Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Masetlapelo a Tla Tloga a Fela

Masetlapelo a Tla Tloga a Fela

Masetlapelo a Tla Tloga a Fela

DITHOROMO tsa lefatshe, dintwa, mauba le bolwetse—tseno ke dingwe tsa dilo tse Jesu a ileng a bolelela pele gore di tla supa “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” e re tshelang mo go yone. (Mathaio 24:3, 7, 8; Luke 21:7, 10, 11) Gone ke boammaaruri gore ditiragalo tseo ga di bakiwe ke Modimo. Ga se Jesu kgotsa Rraagwe e bong Jehofa Modimo ba ba di bakang.

Mme Modimo e tla bo e le ene a tlisang se dilo tseno e leng sesupo sa sone, e leng go tla ga Bogosi jwa Modimo—puso ya legodimo e Jesu Keresete a tla bong a busa mo go yone—le go fedisiwa ga botlhe ba ba ganang bolaodi jwa ga Jehofa. (Daniele 2:44; 7:13, 14) Morago ga foo, lefatshe e tla nna lefelo la kagiso, mo go tla bong go sa tlhole go boifiwa masetlapelo a tlholego. Tsholofetso eno ya Modimo e tla diragadiwa ka botlalo: “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.”—Isaia 32:18.

Reetsa Modimo Mme o Tshele!

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng sa metseletsele eno, go tsaya tsia ditlhagiso tseno go ka boloka botshelo jwa gago. Molaomotheo oo o dira le go feta mo ditlhagisong tsa Modimo tse di kwadilweng mo Baebeleng. Modimo o solofetsa jaana: “Fa e le yo o ntheetsang, o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Diane 1:33.

Basupi ba ga Jehofa ba leka go reetsa Modimo ka go bala Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng ka metlha le go dirisa dithuto tsa lone. Re go laletsa gore le wena o dire jalo. Ee, botlhe ba ka kutlo ba reetsang Jehofa ga ba kitla ba tshwenyega gore isagwe e tla nna jang le ka masetlapelo a a welang ba ba boikepo. Go na le moo, ba lebeletse pele go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise, mo ‘ba tla nnang le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.’—Pesalema 37:10, 11.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

KGOMOTSO MO BATHONG BA BA HUTSAFETSENG

A o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang, gongwe e le ka ntlha ya masetlapelo a tlholego kgotsa ka ntlha ya masetlapelo a mangwe? Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, tsala e kgolo ya ga Jesu, e bong Lasaro o ne a swa a le monnye. Fa Jesu a utlwa ka seno, o ne a ya kwa motseng wa gaabo Lasaro, kwa Bethani, mme a mo tsosa mo “borokong” jwa loso.—Johane 11:1-44.

Jesu ga a ka a tsosa Lasaro fela ka go bo a ne a mo rata le ba lelapa la gaabo mme gape e ne e le go tlhomamisa se ene Jesu a se solofeditseng gore o tla tsosa “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ka nako ya puso ya gagwe ya Bogosi. (Johane 5:28, 29) Ee, mo Paradaiseng e e tlang, Jesu o tla tlosa botlhoko jotlhe jo bo ileng jwa simolola ka ntlha ya botsuolodi kwa Edene. *1 Johane 3:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Go bona kgakololo ya Dikwalo malebana le kafa o ka itshokelang loso lwa mongwe yo o mo ratang le go bona tshekatsheko e e tseneletseng ya tsholofetso ya tsogo, tsweetswee bona boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

THOROMO YA LEFATSHE E ILE YA DIRA GORE KE FETOLE DILO TSE DI TLANG PELE MO BOTSHELONG

Ka 1971, ke ne ke le mmè yo mosha mme ke ne ke batla go nna moopedi wa opera wa lentswe la ntlha. Ka 1957 ke ne ka fuduga go tswa kwa motseng wa gaetsho wa Winnipeg, Manitoba, kwa Canada, gore ke nne gaufi le Hollywood, California, U.S.A., ke solofetse gore ke tla kgona go latelela lorato lwa me lwa ntlha e leng mmino.

Ka dingwaga di le robongwe ka nako ya selemo, Mmè yo e neng e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nketela go tswa kwa Canada. O ne a dirisa dinako tseo go bua le nna ka Baebele, a dumela tota gore e na le kgakololo e e molemo thata malebana le boitumelo le botshelo jwa lelapa. Ke ne ke rata Mmè, mme ke ne ke mo reetsa ka tlotlo. Le fa go ntse jalo, nako le nako fa a tsamaya, ke ne ke senya dikgatiso tse a nneileng tsone ke ipolelela gore ke mo tseleng e e siameng.

Mme, phakela moso mongwe ka Labobedi ka February 1971, thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 6,6 e ne ya ntsosa mo borokong ka thoromo e kgolo. Modumo o ne o le mogolo thata mme thoromo eo e ne e le kgolo. Ke tshogile ke ne ka tabogela go morwaake mme ke ne ka wela makgwafo fa ke fitlhela a babalesegile mo bolaong jwa gagwe. Fa thoromo e kgaotsa, digalase tse di thubegileng, le sengwe le sengwe se se neng se le mo dikhabotong se ne se gasaganye fa fatshe mme metsi a a neng a le mo phulong a ne a tletse mo jarateng. Le fa ba lelapa la me ba ne ba babalesegile, ke ne ke sa kgone go thulamela gape.

Mmè o ne a kile a bua ka ‘metlha ya bofelo,’ e nngwe ya dilo tse e tla bonalang ka yone e neng e le “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.” (2 Timotheo 3:1; Luke 21:7-11) Ka selemo seo o ne a dira loeto lwa gagwe lwa ngwaga le ngwaga mme o ne a sa tla ka dikgatiso tsa Baebele. E re ka a ile a nnela bosupi ka dingwaga di le robongwe mme go se na matswela ape, o ne a akanya gore ga ke kgatlhege. A bo a ne a le phoso jang ne! Fa a fitlha fela, ke ne ka mo tlhasela ka dipotso. Go opela le go tuma go ne go sa tlhole go le botlhokwa go le kalo.

Ka yone beke eo ke ne ka ya le Mmè kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la rona mme morago ga moo ga ke ise ke ko ke tlolwe ke pokano epe. Mmè o ne a rulaganya gore ke nne le thuto ya legae ya Baebele. Ke ne ka kolobediwa ka 1973 mme gompieno ke dirisa diura tse di ka nnang 70 kgwedi nngwe le nngwe ke bolelela ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Ee, go na le gore thoromo eo ya lefatshe e dire gore ke se ka ka tlhola ke dumela mo Modimong e ne ya nonotsha tumelo ya me.—Jaaka go boletse Colleen Esparza.