Sekarea 3:1-10

3  me a mpontsha Joshua+ moperesiti yo mogolo a eme fa pele ga moengele wa ga Jehofa, le Satane+ a eme kafa seatleng sa gagwe sa moja gore a emelelane+ le ene. 2  Foo [moengele+ wa ga] Jehofa a raya Satane a re: “Jehofa a go kgaleme, wena Satane, ee, Jehofa a go kgaleme,+ ene yo o tlhophang Jerusalema!+ A yono ga se kota e e swatotsweng mo molelong?”+ 3  Jaanong fa e le Joshua ene, a bo a apere diaparo tse di tletseng leswe+ mme a eme fa pele ga moengele. 4  Foo a araba a raya ba ba emeng fa pele ga gagwe a re: “Tlosang diaparo tse di tletseng leswe mo go ene.” Mme a tswelela a mo raya a re: “Bona, ke dirile gore tlolo ya gago e fete e tswe mo go wena,+ mme o apesiwa diaparo tse di telele tse di kgethegileng.”+ 5  Fa a sena go rialo ka re: “A ba beye sethathelela tlhogo se se phepa mo tlhogong ya gagwe.”+ Mme ba baya sethathelela tlhogo se se phepa mo tlhogong ya gagwe ba bo ba mo apesa diaparo; le moengele wa ga Jehofa a bo a eme foo. 6  Mme moengele wa ga Jehofa a simolola go naya Joshua bosupi, a re: 7  “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Fa e le gore o tla tsamaya mo ditseleng tsa me, e bile fa e le gore o tla boloka kgolagano ya me,+ he e tla nna wena yo o tla atlholang ntlo ya me+ o bo o tlhokomela malwapa a me; mme ruri ke tla dira gore o tsene fela mo gare ga bano ba ba emeng fano.’ 8  “‘Tsweetswee, utlwa wena Joshua moperesiti yo mogolo, wena le balekane ba gago ba ba ntseng fa pele ga gago, gonne ke banna ba e leng dikgakgamatso;+ gonne bona, ke tlisa motlhanka+ wa me e leng Letlhogela!+ 9  Gonne bona! leje+ le ke le beileng fa pele ga ga Joshua! Mo lejeng leno le le lengwe go na le matlho a le supa.+ Bona, ke gaba mogabo wa lone,’+ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘e bile ke tla tlosa tlolo ya lefatshe leo mo letsatsing le le lengwe.’+ 10  “‘Mo letsatsing leo,’ go bua Jehofa wa masomosomo, ‘Lo tla bitsana, mongwe le mongwe a le kafa tlase ga mofine le kafa tlase ga setlhare sa mofeige.’”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase