Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bamasora ba ne ba kwalolola Dikwalo ka kelotlhoko

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAEBELE—KAFA E FALOTSENG KA GONE

Baebele e Falotse go Fetolwa ga Molaetsa wa Yone

Baebele e Falotse go Fetolwa ga Molaetsa wa Yone

BOTHATA: Mathata a a jaaka go onala le go ganediwa ga a ka a nyeletsa Baebele. Le fa go ntse jalo, bakwalolodi le baranodi bangwe ba lekile go fetola molaetsa wa Baebele. Ka dinako dingwe, ba ne ba leka go dira gore Baebele e dumalane le dithuto tsa bone go na le go dira gore dithuto tsa bone di dumalane le Baebele. Akanya ka dikai tseno:

  • Lefelo la kobamelo: Mo magareng a lekgolo la bonè le la bobedi la dingwaga B.C.E., bakwadi ba dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele tsa Sesamaria ba ne ba oketsa Ekesodo 20:17 ka mafoko a a reng “kwa Aargaareezem. Mme o tla aga sebeso sa gago koo.” Basamaria ba ne ba batla go dira gore Dikwalo di tshegetse tiro ya bone ya go aga tempele kwa “Aargaareezem” kgotsa Thaba ya Gerisime.

  • Thuto ya tharonngwe: Dingwaga tse di kafa tlase ga 300 morago ga gore Baebele e wediwe, mokwadi mongwe yo o dumelang thuto ya Tharonngwe o ne a oketsa 1 Johane 5:7 ka mafoko a a reng “kwa legodimong Rara, Lefoko le Moya o o Boitshepo: boraro jono ke modimo a le mongwe.” Mafoko ao ga a yo mo mekwalong ya ntlhantlha. Moithuti mongwe wa Baebele e bong Bruce Metzger a re: “Go tloga ka lekgolo la borataro la dingwaga go ya pele, mafoko ao a ne a tlhaga gantsi mo mekwalong ya seatla ya Selatine sa Bogologolo le sa Vulgate.”

  • Leina la Modimo: E re ka baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ne ba re ba kaelwa ke ditlhamane tsa Sejuda, ba ne ba ntsha leina la Modimo mo Dibaebeleng. Ba ne ba emisetsa leina leo ka direto tse di jaaka “Modimo” kgotsa “Morena,” mareo a a dirisiwang mo Baebeleng fa go buiwa ka Mmopi, batho, dilo tsa kobamelo ya maaka le e leng Diabolo.—Johane 10:34, 35; 1 Bakorintha 8:5, 6; 2 Bakorintha 4:4. *

BAEBELE E FALOTSE JANG?: Sa ntlha, le fa bakwalolodi bangwe ba Baebele ba ne ba sa tseye matsapa kgotsa ba tsietsa, ba bangwe ba bantsi e ne e le ditswerere e bile ba le kelotlhoko. Mo magareng a lekgolo la borataro le la bosome la dingwaga C.E., bakwadi ba Masora ba ne ba kwalolola Dikwalo Tsa Sehebera mme ba dira se se bidiwang mokwalo wa Sesora. Pego ya re ba ne ba bala palo ya mafoko le ditlhaka go tlhomamisa gore ga ba dire diphoso. Fa ba akanya gore go dirilwe phoso mo ba kwalololang gone, ba ne ba e kwala kwa thoko. Bamasora ba ne ba sa batle go fetola mokwalo wa Baebele. Porofesa Moshe Goshen-Gottstein o ne a kwala jaana: “Go ya ka bone, go e fetola ka boomo e ne e ka nna tlolomolao e kgolo.”

Sa bobedi, gompieno mekwalo e mentsi ya seatla e thusa baithuti ba Baebele go lemoga diphoso. Ka sekai, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ruta ka dingwagangwaga gore mekwalo ya bone ya Selatine e na le mafoko a a kwalolotsweng jaaka a ntse mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba itsenyeditse mafoko a e seng one mo go 1 Johane 5:7 e go builweng ka yone pelenyana mo setlhogong seno. Phoso eo e ile ya bo ya kwalwa mo Baebeleng e e tlwaelegileng ya Seesemane ya King James Version! Mme go ne ga lemogiwa eng fa mekwalo mengwe ya seatla e sena go bonwa? Bruce Metzger o ne a kwala jaana: “Mafoko ao [a a mo go 1 Johane 5:7] ga a yo mo mekwalong yotlhe ya seatla ya bogologolo (Sesiria, Se-Coptic, Se-Armenia, Se-Ethiopia, Searabia, Se-Slavonic), kwantle ga Selatine.” Seo se dirile gore Dibaebele tse di tlhabolotsweng tsa King James Version le Dibaebele tse dingwe di ntshe mafoko ao a a itsenyeditsweng.

Chester Beatty P46, Baebele ya mokwalo wa seatla o o kwadilweng mo papiraseng mo e ka nnang ka 200 C.E.

A mekwalo ya seatla ya bogologolo e bontsha gore molaetsa wa Baebele ga o a fetoga? Fa go sena go bonwa Memeno ya Lewatle le le Suleng ka 1947, baithuti ba ne ba kgona go bapisa mokwalo wa Sehebera wa Bamasora le memeno ya Baebele e e neng e kwadilwe dingwaga di feta sekete pelenyana. Mongwe wa batho ba ba neng ba kwala ka Memeno ya Lewatle le le Suleng, o ne a swetsa ka gore momeno o le mongwe “o re naya bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore go kwalololwa ga mekwalo ya Baebele mo dingwageng di feta sekete, go bontshitse gore bakwalolodi ba Bajuda ba ne ba ikanyega e bile ba le kelotlhoko.”

Laeborari ya Chester Beatty kwa Dublin kwa Ireland, e na le dipapirase tsa mo e batlang e le dibuka tsotlhe tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di akaretsang mekwalo ya seatla e e kwadilweng mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.—dingwaga di le 100 Baebele e sena go wediwa. The Anchor Bible Dictionary ya re “le fa mokwalo wa dipapirase o na le tshedimosetso e ntsi e ntšha, o bontsha gore molaetsa wa Baebele one ga o a fetoga fa o ntse o kwalololwa ka dingwagangwaga.”

“Re ka bua re tlhomamisegile gore ga go tiro epe ya bogologolo e e kileng ya dirwa ka nepo jaana”

DIPHELELO: Mekwalo ya Baebele ya seatla e mentsi e go fetileng dingwagangwaga e le gone, e tlhomamisitse gore molaetsa wa Baebele o boammaaruri go na le go o fetola. Sir Frederic Kenyon o ne a kwala jaana ka Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika: “Ga go na buka epe ya bogologolo e e nang le bosupi jo bontsi jaana jwa bosheng jo bo bontshang gore e boammaaruri e bile ga go moithuti ope yo o ka se dumalaneng le gore mekwalo ya yone e sa ntse e siame.” Moithuti William Henry Green ene o ne a bua jaana ka Dikwalo Tsa Sehebera: “Re ka bua re tlhomamisegile gore ga go tiro epe ya bogologolo e e kileng ya dirwa ka nepo jaana.”

^ ser. 6 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona Appendix A4 le A5 mo Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Seesemane, e e leng gone mo www.jw.org.