Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—lo Ikaeletse Eng mo Botshelong?

Basha—lo Ikaeletse Eng mo Botshelong?

 Basha—lo Ikaeletse Eng mo Botshelong?

“Tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo.”—1 BAKOR. 9:26.

1, 2. Gore o atlege fa o ntse o gola o tshwanetse go dira eng?

FA O tlile go tsaya loeto mo tseleng e o sa e tlwaelang, gongwe o ka batla go tsamaya o tshotse mmapa le khampase. Mmapa o tla go thusa go bona gore o fa kae le gore o swetse gore o tla tsaya tsela efe. Khampase yone e tla go thusa gore o tsamaye mo tseleng e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, mmapa le khampase di ka se go thuse ka sepe fa o sa itse gore o ya kae. Gore o se ka wa kgarakgatshega, o tla tshwanelwa ke go itse gore tota o ya kae.

2 O lebane le boemo jo bo tshwanang fa o ntse o gola. O na le mmapa o o ikanyegang le khampase. Baebele ke mmapa o o ka go thusang gore o itse gore o tlhophe tsela efe. (Dia. 3:5, 6) Fa segakolodi sa gago se thapisitswe sentle, se ka go thusa thata gore o nne o tsamaya mo tseleng e e siameng. (Bar. 2:15) Se ka nna jaaka khampase. Le fa go ntse jalo, gore o atlege mo botshelong o tshwanetse go itse gore o ya kae. O tshwanetse go ipeela mekgele ya semoya.

3. Ke melemo efe ya go nna le mekgele e Paulo a buang ka yone mo go 1 Bakorintha 9:26?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a sobokanya melemo ya go itlhomela mekgele le go leka go e fitlhelela fa a ne a kwala jaana: “Tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo.” (1 Bakor. 9:26) Fa o na le mekgele, o ka kgona go siana ka go tlhomamisega. Go ise go ye kae, o tla tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa tse di amanang le kobamelo, tiro, lenyalo le lelapa, fa re bua ka di le mmalwa fela. Ka dinako dingwe, o ka nna wa ikutlwa o tlhakane tlhogo o sa itse gore o tlhophe eng. Mme fa o ka rulaganya loeto lwa gago go sa le gale, o thaya ditshwetso tse o di dirang mo dithutong tsa boammaaruri le mo melaometheong e e mo Lefokong la Modimo, ga o kitla o raelesega go tsaya tsela e e phoso.—2 Tim. 4:4, 5.

4, 5. (a) Go ka direga eng fa o sa ipeele mekgele? (b) Ke eng fa dilo tse o di tlhophang di tshwanetse go laolwa ke go bo o batla go itumedisa Modimo?

4 Fa o sa ipeele mekgele, balekane ba gago le barutisi ba ka nna ba go tlhotlheletsa gore o dire se bone ba akanyang gore se go siametse. Gone ke boammaaruri gore le fa o ipeetse mekgele e e rileng, bangwe ba sa ntse ba ka go tlela ka dikakanyo tsa bone. Fa o ntse o reeditse dikakantsho tsa bone ipotse, ‘A mekgele e ba buang ka yone e tla nthusa go gakologelwa Mmopi wa me ke sa ntse ke le mosha kgotsa e tla ntitaya tsebe gore ke se ka ka kgona go dira seo?’—Bala Moreri 12:1.

5 Ke eng fa ditshwetso tse o di dirang mo botshelong di tshwanetse go kaelwa ke go bo o batla go itumedisa Modimo? Lengwe la mabaka ke gore Jehofa o re neile dilo tsotlhe tse di molemo tse re nang le tsone. (Jak. 1:17) Boammaaruri ke gore, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go anaanela melemo yotlhe e Jehofa a re direlang yone. (Tshen. 4:11) Ruri tsela e e molemolemo e o ka bontshang kanaanelo eo ka yone ke ka go nna o akantse ka ene fa o ipeela mekgele. Mma re sekasekeng gore ke mekgele efe e e tla go solegelang molemo fa o ka e fitlhelela le se o tshwanetseng go se dira gore o e fitlhelele.

O ka Ipeela Mekgele Efe?

6. Mokgele wa konokono o o ka ipeelang one ke ofe, mme ka ntlha yang?

6 Jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng,  mokgele wa konokono o o ka ipeelang one ke gore o itlhatswe pelo gore se Baebele e se rutang se boammaaruri. (Bar. 12:2; 2 Bakor. 13:5) Balekane ba gago ba ka tswa ba dumela thuto ya gore dilo di iphetogela ka botsone go nna tse dingwe kgotsa ba dumela mo dithutong tse dingwe tse di farologaneng tsa bodumedi jwa maaka fela ka gonne ba boleletswe gore ke se ba tshwanetseng go se dumela. Le fa go ntse jalo, wena ga o tlhoke go dumela sengwe fela ka gonne ba bangwe ba se dumela. Gakologelwa, Jehofa o batla gore o mo direle ka mogopolo otlhe wa gago. (Bala Mathaio 22:36, 37.) Rraarona yo o kwa legodimong o batla gore o nonotshe tumelo ya gago ka go tlhomamisega ka se o se dumelang.—Baheb. 11:1.

7, 8. (a) Ke mekgele efe ya nako e khutshwane e e ka go thusang go nonotsha tumelo ya gago? (b) Ke eng se o tla se lemogang fa o ntse o fitlhelela mekgele mengwe ya gago ya nako e khutshwane?

7 Gore o kgone go nonotsha tumelo ya gago, ke eng o sa ipeele mekgele e o ka e fitlhelelang mo nakong e khutshwane? Mongwe wa mekgele eo e ka nna gore o rapele letsatsi le letsatsi. Sengwe se se ka go thusang gore o se ka wa boaboeletsa dithapelo le gore o itse se o batlang go se rapelela ke go ikgakolola kgotsa go kwala dilo dingwe tse di diregileng mo tsamaong ya letsatsi tse o ka batlang go di umaka mo thapelong. Ela tlhoko gore o se ka wa umaka fela mathata a o ileng wa lebana le one mme o umake le dilo tse di go itumedisitseng. (Bafil. 4:6) Mokgele o mongwe ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi. A o ne o itse gore fa o ka bala ditsebe di le nnè ka letsatsi o ka fetsa Baebele yotlhe mo ngwageng o le mongwe fela? * Pesalema 1:1, 2 ya re: ‘Go itumela motho yo o natefelelwang ke molao wa ga Jehofa, a balela molao wa gagwe kwa tlase motshegare le bosigo.’

8 Mokgele wa boraro o o ka o fitlhelelang mo nakong e khutshwane, ke gore o arabe kwa pokanong nngwe le nngwe ya phuthego. Kwa tshimologong, o ka nna wa bala karabo ya gago kgotsa temana. Moragonyana, o ka ipeela mokgele wa gore o arabe ka mafoko a gago. Boammaaruri ke gore nako le nako fa o araba o naya Jehofa  mpho. (Baheb. 13:15) Fa o setse o fitlheletse mengwe ya mekgele eno, tsela e o itshepang ka yone le e o ratang Jehofa ka yone e tla gola, mme jaanong o tla bo o siametse go ipeela mekgele e o tla e fitlhelelang mo isagweng.

9. Fa e le gore ga o ise o nne mmoledi wa Bogosi, o ka ipeela mekgele efe e o ka e fitlhelelang mo isagweng?

9 O ka ipeela mekgele efe e o tla e fitlhelelang mo isagweng? Fa e le gore ga o ise o simolole go rera dikgang tse di molemo phatlalatsa, o ka ipeela mokgele wa go nna mmoledi wa Bogosi. Fa o setse o fitlheletse mokgele ono o mogolo, tlhomamisa gore o rera ka metlha le ka tsela e e nang le matswela mme o se ka wa fetisa kgwedi o sa bega. Gape o ka rata go ithuta go dirisa Baebele fa o le mo bodireding. Ga go pelaelo gore fa o ntse o dira jalo, o tla lemoga gore o itumelela tiro ya go rera go feta pele. Jaanong o ka nna wa oketsa nako e o e dirisang mo tirong ya ntlo le ntlo kgotsa wa leka go tshwara thuto ya Baebele. Fa o le mmoledi yo o sa kolobediwang, ga go mokgele o o molemo o o ka ipeelang one go feta gore o tshwanelegele go kolobediwa le go nna Mosupi yo o ineetseng le yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa Modimo.

10, 11. Basha ba ba kolobeditsweng ba ka ipeela mekgele efe e ba ka e fitlhelelang mo isagweng?

10 Fa e le gore o setse o le motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, mekgele mengwe e o ka lekang go e fitlhelela mo isagweng ke eno. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa rata go thusa diphuthego dingwe go rera kwa tshimong e e berekwang sewelo. Gape o ka nna wa tlhopha go dirisa maatla le botsogo jwa gago jo bo itekanetseng mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang kgotsa jwa ka metlha. Babulatsela ba le diketekete ba ba itumetseng ba ka go bolelela gore tirelo ya nako e e tletseng ke tsela e e molemolemo e o ka gakologelwang Mmopi wa gago ka yone o sa ntse o le mosha. Eno ke mekgele mengwe e o ka e fitlhelelang o sa ntse o nna kwa lapeng. Fa o ka e fitlhelela, phuthego ya gaeno le yone e tla solegelwa molemo fela thata.

11 Mekgele mengwe e o ka e fitlhelelang mo isagweng e ka solegela le diphuthego tse dingwe molemo. Ka sekai, o ka nna wa rulaganya gore o ye go thusa kwa lefelong lengwe kgotsa kwa nageng e nngwe e go nang le tlhokego e kgolwane gone. O ka nna wa rata go thusa mo kagong ya Diholo Tsa Bogosi kgotsa ya makala kwa dinageng tse dingwe. Gongwe o ka rata le go direla kwa legaeng la Bethele kgotsa go nna morongwa. Gone ke boammaaruri gore go kolobediwa ke mokgele wa ntlha wa botlhokwa o o tla tshwanelwang ke go o fitlhelela pele ga o ka fitlhelela bontsi jwa mekgele ya mo isagweng e e umakilweng fano. Fa e le gore ga o ise o kolobediwe, ela tlhoko dilo tse o tshwanetseng go di dira gore o kgone go fitlhelela mokgele ono wa botlhokwatlhokwa.

Go Fitlhelela Mokgele wa go Kolobediwa

12. Bangwe ba kolobediwa ka ntlha ya mabaka afe, mme ke eng fa mabaka ao a sa utlwale?

12 O akanya gore boikaelelo jwa kolobetso ke eng? Bangwe ba ka nna ba akanya gore ke go ba sireletsa gore ba se ka ba leofa. Ba bangwe bone ba batla go kolobediwa fela ka gonne balekane ba bone ba kolobeditswe. Basha bangwe ba kolobediwa gore ba kgatlhe batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, kolobetso ga se kgolagano nngwe e e go thibelang go dira dilo tse o neng o ka rata go di dira mo sephiring; e bile ga o a tshwanela go kolobediwa gonne bangwe ba go gatelela gore o dire jalo. O tshwanetse go kolobediwa fa o setse o tlhaloganya ka botlalo gore go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go akaretsa eng le fa o setse o tlhomamisegile gore o siametse boikarabelo joo e bile o tla bo diragatsa.—Mor. 5:4, 5.

13. Ke eng fa o tshwanetse go kolobediwa?

13 Lengwe la mabaka a go bo o tshwanetse go kolobediwa ke ka gonne Jesu a laetse balatedi ba gagwe gore ba “dire . . . barutwa, [ba] ba kolobetse.” Gape o ile a ba tlhomela sekao ka gore a kolobediwe. (Bala Mathaio 28:19, 20; Mareko 1:9.) Tota e bile, kolobetso ke kgato e e botlhokwa mo go ba ba batlang go bolokiwa. Fa moaposetoloi Petere a sena go umaka go agiwa ga araka e Noa le ba lelapa la gagwe ba ileng ba bolokega mo go yone ka nako ya Morwalela, o ile a re: “Se se tshwanang le seno le sone jaanong se a lo boloka, e leng, kolobetso, . . . ka tsogo ya ga Jesu Keresete.” (1 Pet. 3:20, 21) Le fa go ntse jalo, seno ga  se reye gore kolobetso e tshwana le inshorense e o e duelelang gore e go thuse fa o ka tlhagelwa ke kotsi. Go na le moo, o kolobediwa gonne o rata Jehofa mme o batla go mo direla ka pelo, moya, mogopolo le ka nonofo yotlhe ya gago.—Mar. 12:29, 30.

14. Ke eng fa bangwe ba ka okaoka go kolobediwa, mme o ka tlhomamisega ka eng?

14 Bangwe ba ka nna ba okaoka go kolobediwa ka gonne ba boifa gore ba tla kgaolwa moragonyana. A ke tsela e le wena o ikutlwang ka yone? Tota ga go phoso go ikutlwa jalo. Boikutlo joo bo ka raya gore o tlhaloganya sentle se go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa go se kayang. A go ka tswa go na le lebaka le lengwe? Gongwe ga o ise o tlhatswege pelo gore go tshela ka melao ya Modimo ke tsela e e molemolemo ya botshelo. Fa go le jalo, go akanya ka diphelelo tse di nnang teng fa batho ba tlhokomologa melao ya Baebele, go ka go thusa gore o dire tshwetso. Gongwe o rata melao ya Modimo mme ga o itshepe gore o ka kgona go tshela ka yone. Totatota, joo ke boikutlo jo bo siameng, ka gonne bo bontsha gore o ikokobeditse. Kana gone, Baebele ya re dipelo tsa batho botlhe ba ba sa itekanelang di boferefere. (Jer. 17:9) Le fa go ntse jalo, o ka atlega fa o nna o ‘itebeletse kafa lefokong la Modimo.’ (Bala Pesalema 119:9.) Le fa mabaka e ka tswa e le afe a go bo o okaoka go kolobediwa, o tshwanetse go dira sengwe ka gone le ka dilo dingwe tse o amegileng ka tsone. *

15, 16. O ka itse jang gore o setse o siametse go kolobediwa?

15 Mme gone, o ka itse jang gore o setse o siametse go kolobediwa? Tsela e nngwe ke ka go ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘A nka kgona go tlhalosetsa ba bangwe dithuto tsa motheo tsa Baebele? A ke nna le seabe mo bodireding le fa batsadi ba me ba seyo? A ke leka ka natla go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete? A ke gopola makgetlho a a rileng a mo go one ke ileng ka kgona go fenya kgatelelo ya balekane? A ke tla tswelela ke direla Jehofa le fa batsadi ba me le ditsala tsa me di ka tlogela go mo direla? A ke rapeletse kamano ya me le Modimo? Mme a tota ke ineetse ka pelo yotlhe mo go Jehofa ka thapelo?’

16 Kolobetso ke kgato e e fetolang botshelo, e e sa tshwanelang go tsewa motlhofo. A o setse o godile sentle mo o ka akanyang thata ka go tsaya kgato eno? Go gola sentle ga go reye fela go kgona go neela dipuo tse di monate kwa seraleng kgotsa go araba ka tsela e e kgatlhang kwa dipokanong. Go raya gore o kgona go dira ditshwetso o ikaegile ka se o ithutileng sone mo melaometheong ya Baebele. (Bala Bahebera 5:14.) Fa e le gore o setse o le mo seemong seo, jaanong o letetswe ke tshiamelo e kgolo go di gaisa tsotlhe—ya go direla Jehofa ka pelo yotlhe le go tshela ka tsela e e bontshang gore ruri o ineetse mo go ene.

17. Ke eng se se tla go thusang gore o kgone go fenya diteko tse o ka lebanang le tsone fa o sena go kolobediwa?

17 Fela fa o sena go kolobediwa o ka nna wa  ikutlwa o na le tlhagafalo e kgolo ya go direla Modimo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o ka nna wa lebana le diteko tse di tla go lekang tumelo le tse di tla bontshang gore o nitame go le kana kang. (2 Tim. 3:12) O se ka wa akanya gore o tshwanetse go lebana le diteko tseno o le nosi. Senka kgakololo ya batsadi. Kopa thuso mo bathong ba ba godileng semoyeng mo phuthegong. Tswelela o tsalane le batho ba ba tla go emang nokeng. Le ka motlha se lebale gore Jehofa o a go kgathalela mme o tla go naya nonofo e o e tlhokang gore o kgone go lebana le maemo le fa e ka nna afe a a ka tlhagang.—1 Pet. 5:6, 7.

O ka Fitlhelela Jang Mekgele ya Gago?

18, 19. Go sekaseka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago go ka go solegela molemo jang?

18 Le fa o ka tswa o na le maitlhomo a a siameng go le kana kang, a o bona e kete ga o na nako e e lekaneng ya go dira se o batlang go se dira kgotsa se o tshwanetseng go se dira? Fa go le jalo, o tshwanetse go sekaseka gore ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa gago. Go tshwantsha: Tsaya kgamelo ya polasetiki o bo o tsenya maje a sekae a magolo mo teng ga yone. Go tswa foo, e tlatse ka motlhaba. Jaanong kgamelo ya gago e tletse ka maje le motlhaba. Tsholola motlhaba le maje ao mme o se ka wa di latlha. Jaanong, tlatsa kgamelo ka motlhaba pele mme o bo o leka go tsenya maje mo teng ga kgamelo. A ga a lekane? Seno ke ka gonne o tsentse motlhaba pele mo kgamelong.

19 Go ntse fela jalo le ka tsela e o dirisang nako ya gago ka yone. Fa o dira gore dilo tse di jaaka boitlosobodutu di tle pele, ga o kitla o nna le nako e e lekaneng ya go dira dilo tsa botlhokwa—dilo tsa semoya. Mme fa o latela kgakololo ya Baebele ya go ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata,’ o tla fitlhela o na le nako ya dilo tse di direlwang Bogosi le ya go itapolosa go se kae.—Bafil. 1:10.

20. Fa o ikutlwa o tlhobaela kgotsa o na le dipelaelo fa o ntse o leka go fitlhelela mekgele ya gago, o tshwanetse go dira eng?

20 Fa o ntse o kgaratlhela go fitlhelela mekgele ya gago, go akaretsa le go kolobediwa, ka dinako tse dingwe o ka nna wa ikutlwa o tlhobaela kgotsa o na le dipelaelo. Fa o ikutlwa jalo, “latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa mme ene o tla go tshegetsa.” (Pes. 55:22) Gone jaanong, o na le tshono ya go nna le seabe mo tirong e e kgatlhang thata le e e botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa motho, tiro ya lefatshe lotlhe ya go rera le go ruta. (Dit. 1:8) O ka tlhopha go nna mmogedi mme o bogele ba bangwe ba dira tiro eno. Kgotsa o ka nna le seabe mo go yone. O se ka wa ikgogona mo go diriseng bokgoni jwa gago go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Ga o kitla o ikwatlhaela go direla “Mmopi wa gago mo bosheng jwa gago.”—Mor. 12:1, New International Version.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 2009, tsebe 15-18.

^ ser. 14 Go bona thuso mo kgannyeng eno, bona buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, Bolumo 2 kgaolo 34.

O ka Araba Jang?

• Ke eng fa o tshwanetse go ipeela mekgele?

• Mekgele mengwe e motho a ka ratang go e fitlhelela ke efe?

• O tshwanetse go dira eng gore o fitlhelele mokgele wa go kolobediwa?

• Go sekaseka dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago go ka go thusa jang gore o fitlhelele mekgele e o ipeetseng yone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A o na le mokgele wa go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke eng se se tla go thusang go fitlhelela mokgele wa gore o kolobediwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

O ithuta thuto efe mo setshwantshong seno?