Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAPALAMI BA DIPITSE TSE NNÊ—BA GO AMA JANG?

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê le Wena

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê le Wena

Di taboga ka lobelo logolo e bile modumo wa ditlhakwana tsa tsone o utlwalela kwa godimo. Fa o bala ka dipitse tseno tse nnê le bapalami ba tsone, go nna jaaka e kete o a di bona! Pitse ya ntlha e tshweu, mopalami wa yone ke kgosi e e sa tswang go tlhomiwa. Pitse ya bobedi e khibidu, mopalami wa yone o tlosa kagiso mo lefatsheng. Pitse ya boraro e bontsho jo bo tseneletseng, mopalami wa yone o tshotse sekale a na le molaetsa o o botlhoko o o malebana le tlhaelo ya dijo. Pitse ya bonê e tshetlha, e tshotse malwetse a a kotsi le a a bolayang e bile mopalami wa yone ke Loso. Mme e setswe morago ke Lebitla le le tlang le olela batho ba ba suleng.—Tshenolo 6:1-8.

“La ntlha fa ke bala ka dipitse tseno tse nnê, ke ne ke tshogile. Ke ne ke tsaya gore Letsatsi la Katlholo le gorogile mme ke ne ke sa tle go falola ka gonne ke sa le ipaakanyetsa.”—Crystal.

“Bapalami ba dipitse tse nnê tsa mebala e e farologaneng ba ne ba nkgatlha fela thata. Ke ne ke itumetse fa ke sena go tlhaloganya gore ponatshegelo eno e kaya eng.”—Ed.

A le wena o ikutlwa ka tsela e Crystal a ikutlwang ka yone ka bapalami ba dipitse tse nnê tse buka ya Baebele ya Tshenolo e buang ka tsone? Kgotsa a o ikutlwa jaaka Ed? Go sa kgathalesege gore o ikutlwa jang, pego eno ke nngwe ya dipego tse di itsegeng thata mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. A o ne o itse gore go tlhaloganya ponatshegelo eno go ka go thusa fela thata? Jang? Modimo o go solofetsa gore o ka itumelela botshelo fa o ka bala, wa ithuta le go tshela go ya ka dilo tse di kwadilweng mo bukeng eno e e buang ka boporofeti.—Tshenolo 1:1-3.

Le fa ponatshegelo eno ya bapalami ba dipitse tse nnê e tshosa batho ba bangwe, yone ga e a direlwa go go tshosa. Tota e bile, ponatshegelo eno e nonotsha tumelo ya batho ba le bantsi e bile e ba naya tsholofelo ya se se tla diregang mo nakong e e tlang. Le wena ponatshegelo eno e ka go thusa! Tsweetswee bala ditlhogo tse di latelang.