Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Tlogela Diokobatsi?

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Tlogela Diokobatsi?

Kgaolo 35

Nka Dira Eng Gore ke Kgone go Tlogela Diokobatsi?

A O TSHWAKGOTSWE ke diokobatsi? O ka tswa o itse gore go lemalela diokobatsi go go senya tlhaloganyo le mmele. Gongwe e bile o ka tswa o kile wa leka go tlogela mokgwa ono mme wa boela gape mo go one. Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhoboga. Ba bangwe ba ile ba kgona go tlogela go tshwakgolwa ke diokobatsi, ka jalo le wena o ka kgona! Ka sekai, ela tlhoko se se buiwang ke batho bangwe ba bararo ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng thata. Utlwa gore ke eng se se neng sa ba thusa gore ba kgone go tlogela diokobatsi.

LEINA Marta

TSELA E KE GODISITSWENG KA YONE Mama o ne a sa nyalwa fa ke ne ke tsholwa, ka jalo nna le nkgonne wa mosetsana re godile re se na rre. Fa ke le dingwaga di ka nna 12, ke ne ka simolola go tsamaya di-disco le mmangwane yo o neng a rata go bina thata. Ke ne ke le motho wa batho mme go ise go ye kae, ke ne ka tlwaelana le batho ba ba nang le mekgwa e e maswe. Fa ke le dingwaga di le 13, ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi. Gape ke ile ka simolola go dirisa khokeine. Kwa tshimologong, ke ne ke itumelela go dirisa seokobatsi seno. Mme moragonyana ke ne ka simolola go bona dipono tse di tshosang le go tshaba sengwe le sengwe fela. Mme fa ke tswa mo maibing ao a diokobatsi, ke ne ke tlelwa ke dikakanyo tsa go ipolaya. Ke ne ke batla go tlogela diokobatsi mme ke sa kgone gotlhelele.

KAFA KE ILENG KA TLOGELA KA GONE Ke ne ka simolola go akanya ka Modimo mme ka ya kerekeng ka makgetlo a le mmalwa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikutlwa ke kgobegile marapo le go feta. Fa ke le dingwaga di le 18, ke ne ka ya go nna le mosimane yo ke neng ke ratana le ene mme ra nna le ngwana wa mosimane. Go nna le ngwana go ne ga dira gore ke eletse thata go fetola botshelo jwa me. Mosetsana mongwe yo re kileng ra bo re le ditsala o ne a fudugela mo ntlong e e lebaganeng le e ke neng ke nna mo go yone. O ne a nketela mme a mpotsa gore ke ntse ke tsoga jang. Ke ne ka mo tshololela mafatlha a me. O ne a re e setse e le Mosupi wa ga Jehofa mme a kopa go ithuta Baebele le nna. Ke ne ka dumela.

Ke ne ka ithuta gore tsela e ke tshelang ka yone ga e itumedise Modimo le gore ke tshwanetse go tlogela go dirisa diokobatsi le go goga motsoko. Mme go ne go le thata go tlogela diokobatsi. Mo letsatsing, ke ne ke kopa Jehofa Modimo ka makgetlo a le mmalwa gore a nthuse gore ke kgone go tlogela mekgwa ya me e e maswe. Ke ne ke batla go mo ipedisa. (Diane 27:11) Fa ke sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa le go kopanela le bone ka dikgwedi di le thataro, ke ne ka kgona go tlogela diokobatsi. Gone jaanong ke tshela botshelo jo bo nang le bokao. Ga ke sa tlhole ke nna ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ke ne ka kopana le monna yo o molemo wa Mokeresete mme ra nyalana. Ke godisitse morwaake ka melaometheo ya Baebele. Ke leboga tota go bo Jehofa a ile a utlwa dithapelo tsa me mme a nthusa!

LEINA Marcio

TSELA E KE GODISITSWENG KA YONE Ke goletse mo karolong e e kwa thoko ya toropokgolo e e tletseng batho ya Santo André, kwa São Paulo, Brazil. Ke ne ka ithuta go goga motsoko, go dirisa diokobatsi le go kgothosa ke sa ntse ke le mmotlana. Ditsala tsa me di le mmalwa di ne di utswa dikoloi e bile di rekisa diokobatsi. Mongwe wa bone o ne a naya basha ba ba neng ba nna mo lefelong la rona diokobatsi mahala. Fa ba setse ba tshwakgogile, ba ne ba patelesega go reka diokobatsi mo go ene.

Mapodise a ne a nna a tsamayatsamaya mo lefelong la rona mme ke ne ka tshwarwa makgetlo a le mmalwa ke tshwarelwa melato e mennye, mme mo lekgetlong lengwe e ne e le ka gonne go belaelwa gore ke rekisa diokobatsi. Gantsi dithoto le ditlhobolo tse segopa sengwe se neng se di utswa di ne di fitlhwa mo ntlong ya me.

Batho ba ne ba ntshaba tota. Matlho a me a ne a le mahibidu e bile a tshosa. Ke ne ke sa nke ke nyenya. Tota e bile, sefatlhego sa me se ne se nna se lebega jaaka sa mmolai. Ke ne ke bidiwa “Tufão” (Setsokotsane) ka gonne gongwe le gongwe kwa ke neng ke ya teng, ke ne ke tsosa mokubukubu. Gape ke ne ke nwa bobe e bile ke tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Ditsala tsa me di le dintsi di ne tsa swa mme ba bangwe ba feletse kwa kgolegelong. Ke ne ke tshwenyegile thata jaana mo maikutlong mo ke neng ka ikaletsa ka mogala mo kaleng ya setlhare ke batla go ipolaya.

KAFA KE ILENG KA TLOGELA DIOKOBATSI KA GONE Ke ne ka kopa Modimo gore a nthuse. Kgabagare ke ne ka kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ka simolola go ithuta Baebele le bone. Ke ne ka ithuta gore Modimo o na le leina, e bong Jehofa le gore o kgathalela le go thusa batho ba ba lekang ka natla go tshela ka melao ya gagwe. (Pesalema 83:18; 1 Petere 5:6, 7) Ke ne ke tshwanetse go fetola dilo di le dintsi. Sengwe sa dilo tse di neng di le thata e ne e le go ithuta go nyenya.

Ka metlha ke ne ke kopa Jehofa gore a nthuse, mme gape ke dirisa kgakololo e e mo Baebeleng. Ka sekai, ke ne ka kgaogana le batho ba e neng e le “ditsala” tsa me mme ka tlogela go ya kwa dibareng. Go na le moo, ke ne ka tsalana le batho ba ba tshelang ka melao ya Baebele. Ke ne ka tshwanelwa ke go kgaratlha tota, le fa go ntse jalo ga ke tlhole ke le legodu e bile ga ke tlhole ke bakela batho mathata. Go setse go fetile dingwaga di le lesome jaanong ke sa dirise diokobatsi.

LEINA Craig

TSELA E KE GODISITSWENG KA YONE Ke goletse mo polasing kwa Borwa jwa Australia. Rre o ne a tshwakgotswe ke bojalwa mme ene le mmè ba ne ba kgaogana fa ke le dingwaga di le robedi. Mmè o ne a nyalwa gape mme ke ne ka nna le ene go fitlha ke le dingwaga di le 17. Ka one ngwaga oo ke ne ka ithuta go beola dinku mme ka ya go nna le segopa sa babeodi ba bangwe, ba ba neng ba tsamaya gotlhe ba batla tiro. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi tse di farologaneng le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Ke ne ka godisa moriri. Morago ga moo ka o tshasa mafura, ka o loga mme ka o tsenya dibaga. Ke ne ke le lefufa, ke sotla batho e bile ke le pelokhutshwane. Ke ne ka tshwarwa ka makgetlo a le mmalwa.

Ke ne ka fudugela kwa torotswaneng nngwe kwa Bophirima jwa Australia mme ka nna le mosetsana yo ke neng ke ratana le ene, yo tiro ya gagwe e neng e le go rekisa bojalwa mo hoteleng nngwe ya mo lefelong leo. Roobabedi re ne re goga motsoko e bile re nwa bojalwa, mme re ne re itiretse tshingwana ya matekwane.

KAFA KE ILENG KA TLOGELA DIOKOBATSI KA GONE Re ne re sa tswa go roba matekwane a rona fa Basupi ba ga Jehofa ba kokota mo ntlong ya rona ya bogologolo e e senyegileng. Ga ke a ka ka dumela se ba neng ba se bua gone fela foo. Go na le moo fa nako e ntse e ya, ke ne ka itlhatswa pelo gore se Baebele e se bolelang se boammaaruri. Mme kgato ka kgato, ke ne ka lwantshana le bothata bongwe le bongwe jo ke neng ke na le jone.

Go ise go ye kae, ke fa ke bona gore ke tshwanetse go tlogela go dirisa matekwane. Seno se ne se tla akaretsa eng? Ke ne ke dirile ka natla tota go lema le go tlhokomela tshingwana ya me, ka jalo kwa tshimologong ke ne ke akanya go e naya mongwe. Le fa go ntse jalo, ke ne ka swetsa ka gore seno ga se a siama mme go na le moo, ka e senya. Thapelo e ne ya nthusa fela thata gore ke kgone go tlogela go dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng. Ke ne ka kopa moya wa Modimo gore o nthuse go lwa le go fenya ntwa e ke neng ke lebane le yone. Gape ke ile ka tlogela go tsalana le batho ba ba neng ba nkgothaletsa go dira mekgwa eno e e bosula. Fa ke ntse ke leka go dirisa se ke se ithutang mo Baebeleng, ke ne ka simolola go ritibala mo maikutlong, e leng se ke neng ke se tlhoka gore ke kgone go fenya makoa a mangwe a ke neng ke na le one. Kgarebe ya me le yone e ne ya simolola go ithuta Baebele mme a fetola mekgwa ya gagwe le tsela e a neng a tshela ka yone. Re ne ra nyalana. Re ntse re itumelela botsogo jo bo botoka ka dingwaga di le 21, mme gone jaanong re itumelela go godisa bana ba rona ba babedi. Ruri ke tsitsibana mmele fa ke akanya gore botshelo jwa me bo ka bo bo ntse jang fa Jehofa a ka bo a ile a se ka a nthusa gore ke kgone go fetola tsela e ke neng ke tshela ka yone.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Jehofa ke nonofo ya me le thata ya me.”—Isaia 12:2.

KAKANTSHO

Fa go kgonega, tila batho, mafelo le dilo tse di go gopotsang diokobatsi tse o neng o di dirisa. Dipatlisiso di bontsha gore go bona fela sengwe sa dilo tseno, go ka dira gore o eletse go dirisa diokobatsi gape.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go sa dirise diokobatsi ka tshwanelo go ka fetola tsela e boboko jwa gago bo berekang ka yone.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa nka boela gape mo mokgweng wa go dirisa diokobatsi, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go ka nna ga tlhokega gore motho a dire diphetogo tse dikgolo mo tseleng e a tshelang ka yone fa a batla go tlogela diokobatsi?

● Go ithuta boammaaruri ka Modimo go ka thusa jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 253]

“E re ka jaanong ke tshela ka melao e e kwa godimo ya Baebele, ke itumelela botshelo jo bo nang le bokao.’’—Marta

[Setshwantsho mo go tsebe 256]

Go fenya go tshwakgoga go tshwana le go tshaba mo ntlong e e shang—o tshwanelwa ke go tlogela dithoto kwa morago mme gone o tla boloka botshelo jwa gago