Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG

Ditoro Tse di Tswang Kwa Modimong

Ditoro Tse di Tswang Kwa Modimong

A Modimo o ne a dirisa ditoro go bua le batho?

“[Moporofeti wa Modimo] Daniele a bona toro . . . a le mo bolaong jwa gagwe. Ka nako eo a kwala toro ka boyone. A bolela pego e e feletseng ya dikgang tseno.”Daniele 7:1.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o ne a naya batho melaetsa e e botlhokwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, ka dinako dingwe o ne a dirisa ditoro. Mme tseno e ne e se ditoro fela tse di tlwaelegileng, tse di sa tlhaloganyesegeng. Ditoro tse di tswang kwa Modimong di ne di tlhaloganyesega, mme di na le molaetsa o o utlwalang sentle. Ka sekai, moporofeti Daniele o ne a bona mo torong ya gagwe dibatana di le mmalwa tse di tshwantshetsang mebusomegolo ya sepolotiki ya lefatshe go simolola ka wa Babelona go tla go fitlha ka wa mo motlheng wa rona. (Daniele 7:1-3, 17) Modimo o ne a dirisa toro go bolelela Josefa wa Monasaretha, rraagwe Jesu yo o mo godisitseng, gore a tshabele kwa Egepeto le mosadi wa gagwe le ngwana. Ka ntlha ya seo, Jesu ga a ka a bolawa ke Kgosi Herode yo o setlhogo. Fa Herode a sena go swa, Modimo o ne dirisa toro go itsise Josefa ka loso lwa gagwe, mme a mo laela gore a boele kwa nagagaeng ya gagwe.—Mathaio 2:13-15, 19-23.

 A Modimo o dirisa ditoro go bua le rona gompieno?

“Lo se ka lwa ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.”1 Bakorintha 4:6.

SE BAEBELE E SE BUANG

Ditoro tse di kwadilweng mo Baebeleng ke karolo ya dilo tse Modimo a di senoletseng batho. Mo go 2 Timotheo 3:16, 17 re bala jaana malebana le seo: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.”

Baebele e re ‘tlhomelela ka botlalo’ ka gonne e re bolelela sotlhe se re tlhokang go se itse ka Modimo, dinonofo tsa gagwe, melao ya gagwe ya boitsholo, le seabe sa rona mo boikaelelong jwa gagwe ka lefatshe. Ka jalo, Modimo ga a tlhole a dirisa ditoro go naya batho melaetsa. Fa re batla go ithuta ka isagwe le maikaelelo a Modimo ka rona, ga re tlhoke go “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng”—mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, mo e ka nnang batho botlhe ba ka kgona go nna le buka eno le go ithuta ka dilo tse dintsi tse e di senolang tse di tswang kwa Modimong, go akaretsa le ditoro.

Ke eng fa o ka ikanya ditoro le diponatshegelo tse di kwadilweng mo Baebeleng?

“Batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”2 Petere 1:21.

SE BAEBELE E SE BUANG

Bontsi jwa ditoro le diponatshegelo tse di kwadilweng mo Baebeleng e ne e le boporofeti—ke gore, di ne di bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng. Dipego tseno tse di kwadilweng tsa boporofeti, di letla babadi go bona gore a Baebele le bakwadi ba yone ba a ikanyega. A se ba se kwadileng se ne se nepile? Akanya ka sekai seno—ponatshegelo e e fitlhelwang mo go Daniele 8:1-7, e e kwadilweng go ya kwa bofelong jwa Mmusomogolo wa Babelona.

Boporofeti jono bo bua ka phelefu le phoko e e neng ya diga phelefu, ya e gataka mme bo dirisa tshwantshiso go tlhalosa seo. Daniele ga a ka a tlhoka go fopholetsa bokao jwa ponatshegelo eo. Moengele wa Modimo o ne a tlhaeletsa a re: “Phelefu e o e boneng e na le dinaka tse pedi e emela dikgosi tsa Media le Peresia. Mme phoko e e maudi e emela kgosi ya Gerika.” (Daniele 8:20, 21) Hisitori e tlhomamisa gore puso ya Bameda le Baperesia e ne ya tlhatlhama Babelona go nna mmusomogolo wa lefatshe. Mme dingwaga di le makgolo a mabedi moragonyana, puso ya Bameda le Baperesia e ne ya gapiwa ke Alexander yo Mogolo wa Gerika. Tsela e e nepileng jalo ya go bolelela pele dilo e ka bonwa fela mo boporofeting jwa Baebele jo bo akaretsang ditoro tsa boporofeti. Ntlha eno e e boammaaruri e dira gore Baebele e tlhomologe mo dibukeng tse dingwe tse di boitshepo, mme seo se re tlhomamisetsa gore re ka e ikanya.