Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Go Raya Ngwana o re Nnyaa

Go Raya Ngwana o re Nnyaa

KGWETLHO

Ngwana wa gago ga a batle go amogela gore o rile nnyaa. Nako le nako fa o mo raya o re nnyaa, o itshwara ka tsela e e sa laolesegeng mme seo se go fedisa pelo. Ga a batle go utlwa sepe se o se buang, mme kgabagare o a ineela o bo o dira se a se batlang. Le mo lekgetlhong leno o feleletsa o dumela le fa gone o okaoka, e re ka o lapisitswe ke go tlhola o re nnyaa.

O ka kgona go ithuta gore nnyaa. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, sekaseka dintlha dingwe tse di malebana le ntlha eno.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Fa o re nnyaa, seo ga se reye gore o setlhogo. Batsadi bangwe ba ka se dumalane le ntlha eno, gongwe ba re motsadi o tshwanetse go beelana mabaka le ngwana, a itlhalose le e leng go rerisana le ene. Mme ba rotloetsa motsadi go tila gore nnyaa, ka gonne a tshaba gore ngwana a ka nna a ngala.

Gone ke boammaaruri gore kwa tshimologong lefoko “nnyaa” le ka nna la swabisa ngwana wa gago. Le fa go ntse jalo, le mo ruta thuto nngwe ya botlhokwa—gore mo botshelong go na le dilo dingwe tse a tshwanetseng go di amogela fela jaaka di ntse. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o ineela, o dira gore a se ka a tsaya masisi se o se buang mme o mo ruta gore a go laole ka go nna a ipetola nako le nako fela fa a batla sengwe. Fa nako e ntse e tsamaya, karabo ya gago e ka nna ya dira gore a go galefele. Tota e bile, ngwana a ka tlotla jang motsadi yo go leng motlhofo fela gore a mo laole?

Fa o raya ngwana wa gago o re nnyaa, o mmaakanyetsa nako ya fa a le mosha le fa a godile. Seo se mo ruta melemo ya gore ka dinako dingwe a itime dilo dingwe. Ga go nne motlhofo gore ngwana yo o ithutileng thuto eo e e botlhokwa a ineele fa a lebane le kgatelelo ya balekane gore a dirise diokobatsi kgotsa gore a tlhakanele dikobo pele ga lenyalo.

Gape fa o raya ngwana o re nnyaa o mmaakanyetsa nako ya fa a tla bo a godile. Dr. David Walsh a re: “Boammaaruri ke gore, rona [batho ba ba godileng] ga se ka dinako tsotlhe re bonang dilo tse re di batlang. Ga re thuse bana ba rona ka sepe fa re ba ruta gore ba ka bona sengwe le sengwe fela se ba se batlang ka nako e ba se batlang ka yone.” *

 SE O KA SE DIRANG

Tlhoma mogopolo mo go se o batlang go se fitlhelela. O batla gore ngwana wa gago a gole go nna monna kgotsa mosadi yo o dirang dilo sentle, yo o kgonang go laola maikutlo a gagwe le yo o atlegileng. Mme gone o tla bo o dira se se farologaneng le seo fa o mo naya sengwe le sengwe fela se a se batlang. Baebele ya re fa mongwe a ‘tlekeediwa go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng.’ (Diane 29:21) Ka jalo, go re nnyaa, ke tsela e e mosola ya go ruta ngwana. Thuto e e ntseng jalo e thusa ngwana wa gago mme ga e mo utlwise botlhoko.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 19:18.

Nnyaa wa gago e nne nnyaa. Ngwana wa gago ga se monkana gago. Ka jalo, ga go tlhokege gore o rerisane le ene fa o rile nnyaa, jaaka e kete o tlhoka gore a dumalane le wena mo kgannyeng eno. Gone ke boammaaruri gore, fa bana ba ntse ba gola, ba tlhoka gore ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwe gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Ka jalo, ga go phoso go bontshana mabaka le ngwana wa gago. Le fa go ntse jalo, o se ka wa nnela go ngangisana le bana ba gago ba bannye o leka go ba tlhalosetsa lebaka la go bo o rile nnyaa. Fa o nnela go tlhola o ngangisana le ngwana wa gago, o tla feleletsa a tsaya gore fa o rile nnyaa go raya gore lo tlhoka go rerisana mme e seng gore ke tshwetso e o e dirileng.—Molaomotheo wa Baebele: Baefeso 6:1.

Se fetole tshwetso ya gago. Ngwana wa gago a ka nna a leka go bona gore a o tlhomame mo go se o se buang ka go ipetola kgotsa ka go nnela go kopa gantsintsi. Fa seo se direga kwa legaeng la gago, ke eng se o ka se dirang? Buka e e reng Loving Without Spoiling e akantsha jaana: “Fa o feditse go bua le ngwana, tloga fa pele ga gagwe. Mo reye o re, ‘O ka nna wa ipetola fa o batla mme nna ga ke batle go utlwa sepe. Ya ko kamoreng ya gago. O ipetole o bo o fetse.’” Kwa tshimologong go ka nna thata gore o bue jalo o tlhomame—ga ba ga nna thata gore ngwana wa gago a amogele seo. Mme a ka nna a fokotsa go emelelana le wena fa a lemoga gore o tlhomame mo go se o se buang.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 5:12.

O se ka wa re nnyaa fela ka gonne o batla go bontsha ngwana wa gago gore motsadi ke mang

Nna tekatekano. O se ka wa re nnyaa fela ka gonne o batla go bontsha ngwana wa gago gore motsadi ke mang. Go na le moo, “a go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.” (Bafilipi 4:5) Go na le dinako tse dingwe tse o ka nnang wa raya ngwana wa gago wa re ee—fa fela o sa ineele ka gonne a ipetola go na le moo o bona gore se a se kopang tota o a se tlhoka. —Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:21.

^ ser. 10 Go tswa mo bukeng e e reng No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.