dintlha tseno tse di kgatlhang tsa saense bogologolo pele ga batho ba di tlhaloganya kgotsa ba di lemoga? Tota e bile, mo go yone go na le letlotlo le le tlhwatlhwakgolo la tshedimosetso e e botlhokwa mo botshelong, e o tshwanetseng go ithuta yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Alexander von Humboldt