Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Ka se Ithutang mo Pegong ya go Tsholwa ga ga Jesu

Se re Ka se Ithutang mo Pegong ya go Tsholwa ga ga Jesu

Se re Ka se Ithutang mo Pegong ya go Tsholwa ga ga Jesu

DIMILIONE tsa batho di kgatlhwa ke ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga ga Jesu. Re ka bona seno mo ditshwantshong tse dintsintsi tsa Botsalo Jwa Morena tse di bontshiwang le diterama tsa Botsalo Jwa Morena tse di tshamekiwang go dikologa lefatshe ka nako ya Keresemose. Le mororo ditiragalo tse di amanang le go tsholwa ga ga Jesu di kgatlha batho, boikaelelo jwa go kwalwa ga tsone mo Baebeleng e ne e se gore di tlose batho bodutu. Go na le moo, ke karolo ya Dikwalo tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo gore di rute batho le go tlhamalatsa dilo.—2 Timotheo 3:16.

Fa Modimo a ne a batlile gore Bakeresete ba keteke botsalo jwa ga Jesu, Baebele e ne e tla naya letlha le le tlhomameng. A mme e a le naya? Fa mokanoki mongwe wa Baebele wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Albert Barnes a sena go umaka gore Jesu o tshotswe ka nako ya fa badisa ba ne ba le kwa nageng bosigo ba disitse matsomane a bone, o ne a konela jaana: “Go ya ka seno go bonala sentle gore Mmoloki wa rona o tshotswe pele ga December 25 . . . Ka nako eo go a bo go le tsididi, segolobogolo kwa dikarolong tse di kwa godimo tsa dithaba gaufi le Bethelehema. Modimo ga a a senola nako ya go tsholwa ga ga [Jesu]. . . . E bile go ne go se botlhokwa gore nako eo e itsiwe; fa go ne go le botlhokwa, Modimo o ka bo a ile a dira gore rekoto ya yone e nne e le teng.”

Go farologana le seo, bakwadi ba banè ba Diefangele ba re itsise sentle gore Jesu o sule ka letsatsi lefe. E ne e le ka letsatsi la Tlolaganyo, le le neng la tshwarwa ka letsatsi la bo14 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane, ka dikgakologo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe ka tlhamalalo gore ba keteke letsatsi leo go mo gopola. (Luke 22:19) Baebele ga e na taelo epe e e ntseng jalo ya gore re keteke letsatsi la go tsholwa ga ga Jesu, le fa e le la go tsholwa ga motho ope fela. Ka maswabi, dikganetsano tse di malebana le letlha la go tsholwa ga ga Jesu di ka sira ditiragalo tse di botlhokwa thata tse di diragetseng mo e ka nnang ka nako eo.

Batsadi ba ba Tlhophilweng ke Modimo

Modimo o ile a tlhopha batsadi ba ba ntseng jang mo gare ga malapa a a diketekete a Baiseraele gore ba godise Morwawe? A o ne A tsaya dilo tse di jaaka maemo le dikhumo di le botlhokwa? Nnyaa. Mo boemong jwa seo, Jehofa o ne a leba dinonofo tsa semoya tsa batsadi bao. Sekaseka pina ya ga Marea ya pako e e kwadilweng mo go Luke 1:46-55, e a neng a e opela fa a sena go bolelelwa ka tshiamelo ya gore o tla nna mmaagwe Mesia. Gareng ga dilo tse dingwe, o ne a re: “Moya wa me o godisa Jehofa . . . ka gonne o lebile boemo jo bo kwa tlase jwa lelata la gagwe.” Ka boikokobetso o ne a itsaya e le motho wa “boemo jo bo kwa tlase,” e le lelata la ga Jehofa. Se se botlhokwa le go feta, mafoko a mantle a pako a pina ya ga Marea a supa gore e ne e le motho yo o ratang dilo tsa semoya yo o neng a itse Dikwalo sentle. Le fa e ne e le setlogolwana sa ga Adame se se nang le boleo, e ne e le ene motho yo o tshwanelang sentle gore a ka tlhophiwa go nna mmè wa mo lefatsheng wa Morwa Modimo.

Go tweng ka monna wa ga Marea, yo o neng a nna rre yo o godisitseng Jesu? Josefa e ne e le monna yo o neng a itse go betla. E re ka a ne a dira ka natla, o ne a kgona go tlamela lelapa la gagwe le kgabagare le neng la nna le bana ba basimane ba le batlhano le ba basetsana ba ka nna babedi. (Mathaio 13:55, 56) Josefa o ne a sa huma. Fa Marea a ne a tshwanelwa ke go tlisa morwawe wa leitibolo kwa tempeleng ya Modimo, Josefa o tshwanetse a bo ile a utlwa botlhoko ka go bo a ne a sa kgone go ntsha setlhabelo sa nku. Mo boemong jwa moo, ba ne ba tshwanelwa ke go dirisa thulaganyo e e neng e diretswe batho ba ba humanegileng. Molao wa Modimo o ne o bolela jaana malebana le mmè yo o sa tswang go tshola morwa wa leitibolo: “Fa a sa kgone mo go lekaneng go ka bona nku, foo a a tseye maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi a mannye, le lengwe e le la tshupelo e e fisiwang mme le lengwe e le la tshupelo ya boleo, mme moperesiti a mo direle tetlanyo, mme a itsheke.”—Lefitiko 12:8; Luke 2:22-24.

Baebele ya re Josefa ‘o ne a siame.’ (Mathaio 1:19) Ka sekai, ga a ka a tlhakanela dikobo le mosadi wa gagwe wa lekgarebana go fitlha Jesu a sena go tsholwa. Seno se ne sa thusa gore go se ka ga nna le tlhakatlhakano malebana le gore tota Rraagwe Jesu ke mang. Go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo gore batho ba babedi ba ba sa tswang go nyalana ba ithibe mo go tlhakaneleng dikobo mme ba nna mmogo, mme seo se ne se bontsha gore ka bobedi jwa bone ba ne ba anaanela tshiamelo ya go tlhophiwa gore ba godise Morwa Modimo.—Mathaio 1:24, 25.

Josefa le ene e ne e le motho yo o ratang dilo tsa semoya fela jaaka Marea. Ngwaga le ngwaga o ne a emisa tiro ya gagwe a bo a tsaya mosepele wa malatsi a mararo le lelapa la gagwe go tswa Nasaretha go ya moletlong wa ngwaga le ngwaga wa Tlolaganyo kwa Jerusalema. (Luke 2:41) Gape Josefa o tshwanetse a bo a ile a thapisa Jesu yo mmotlana go dira kafa mokgweng wa beke le beke wa go nna le seabe mo kobamelong kwa sinagogeng ya lefelo la bone, kwa go neng go balwa Lefoko la Modimo le bo le tlhalosiwa. (Luke 2:51; 4:16) Ka jalo, ga go na pelaelo gore Modimo o ne a tlhophela Morwawe mmè yo o tshwanetseng wa mo lefatsheng le rre yo o neng a tla mo godisa.

Badisa ba Maemo a a Kwa Tlase ba Bona Masego a Magolo

Josefa o ne a tsaya mosepele go ya kwa motseng wa bagologolwane ba gagwe go ya go ikwadisa kafa molaong o o ntshitsweng ke Kaesara, le fa go ne go le thata mo mosading wa gagwe yo o neng a setse a na le dikgwedi di le robongwe a imile. Fa banyalani bano ba fitlha kwa Bethelehema, ga ba a ka ba kgona go bona lefelo le ba ka nnang mo go lone mo motseng o o neng o tletse batho. Ka jalo maemo a ne a ba pateletsa gore ba dirise setale, kwa Jesu a neng a tsholelwa gone a bo a robadiwa mo bojelong jwa diruiwa. Jehofa o ne a nonotsha tumelo ya batsadi bano ba ba ikokobeditseng ka go ba tlhomamisetsa gore ruri go tsholwa ga ngwana yono e ne le go rata ga Modimo. A o ne a roma banna ba bagolo ba maemo a a kwa godimo go tswa kwa Bethelehema go ya go tlhomamisetsa banyalani bano ka seo? Nnyaa. Mo boemong jwa moo, Jehofa Modimo o ne a senola kgang eno a e senolela badisa ba ba dirang ka natla ba ba neng ba le kwa nageng bosigo ba disitse matsomane a bone.

Moengele wa Modimo o ne a bonala kwa go bone mme a ba bolelela gore ba ye Bethelehema, kwa ba neng ba tla fitlhela Mesia yo o sa tswang go tsholwa a “letse mo bojelong jwa diruiwa.” A banna bano ba maemo a a kwa tlase ba ne ba tshogile kana ba tlhabisitswe ditlhong ke go utlwa gore Mesia yo o sa tswang go tsholwa o ne a le mo setaleng? Le e seng! Kwantle ga go diega ba ne ba tlogela matsomane a bone mme ba ya Bethelehema. Fa ba sena go bona Jesu, ba ne ba tlhalosetsa Josefa le Marea se moengele wa Modimo a neng a se buile. Ga go pelaelo gore seno se ne sa nonotsha tumelo ya banyalani bano ya gore dilo tsotlhe di direga ka tsela e Modimo a neng a ikaeletse gore di direge ka yone. “Badisa [bone ba ne] ba boela morago, ba galaletsa e bile ba baka Modimo ka ntlha ya dilo tsotlhe tse ba neng ba di utlwa ba bo ba di bona.” (Luke 2:8-20) Ee, Jehofa o ne a dirile tshwetso e e siameng ka go senolela badisa ba ba boifang Modimo dikgang tseno.

Go ya ka se se fa godimo, re ithuta gore re tshwanetse go nna batho ba ba ntseng jang gore re amogelwe ke Jehofa. Ga re tlhoke go batla go nna le maemo kana dikhumo. Mo boemong jwa seo, jaaka Josefa, Marea le badisa, re tshwanetse go utlwa Modimo le go supa kafa re mo ratang ka teng ka go dira gore dilo tsa semoya di tle pele ga tse di bonalang. Ee ruri, go na le dithuto tse di molemo tse re ka di ithutang ka go tlhatlhanya ka pego e e kwadilweng ya dilo tse di neng tsa diragala mo e ka nnang ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go ntsha maphoi a mabedi ga ga Marea go supa eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Modimo o ne a tlhopha go senolela badisa ba le mmalwa ba maemo a a kwa tlase ka go tsholwa ga ga Jesu