Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Dintlha ka Dinaga Tsa Botlhabagare

Dintlha ka Dinaga Tsa Botlhabagare

Dinaga Tsa Botlhabagare tse e kileng ya bo e le bonno jwa batho ba bogologolo jaanong ke marope a a nang le matlotlo.

Badiri ba Beine ba Bakanana

Ka 2013, baithutamarope ba ne ba ribolola phaposi e kgolo ya beine e e ka fa tlase ga lefatshe kwa Kanana e e agilweng dingwaga di ka nna 3 700 tse di fetileng. Phaposi eo e ne e na le dinkgo tse dikgolo di le 40 tse go ya ka dilekanyo tsa segompieno e leng dibotlolo tsa beine di le 3 000. Moithutamarope mongwe yo o neng a tlhatlhoba masalela a beine a a mo dinkgong tseo a re Bakanana e ne e le batho ba ba dirang beine ka matsetseleko. O ne a re: “Masalela a a fitlhetsweng mo nkgong nngwe le nngwe a bontsha gore motswako oo wa beine o ne o latelwa ka botlalo.”

A O NE O ITSE? Baebele e umaka go dirwa ga “beine e e di gaisang tsotlhe” ya Iseraele wa bogologolo le go tshelwa ga beine mo dinkgong tse dikgolo.—Sefela sa Difela 7:9; Jeremia 13:12.

Palo e e Kwa Godimo ya Baagi

Lokwalodikgang lwa Guardian lwa re ka 2012 kwa Egepeto go ne ga tsholwa bana ba le 560 000 go feta ba ba neng ba tsholwa ka 2010. Magued Osman wa khampani ya dipatlisiso ya kwa Egepeto e e bidiwang Baseera, o ne a re: “Eo ke palo e e kwa godimo thata go di gaisa mo hisitoring ya Egepeto.” Baitse bangwe ba re fa palo eno e ka tswelela e gola ka lobelo lono, naga eo e tla nna le tlhaelo e kgolo ya metsi, motlakase le dijo.

A O NE O ITSE? Baebele ya re boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba “tlatse lefatshe” le gore ba itumelele go nna le dilo tse di tla ba thusang go tswelela ba tshela.—Genesise 1:28; Pesalema 72:16.

Madi a Tshipi a a Neng a Bolokilwe

Go ne ga ribololwa diboronse di feta 100 tsa madi a tshipi tse di kwadilweng “Ngwaga wa Bonè” gaufi le tselakgolo nngwe ya kwa Iseraele. Ngwaga oo wa bonè ke wa fa Bajuda ba ne ba tsuologela Baroma (69-70 C.E.)—botsuolodi jo bo neng jwa dira gore Jerusalema e senngwe. Pablo yo o neng a okametse tiro ya go epa a re: “Go bonala mongwe a ne a tshaba gore bokhutlo bo atametse—gongwe a bona masole a Roma a ntse a atamela, a bo a fitlha madi a gagwe a ipoleletse gore o tla a boela.”

A O NE O ITSE? Ka ngwaga wa 33, Jesu o ne a bolelela pele gore masole a Roma a ne a tla dikaganyetsa Jerusalema. O ne a laela Bakeresete gore ba tshabele kwa dithabeng gore ba bolokiwe.—Luke 21:20-24.