Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?

Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?

Kgaolo 21

Nka Dirisa Jang Nako Ya me Ka Botlhale?

O ne o ka rata go okelediwa nako ka diura di le kae mo letsatsing? ․․․․․

O ne o ka dirisetsa nako eo go dira eng?

□ Go intsha le ditsala

□ Go robala

□ Go ithuta

□ Tse dingwe ․․․․․

NAKO e tshwana le pitse e e matlhagatlhaga—gore e kgone go go solegela molemo, o tshwanetse go ithuta go e laola. Fa o kgona go laola nako ya gago, gongwe o ka fokotsa kgatelelo ya maikutlo e o nang le yone, wa tokafatsa maduo a gago a sekolo e bile batsadi ba gago ba ka go tshepa le go feta. O ka nna wa re: “Gone go a utlwala, mme go motlhofo go bua go na le go dira!” Ke boammaaruri gore o tla lebana le dikgwetlho. Mme gone o ka di fenya. A re bone dikai dingwe.

Kgwetlho #1: Go Nna le Thulaganyo

Se se ka go thibelang. Kgang fela ya gore o tshwanetse go dira thulaganyo e ka dira gore o ikutlwe e kete o gaeletswe! O rata go itirela dilo fela o sa laolwe ke thulaganyo epe.

Lebaka la go bo o tshwanetse go nna le yone. Kgosi Solomone o ne a re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Solomone e ne e le monna yo o nnang a tshwaregile. O ne a nyetse, a na le bana e bile e le kgosi. Mme go bonala fa a ntse a gola a ile a nna le dilo di le dintsi tse a neng a tshwanelwa ke go di dira. Ka tsela e e tshwanang, le wena o nna o tshwaregile. Mme gongwe fa o ntse o gola o tla tshwarega le go feta. Go botoka gore o nne le thulaganyo gone jaanong go na le go e dira mo nakong e e tlang!

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Mo e ka nnang dikgwedi tse thataro tse di fetileng, ke ne ka simolola go nna le thulaganyo e ke neng ke e latela ka metlha. Ke ne ke leka go itirela dilo motlhofo mme go bonala go nna le thulaganyo go ile ga nthusa!”—Joey.

“Go dira lenaane go nthusa gore ke latele thulaganyo ya me. Fa ke na le tiro e ntsi, nna le mmè re a e kwala re bo re leka go bona gore re ka thusana jang go fitlhelela mekgele ya rona.”—Mallory.

Se se tla go thusang. Leba kgang eno jaana: Mma re re lo tsaya loeto. Mongwe le mongwe mo lelapeng o latlhela fela kgetsana ya gagwe mo butung ya koloi. Go lebega e kete dithoto ga di ka ke tsa lekana tsotlhe mo butung. Lo ka dira eng? Lo ka nna lwa rarabolola bothata jono ka go ntsha dithoto tsotlhe mme lo bo lo simolola ka go pega dikgetsi tse ditona pele go tswa foo lo bo lo tsenya tse dinnye.

O ka nna wa dirisa mokgwa ono le fa o dira thulaganyo e o tla e dirisang mo botshelong jwa gago. Fa o senya nako ya gago ka go dira dilo tse di seng botlhokwa, o ka nna wa se ka wa nna le nako ya go dira dilo tsa botlhokwa. Iphe nako ya go dira dilo tsa botlhokwa pele mme o tla gakgamadiwa ke go bona kafa o tla nnang le nako e e oketsegileng ka teng ya go dira dilo tse dingwe!—Bafilipi 1:10.

Ke dilo dife tse di botlhokwa thata tse o tlhokang go di dira?

․․․․․

Jaanong itshekatsheke mme o akanye ka dilo tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go di dira pele—di kwale mme o dire gore di latelane go ya ka botlhokwa jwa tsone. Fa o simolotse ka go dira dilo tse dikgolo pele, o ka nna wa gakgamadiwa ke go bona kafa o nang le nako e ntsi ka gone e e setseng ya go dira dilo tse dingwe tse dinnye.

Se o ka se dirang. Batla sedirisiwa se sennye se o ka se dirisang go rulaganya dilo tsa botlhokwa tse o tlhokang go di dira. Kafa letlhakoreng le lengwe, gongwe nngwe ya didirisiwa tse di latelang e ka go thusa.

□ Khalendara e e mo founong ya selula

□ Bukana ya go kwala dintlha

□ Khalendara e e mo khomputareng

□ Khalendara ya mo desekeng

Kgwetlho #2: Go Kgomarela Thulaganyo E o E Dirileng

Se se ka go thibelang. Fa o tswa sekolong o batla fela go iketla le go lebelela thelebishene ka metsotswana e se kae. Kgotsa o rulagantse go ipaakanyetsa tlhatlhobo mme o amogela molaetsa mo founong ya selula, o o go laletsang go ya go bona filimi. Nako ya filimi eno ga e ka ke ya fetolwa mme wena o ka kgona go fetola nako ya gago ya go ithuta gore e nne maitseboa. Gongwe o ipolelela gore, ‘ga ke na bothata jwa go ithuta ka motsotso wa bofelo.’

Lebaka la go bo o tshwanetse go e kgomarela. O ka nna wa tokafatsa maduo a gago ka go ithuta fa tlhaloganyo ya gago e sa lapa. Mme gone, a kgatelelo e o setseng o na le yone ga e a lekana? Ke eng fa o e oketsa ka go lala o sa robala o leka go tshwara dilo ka tlhogo pele ga o ya go kwala tlhatlhobo? Go tla direga eng letsatsi le le latelang? O ka nna wa selwa, wa ikutlwa o gateletswe thata mo maikutlong, o tshwanelwa ke go dira dilo ka lepotlapotla mme gongwe o bo o nna thari kwa sekolong.—Diane 6:10, 11.

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Ke rata go lebelela thelebishene, go letsa katara le go nna le ditsala tsa me. Dilo tseno ga di phoso mme ka dinako tse dingwe di mpateletsa go beela dilo tsa botlhokwa kwa thoko mme ke feleletsa ke dira dilo ka lepotlapotla.”—Julian.

Se se tla go thusang. O se ka wa rulaganya fela dilo tse o tshwanetseng go di dira—rulaganya le tse o itumelelang go di dira. Julian a re: “Go motlhofo go dira dilo tse ke tshwanetseng go di dira fa ke itse gore moragonyana ke tlile go dira tse ke di itumelelang.” Kakantsho e nngwe: Ipeele mokgele o mogolo mme o bo o baya le e mengwe e mennye go tlhomamisa gore o sa ntse o latela thulaganyo ya gago.

Se o ka se dirang. Ke mokgele ofe o le mongwe kgotsa e mebedi e o ipeetseng yone e o ka kgonang go e fitlhelela mo dikgweding tse thataro tse di latelang?

․․․․․

Ke mokgele ofe o o ka kgonang go o fitlhelela mo dingwageng tse pedi tse di tlang, mme ke eng se o tlhokang go se dira gone jaanong gore o kgone go fitlhelela mokgele oo? *

․․․․․

Kgwetlho #3: Go Nna Phepa le go Nna Motho yo o Rulaganeng

Se se ka go thibelang. Ga o tlhaloganye gore go nna phepa le go nna motho yo o rulaganeng go tsamaisana jang le go dirisa nako ya gago sentle. Kana gone, go nna mo tlhakatlhakanong go lebega go le motlhofo. O ka nna wa phepafatsa kamore ya gago ka moso—kgotsa wa se ka wa e phepafatsa gotlhelele! Tota e bile ga o na bothata le go nna mo tlhakatlhakanong, ka jalo ga se kgang e e tshwenyang. Kgotsa e a tshwenya?

Lebaka la go bo o tshwanetse go go dira. Go phepafatsa le go rulaganya dilo sentle go tla go bolokela nako fa o batla dilo dingwe. Gape seno se tla dira gore o nne le kagiso ya mogopolo.—1 Bakorintha 14:40.

Se balekane ba gago ba se bolelang. “Ka dinako dingwe fa ke latlhetse diaparo tsa me fela, dilo tse ke di tlhokang di latlhega mo tlhakatlhakanong eo!”—Mandy.

“Ke feditse beke yotlhe ke sa bone sepatšhe sa me. Seno se ne sa ntshwenya fela thata. Kgabagare ke ne ka se bona fa ke phepafatsa kamore ya me.”—Frank.

Se se tla go thusang. Leka go busetsa dilo mo di nnang teng ka bonako jo bo ka kgonegang. Dira jalo ka metlha go na le go emela gore go tlhakatlhakane pele.

Se o ka se dirang. Leka go itlwaetsa go nna phepa. Boloka sengwe le sengwe se le bothakga mme o bone gore a seo ga se kitla se go tlhofofaletsa botshelo.

Selo se le sengwe se se lekanang se wena, balekane ba gago le batsadi ba gago lo nang le sone letsatsi le letsatsi, ke nako. Fa o tshameka ka yone, o tla ikwatlhaya. E rulaganye ka botlhale mme o tla bona maduo a a molemo. Ke wena o ka itlhophelang gore o e dirisa jang.

MO KGAOLONG E E LATELANG

A batsadi ba gago ke batswakwa? A o ikutlwa o sa gololesega kwa sekolong kgotsa kwa gae? Ithute gore o ka dira jang gore maemo a gago a go itumedise.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 32 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 39 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“[Tlhomamisa] dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.

KAKANTSHO

O se ka wa leka go dirisa dikakantsho tsotlhe tse go tlotlilweng ka tsone mo kgaolong eno ka nako e le nngwe. Go na le moo, mo kgweding e e latelang, dirisa e le nngwe fela ya tsone. Fa o setse o kgona go dirisa kakantsho eo, tlhopha e nngwe go tokafatsa mo go yone.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go rulaganya go dira dilo tse dintsintsi mo letsatsing le le lengwe go ka go bakela kgatelelo ya maikutlo. Fa o itse gore dilo tsa botlhokwa ke dife, o tla itse gore ke dife tse o tshwanetseng go di dira le tse o ka di tlogelang.

SE KE SE IKAELETSENG!

Tiro e nka dirisang nako e nnye mo go yone ke ․․․․․

Nako e ke tla e bonang ke tla e dirisetsa go ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Go ithuta go rulaganya nako ya gago sentle gone jaanong, go tla go thusa jang go dira maikarabelo a gago mo isagweng fa o setse o nna o le nosi?

● Ke thuto efe ya go dirisa nako sentle e o ka ithutang yone mo batsading ba gago?

● Fa o setse o na le thulaganyo, ke diphetogo dife tse o ka di dirang mo go yone gore e go solegele molemo le go feta?

[Mafoko a a mo go tsebe 154]

“Nkile ka utlwa mongwe a bua a tshameka a re fa o batla gore ke bo ke le golo gongwe ka ura ya bonè, o ntheye o re ke goroge koo ka ura ya boraro. Ke ile ka lemoga ka yone nako eo gore ke tlhoka go rulaganya nako ya me sentle!’’—Ricky

[Lebokoso mo go tsebe 155]

Nako Ya me E Felela Mo go Eng?

Mo lobakeng lwa beke fela, palogare ya diura tse basha ba dingwaga tse di fa gare ga 8 le 18 ba di dirisang ke:

17

ba na le batsadi ba bone

30

kwa sekolong

44

go lebelela thelebishene, go tshameka metshameko ya bidio, go romelelana melaetsa le go reetsa mmino

Kopanya diura tse o di dirisang beke le beke

go lebelela thelebishene ․․․․․

go tshameka metshameko ya bidio ․․․․․

go dirisa Internet ․․․․․

go reetsa mmino ․․․․․

Palogotlhe ․․․․․

Diura tse nka di dirisetsang go dira dilo tse di botlhokwa ․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 153]

Nako e tshwana le pitse e e matlhagatlhaga—o tshwanetse go ithuta go e laola