Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Dilo Tse a Neng a di Dira di Tsamaile le Ene’

‘Dilo Tse a Neng a di Dira di Tsamaile le Ene’

‘Dilo Tse a Neng a di Dira di Tsamaile le Ene’

THEODORE JARACZ, yo e ntseng e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ile a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Laboraro mo mosong, June 9, 2010. O ne a na le dingwaga di le 84, mme o tlogela mosadi wa gagwe Melita, yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le 53, kgaitsadie le ditlogolo tse tharo.

Mokaulengwe Jaracz o tshotswe ka September 28, 1925, kwa Pike County, Kentucky, U.S.A., mme o ile a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa fa a le dingwaga di le 15, ka August 10, 1941. Dingwaga di le pedi morago ga moo, fa a le dingwaga di le 17, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha, mme a simolola tiro ya botshelo jotlhe e a neng a e dira ka dingwaga di ka nna 67 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Ka 1946, fa Mokaulengwe Jaracz a le dingwaga di le 20, o ne a le mo tlelaseng ya bosupa ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Fa a sena go aloga, o ne a abelwa go nna molebedi yo o etang kwa Cleveland, Ohio, mo kgaolong ya United States. Ka 1951, o ne a newa kabelo ya go nna molebedi wa lekala la Australia. Kgatiso ya 1983 Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya re Mokaulengwe Jaracz “o ne a kgothatsa thata bakaulengwe naga ka bophara ka tsela e a neng a tlhoafaletse dithulaganyo tsa puso ya Modimo ka yone le kafa a neng a etelela pele ka tsela e molemo ka gone mo tshimong.”

Fa Mokaulengwe Jaracz a sena go boela kwa United States, o ne a nyala Melita Lasko ka December 10, 1956. Ba ne ba simolola botshelo jwa bone jwa lenyalo mo tirong ya go eta, ba direla ka tlhagafalo mo karolong e kgolo ya United States ba etela dipotologo le dikgaolo. Go ela kwa bofelong jwa 1974, Mokaulengwe Jaracz o ne a kopiwa go tla go direla e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.

Mokaulengwe Jaracz o tla nna a gopolwa e le motlhanka yo o ineetseng le yo o ikanyegang wa ga Jehofa, yo o neng a direla ka pelo yotlhe mo ditirong tsa puso ya Modimo. O ne a rata mosadi wa gagwe thata e bile a amega ka ene gape e ne e le monna yo o ratang Modimo yo o neng a baya dikgatlhego tsa batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe. (1 Bakor. 13:4, 5) Go bontsha gore o ne a kgatlhegela ba bangwe go tswa pelong, o ne a batla gore batho botlhe ba tshwarwe sentle le ka bopelotlhomogi. Gape lorato lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo mmogo le tsela e a neng a amega ka batho ka yone di ne di bonala mo tseleng e a neng a tlhoafaletse bodiredi jwa tshimo ka yone.

Le fa gone re utlwisitswe botlhoko thata ke go latlhegelwa ke leloko la lelapa la Bethele le la bakaulengwe ba lefatshe lotlhe le le neng le dira ka natla le le le neng le ratega thata, re itumelela tiro e Mokaulengwe Jaracz a neng a e direla Jehofa ka boikanyegi ka masomesome a dingwaga. Re tlhomamisegile gore o ile a ‘itshupa a ikanyega go ya losong, mme o amogetse serwalo sa botshelo.’ (Tshen. 2:10) Gape re tlhomamisegile gore ‘dilo tse a neng a di dira di tsamaile le ene.’—Tshen. 14:13.