Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jesu o ne a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.” Batho ba ka “itekanela” jang gompieno?—Math. 5:48.

Gore re kgone go araba potso eno re tshwanetse go tlhaloganya kafa lefoko go “itekanela” le dirisitsweng ka gone mo Baebeleng. Ga se dilo tsotlhe tse Baebele e reng di “itekanetse” tse tota di itekanetseng ka botlalo. Mme Jehofa ene o itekanetse ka botlalo. Batho kana dilo di ka itekanela ka selekanyo se se rileng fela. Mafoko a a mo Baebeleng ya Sehebera le ya Segerika a a ranotsweng e le go “itekanela” gantsi a raya “botlalo,” kgotsa “go tlhoka selabe” go ya ka melao e e tlhomilweng ke balaodi. Mo motlotlong wa letsatsi le letsatsi, lefoko leno le dirisiwa ka tsela ya tshwantshiso jaaka go kwa twe, “maemo a a itekanetseng a bosa.”

Adame le Efa ba bopilwe ba itekanetse mo boitsholong, mo semoyeng le mo mmeleng. Ba ne ba itekanetse go ya ka melao e e tlhomilweng ke Mmopi wa bone. E re ka ba ile ba se ka ba ikobela Modimo, ga ba a ka ba tlhola ba itekanela ka tsela eo mme ba fetisetsa seo le mo baneng ba bone. Ka jalo, Adame ke ene a ileng a dira gore boleo, go sa itekanele le loso di fetele mo bathong botlhe.—Bar. 5:12.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhalosa sentle mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng gore tota le batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go itekanela ka selekanyo se se rileng. Mo therong eo, o ne a tlhoma melao e e tlhalosang go itekanela, kgotsa lorato lo lo itekanetseng. Lorato lono lo tshwana le lo Modimo a lo bontshang batho. Jesu o ne a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Math. 5:44, 45) Fa barutwa ba ga Jesu ba bontsha lorato ka tsela eo, ba tla bo ba etsa sekao se se itekanetseng sa Modimo.

Gompieno Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba leka ka natla go nna ba bontsha ba bangwe lorato lwa mofuta oo. Ba batla go thusa batho ba mefuta yotlhe, ditso le madumedi otlhe gore ba nne le kitso ya boammaaruri ya Baebele. Gone jaanong, Basupi ba tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang ba ba fetang 7 000 000, mo dinageng di le 236.

Jesu o ne a botsa jaana: “Gonne fa lo rata ba ba lo ratang, lo na le maduo afe? A bakgethisi le bone ga ba dire sone seo? Mme fa lo dumedisa bakaulengwe ba lona fela, ke eng se se sa tlwaelegang se lo se dirang? A batho ba ditšhaba le bone ga ba dire sone seo?” (Math. 5:46, 47) Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhaole batho go ya ka thutego ya bone kgotsa gore ke ba lotso lofe; e bile ga ba rate fela batho ba le bone ba tla ba ratang. Go na le moo, ba thusa bahumanegi le batho ba ba lwalang, basha le bagodi. Fa Bakeresete ba dira jalo, ba etsa lorato lwa ga Jehofa mme ba itekanela ka selekanyo se se rileng.

A re tla tsamaya re ipelela boitekanelo jo Adame a bo latlhileng? Ee, fa batho ba ba boikobo ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu ba tla itekanela ka botlalo mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete fa ‘Morwa Modimo a senya ditiro tsa ga Diabolo.’—1 Joh. 3:8.