Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Morwalela wa Motlha wa ga Noa O ne O le Mo Lefatsheng Lotlhe?

A Tota Morwalela wa Motlha wa ga Noa O ne O le Mo Lefatsheng Lotlhe?

Babadi ba a Botsa

A Tota Morwalela wa Motlha wa ga Noa O ne O le Mo Lefatsheng Lotlhe?

Morwalela wa Motlha wa ga Noa o diragetse dingwaga di feta 4 000 tse di fetileng. Ka jalo, ga go na ope yo o boneng morwalela oo yo o sa ntseng a tshela go re bolelela ka one. Le fa go ntse jalo, go na le pego e e kwadilweng ya masetlapelo ao, e e bolelang gore metsi a morwalela a ne a khurumeditse thaba e e kwa godimo thata ya motlha oo.

Pego ya bogologolo e balega jaana: “Morwalela wa tswelela malatsi a le masome a manè mo lefatsheng . . . Metsi a khurumetsa lefatshe fela thata mo e leng gore dithaba tsotlhe tse di telele tse di neng di le kafa tlase ga magodimo otlhe di ne tsa bipiwa. Metsi a ne a di khurumetsa go fitlha go dikubita di le lesome le botlhano [dimetara di ka nna 6,5] mme dithaba tsa bipiwa.”—Genesise 7:17-20.

Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore a kgang ya gore lefatshe lotlhe le ne la khurumediwa ke metsi ke tlhamane kgotsa ke go feteletsa dilo fela. Le e seng! Tota e bile, dikarolo dingwe tsa lefatshe di sa ntse di khurumeditswe ke metsi. Metsi a lewatle a khurumeditse diperesente di ka nna 71 tsa lefatshe. Tota metsi a morwalela oo a sa ntse a le teng. Mme fa dikgapetla tsa aese le aese e e kwa mafelong a a tsididi e ne e ka gakologa, metsi a lewatle a ne a tla tlhatloga mme a khurumetse ditoropo tse di jaaka New York le Tokyo.

Baithutajioloji ba ba ithutang ka popego ya bokonebophirima jwa United States ba dumela gore go ne ga nna le masetlapelo a merwalela a ka nna 100 mo lefelong leo mo nakong e e fetileng. Go bolelwa gore mongwe wa merwalela eo o ne wa tla ka bonako mo lefelong leo ka makhubu a bogodimo jwa dimetara di le 600, a tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le 105 ka ura—morwalela wa dikubita tsa dikilometara di le 2 000 tsa metsi, wa boima jo bo fetang ditone di le dibilione di le pedi. Dilo tse di tshwanang tse di neng tsa lemogwa fa go dirwa dipatlisiso di ne tsa dira gore baitsesaense ba bangwe ba dumele gore morwalela wa lefatshe lotlhe o nnile teng.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba dumelang gore Baebele ke Lefoko la Modimo ba dumela gore morwalela wa lefatshe lotlhe o kile wa nna teng. Jesu o ne a raya Modimo a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Moaposetoloi Paulo o ne a re thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Paulo o ne a ka ruta jang balatedi ba ga Jesu thuto ya boammaaruri fa e le gore Lefoko la Modimo ke ditlhamane?

Jesu o ne a sa dumele fela gore Morwalela o ne wa direga mme gape o ne a dumela gore o ne o le mo lefatsheng lotlhe. Fa a ne a bolelela pele kaga go nna gone ga gagwe le ka bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a tshwantsha ditiragalo tseo le tsa motlha wa ga Noa. (Mathaio 24:37-39) Moaposetoloi Petere le ene o ne a kwala jaana ka metsi a morwalela wa motlha wa ga Noa: “Lefatshe la nako eo le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.”—2 Petere 3:6.

Fa kgang ya Noa le Morwalela e ne e le tlhamane fela, ditlhagiso tse Petere le Jesu ba neng ba di naya batho ba ba tshelang mo malatsing a bofelo di ne di tla bo di se na bokao. Go na le gore dikgang tseo di tlhagise motho, di ne di tla dira gore a se ka a tlhaloganya tlhagiso e e tswang mo Baebeleng le go dira gore go se ka ga kgonega gore a falole pitlagano e kgolo e e fetang ya Morwalela wa Motlha wa ga Noa.—2 Petere 3:1-7.

Fa Modimo a ne a bua ka boutlwelobotlhoko jo a bo bontshang batho ba gagwe, o ne a re: “Fela jaaka ke ikanne gore metsi a ga Noa ga a kitla a tlhola a feta mo godimo ga lefatshe, fela jalo ke ikanne gore ke se ka ka go gakalela le fa e le go go kgalemela.” Fela jaaka Morwalela wa Motlha wa ga Noa o ne wa khurumetsa lefatshe, ka jalo bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo bo tla nna jalo mo bathong ba ba mo ikanyang.—Isaia 54:9.