Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | BAPALAMI BA DIPITSE TSE NNÊ—BA GO AMA JANG?

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Bapalami ba dipitse tse nnê ba ka tswa ba lebega e le masaitsiweng kgotsa ba ka tswa ba tshosa mme gone ga re a tshwanela go ikutlwa jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne ditiragalo tsa lefatshe le Baebele di re thusa go itse gore bapalami bano ba emela eng. Le fa bapalami bano ba tlisa masetlapelo mo lefatsheng, ba ka kgona go re thusa mmogo le ba malapa a rona. Jang? Sa ntlha, a re tlhalose gore bapalami ba dipitse tseno ba emela eng.

MOPALAMI WA PITSE E TSHWEU

Ponatshegelo eno e simolola jaana: “Ka leba, mme, bona! pitse e tshweu; mme yo o e pagameng o ne a tshotse bora; a newa serwalo, mme a tsamaya a fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.”—Tshenolo 6:2.

Mopalami wa pitse e tshweu ke mang? Buka ya Baebele ya Tshenolo e tlhalosa mopalami yono yo o kwa legodimong e re ke “Lefoko la Modimo.” (Tshenolo 19:11-13) Jesu Keresete ke ene a bidiwang Lefoko ka gonne ke mmueledi wa Modimo. (Johane 1:1, 14) Gape o bidiwa “Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena” e bile Baebele ya re o a “Ikanyega e bile o Boammaaruri.” (Tshenolo 19:11, 16) Go a bonala gore o neilwe maatla a go nna kgosi le motlhabani e bile ga a dirise maatla a gagwe ka tsela e e sa siamang. Mme go na le dipotso tse re tlhokang go di araba.

Ke mang yo o neileng Jesu maatla a gore a fenye? (Tshenolo 6:2) Moporofeti Daniele o ne a bona ponatshegelo e mo go yone Mesia yo o neng a tshwantshediwa ke “morwa motho” a neng a newa “bobusi le seriti le bogosi” ke “Mogologolo wa Malatsi” e bong Jehofa Modimo. * (Daniele 7:13, 14) Ka jalo, Modimo Mothatayotlhe ke ene a nayang Jesu maatla le tshwanelo ya go busa le go atlhola. Mmala wa pitse eno o bontsha gore ntwa e Morwa Modimo a e lwang e siame ka gonne gantsi mo Baebeleng mmala o mosweu o tshwantshetsa tshiamiso.—Tshenolo 3:4; 7:9, 13, 14.

Banna bano ba simolotse leng go palama dipitse tsa bone? O tla lemoga gore mopalami wa ntlha e bong Jesu, o simolotse go palama pitse ya gagwe fa a sena go nna kgosi. (Tshenolo 6:2) Jesu o tlhomilwe leng go nna Kgosi kwa legodimong? Seno ga se a ka sa direga fa a boela kwa legodimong. Baebele ya re o ne a tshwanelwa ke go leta. (Bahebera 10:12, 13) Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore ba tla bona jang gore nako eo ya go leta e fedile le gore jaanong o ne a simolotse go busa kwa legodimong. O ne a ba bolelela gore fa a simolola go busa, ditiragalo tsa lefatshe di ne di tla nnela maswe le go feta. Go ne go tla nna le dintwa, tlhaelo ya dijo le malwetse a leroborobo. (Mathaio 24:3, 7; Luke 21:10, 11) Fa Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe e simologa ka 1914, go ne ga bonala sentle gore maemo a batho a ne a fetogile gotlhelele, ba ne ba tshela mo nakong e Baebele e e bitsang ‘metlha ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5.

Mme goreng maemo a lefatshe a ile a nnela maswe go ya pele fa e sa le Jesu a tlhomiwa go nna kgosi ka 1914? Ka gonne ka nako eo Jesu o ne a simolola go busa kwa legodimong e seng mo lefatsheng. Baebele ya re go ne ga tsoga ntwa kwa legodimong, Kgosi e e sa tswang go tlhomiwa e bong Jesu, yo gape a bidiwang Mikaele, o ne a latlhela Satane le madimona a gagwe mo lefatsheng. (Tshenolo 12:7-9, 12) E re ka Satane a latlhetswe mo lefatsheng, o galefile tota ka gonne a itse gore ga a a salelwa ke nako e ntsi. Go ise go ye kae, Modimo o tlile go diragatsa thato ya gagwe mo lefatsheng ka go fedisa Satane. (Mathaio 6:10) A jaanong re boneng gore bapalami ba bangwe ba bararo ba ka re thusa jang gore re itse gore re tshela mo “metlheng ya bofelo.” Le fa mopalami wa pitse ya ntlha a emela Jesu, bapalami ba bangwe ba bararo ba emela ditiragalo tsa lefatshe tse di ileng tsa ama matshelo a batho ba le bantsi.

 MOPALAMI WA PITSE E KHIBIDU

“Jaanong ga tswa pitse e nngwe e e bohibidu jwa molelo; yo o e palameng a newa thata ya go tlosa kagiso mo lefatsheng le go dira gore batho ba bolayane; a ba a newa tšhaka e kgolo.”—Tshenolo 6:4, Tswana Central.

Mopalami yono o tshwantshetsa dintwa. Ela tlhoko gore ga a tlose kagiso mo setšhabeng se se rileng fela go na le moo o e tlosa mo lefatsheng lotlhe. Seo se ile sa direga lekgetlo la ntlha ka 1914, fa go ne go runya ntwa e e ileng ya ama lefatshe lotlhe. Morago ga moo, go ile ga latela ntwa e nngwe gape e e ileng ya feta ka matshelo a batho ba le bantsi thata mo lefatsheng lotlhe. Go fopholediwa gore go ile ga swa batho ba feta dimilione di le 100 mo dintweng fa e sa le ka 1914. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba gobala botlhoko thata.

A dintwa di ile tsa fokotsega? Gone jaanong go bonala batho ba ithutile ditsela tse di farologaneng tsa go bolaya batho ba le bantsi ka nako e le nngwe. Tota le mekgatlho e go tweng e tlisa kagiso e e jaaka lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (UN) ga e ise e kgone go emisa mopalami wa pitse e khibidu.

MOPALAMI WA PITSE E NTSHO

“Ka leba, mme, bona! pitse e ntsho; mme yo o e pagameng o ne a tshotse sekale ka seatla. Mme ka utlwa lentswe le e keteng le mo gare ga dibopiwa tse nnè tse di tshelang le re: ‘Kwatara ya korong ke denario, le dikwatara di le tharo tsa barele ke denario; mme o se ka wa senya lookwane lwa motlhware le beine.’”—Tshenolo 6:5, 6.

Mopalami yono o tshwantshetsa leuba. Baebele e tlhalosa tsela e dijo di tla turang ka yone fa e re dikilogerama di le 0,7 tsa korong di tla ja denario e le nngwe e mo metlheng ya Baebele motho a neng a e newa fa a berekile letsatsi lotlhe. (Mathaio 20:2) Gape denario eo e ne e kgona go reka dikilogerama di le 2,1 tsa barele e boleng jwa yone bo leng kwa tlase fa bo bapisiwa le jwa korong. Selekanyo seo sa dijo se ne se sa lekana go tlamela lelapa le legolo. Go tswa foo, batho ba tlhagisiwa gore ba somarele, tota le dijo tsa letsatsi le letsatsi tsa nako eo tse di jaaka oli ya motlhware le beine.

Fa e sa le ka 1914, go na le bosupi jwa gore pitse eno e ntsho e ntse e taboga ka lobelo lo logolo ka gonne batho ba ka nna dimilione di le 70 ba ile ba bolawa ke leuba fa e sa le go tloga ka nako eo. Pego nngwe ya re: “Go simologa ka 2012-2014, batho ba le dimilione di le 805 ba ne ba lwala thata ka ntlha ya go sa je dijo tse di nang le dikotla.” Pego e nngwe ya re: “Palo ya batho ba ba ileng ba swa ka ntlha ya tlala e kwa godimo thata fa e bapisiwa le ya ba ba ileng ba bolawa ke AIDS, malaria le TB di kopane.”Le fa go na le maiteko a a dirwang go thusa batho ba ba se nang dijo, pitse e ntsho e ntse e taboga ka lobelo lo logolo.

MOPALAMI WA PITSE E TSHETLHA

“Ka leba, mme, bona! pitse e tshetlha; mme leina la yo o e pagameng e ne e le Loso. [Lebitla kgotsa] Hadese e ne e mo setse morago e le gaufi thata. Mme ba ne ba newa taolo godimo ga karolo ya bonè ya lefatshe, gore ba bolaye ka tšhaka e telele le ka tlhaelo ya dijo le ka sebetso se se bolayang le ka dibatana tsa naga.”—Tshenolo 6:8.

Mopalami wa pitse ya bonê o tshwantshetsa loso lo lo bakwang ke malwetse a leroborobo le dilo tse dingwe. Morago ga 1914, batho ba le dimilione di le masomesome ba ne ba bolawa ke Spanish flu. Bolwetse joo bo ile jwa tshwara batho ba ka nna dimilione di le 500 ka nako eo, seo se raya gore motho a le mongwe mo go ba le bararo o ne a tshwerwe ke bolwetse joo.

Mme go ne go na le malwetse a mangwe a a ileng a latela. Baitse ba re go tloga ka dingwaga tsa bo1900 go fitlha ka ngwaga wa 2000, batho ba le dimilionemilione ba ne ba bolawa ke bolwetse jwa smallpox. Go tla go fitlha le gompieno, batho ba le bantsi ba bolawa ke AIDS, TB le malaria le fa gone go na le kgatelopele mo go tsa kalafi.

Batho ba ile ba swa, go sa kgathalesege gore ba bolailwe ke ntwa, leuba kgotsa malwetse a leroborobo. Lebitla le nna le phutha mongwe le mongwe yo o suleng.

 A MAEMO ANO A TLA FETOGA?

Go ise go ye kae, maemo a tlile go fetoga. Se lebale ntlha eno: Jesu o ne a “tsamaya a fenya” ka 1914, a bo a latlhela Satane mo lefatsheng, mme gone ga a ka a digela phenyo ya gagwe. (Tshenolo 6:2; 12:9, 12) Mo nakong e e sa fediseng pelo, ka nako ya ntwa ya Haramagedona, Jesu o tla tlosa Satane a bo a senya batho ba ba mo tshegetsang. (Tshenolo 20:1-3) Jesu o tla senya bapalami ba dipitse tse dingwe tse tharo, mo godimo ga moo, o tla dirolola dilo tse di bosula tse ba di dirileng. O tla dira seo jang? Ela tlhoko gore Baebele e re solofetsa eng.

Go tla nna le kagiso e seng dintwa. Jehofa “o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo.” (Pesalema 46:9) Mme batho ba ba ratang kagiso “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

Go tla nna le dijo tse dintsi e seng leuba. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.

Jesu o tloga a dirolola masetlapelo a a bakilweng ke bapalami ba dipitse tse tharo

Batho ga ba kitla ba lwala le go swa go na le moo ba tla itekanela e bile ba tla tshelela ruri. Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a re bontsha tsela e botshelo bo tlileng go nna ka yone fa a tla bo a busa. O ne a batla gore batho ba tshedisane ka kagiso, a fepa batho ba le diketekete ka tsela ya kgakgamatso, a fodisa ba ba lwalang le go tsosa ba ba suleng.—Mathaio 12:15; 14:19-21; 26:52; Johane 11:43, 44.

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go go bontsha mo Baebeleng ya gago se o tlhokang go se dira gore o ipaakanyetse go tshela mo lefatsheng le lesha fa bapalami ba dipitse tse tharo ba tla bo ba sa tlhole ba le gone. A o tla letla Basupi ba go bontsha gore o ka dira seo jang?

^ ser. 7 Baebele ya re leina la Modimo ke Jehofa.