Basha ba Botsa Jaana

Ke Eng se se Dirang Gore Kokoano ya Boitlosobodutu e Itumedise ka Tsela ya Mmatota?

Ke Eng se se Dirang Gore Kokoano ya Boitlosobodutu e Itumedise ka Tsela ya Mmatota?

Fa tlase fano, tshwaya ka ✔ go bapa le selo se o lebelelang pele go se dira kwa kokoanong ya boitlosobodutu.

  • go ja

  • go tansa

  • go tshameka metshameko

  • go dira ditsala tse disha

  • go kopana le ditsala tsa bogologolo

  • tse dingwe ․․․․․

BASHA ba le bantsi ba rata go kokoana mmogo mme ga go na sepe se se phoso ka gone. Tota e bile Baebele e bua ka tsela e e siameng ka dikokoano tsa boitlosobodutu.

A o ne o itse?

  • Bomorwawe Jobe ba ne ba nna le dikokoano tsa lelapa.—Jobe 1:4.

  • Jesu o ne a ya moketeng wa lenyalo wa batho ba ba lekanyeditsweng.—Johane 2:1-11.

  • Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itlosa bodutu kwa magaeng a bone.—Ditiro 2:46, 47.

O ka se ganele gore go kopana mmogo le ditsala go a itumedisa. Le fa go ntse jalo, ka maswabi dikokoano dingwe ga di lapolose.

SENGWE SE SE DIRAGETSENG “Ke ne ke laleditswe kwa phathing e go neng go laleditswe mongwe le mongwe kwa go yone mme e ne e tlile go tshwarelwa kwa gaabo mosimane yo batsadi ba gagwe ba neng ba seyo. Ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka ya mme ke itumelela go bo ke ile ka dira jalo! Letsatsi le le latelang ke ne ka utlwa gore go ne go tletse bojalwa le gore batho bangwe ba ne ba tagilwe. Basimane ba bararo ba ile ba bo ba idibala ka ntlha ya go nwa bojalwa thata. Gape go ile ga tsoga ntwa mme mapodise a ile a tshwanelwa ke go tla go phatlalatsa phathi eo.”—Janelle.

THUTO O se ka wa tlogelela dilo fela! E ka tswa o rulaganya kokoano kgotsa o laleditswe kwa go yone, tlhomamisa gore o itse dikarabo tsa dipotso tse di mo ditsebeng tse di latelang. Fa o dira jalo go ka direga gore o gopole dilo tse di itumedisang—mme o ka se ikotlhae—fa phathi eo e fela.

DIKOKOANO TSE DI ILENG TSA ATLEGA

“Fa tsala ya me e ne e dirile kokoano, mmaagwe o ne a itse kwa mongwe le mongwe a leng gone. Tota le fa ke ne ke ya kwa koloing go ya go tsaya baki, o ne a mpotsa gore ke ya kae. A o ne a le kelotlhoko go feta selekanyo? Gongwe. Mme ke ne ke sa kgopisege ka gonne ke ne ke lemoga gore go botoka go sireletsega go na le go ikotlhaya.”—Kim.

“Nkile ka ya kwa dikokoanong tse di siameng mme ke akanya gore lebaka la go bo di ile tsa atlega ke ka gonne go ne go na le batho ba dingwaga tse di farologaneng. Mo godimo ga moo, batho ba ba neng ba dirile kokoano ba ne ba rulagantse gore go dirwe dilo dingwe tse di monate kwa go yone, ka jalo, go ne go se na ope yo o neng a batla go tswa mo setlhopheng a ya go dira sengwe se sele.”—Andrea.