Sekarea 7:1-14

7  Go feta moo, go ne ga diragala mo ngwageng wa bonè wa ga kgosi Dario+ gore lefoko la ga Jehofa le tle kwa go Sekarea, mo letsatsing la bonè la kgwedi ya borobongwe, ke gore, ka Kiselefe.+ 2  Mme Bethele a roma Sharesere le Regeme-meleke le banna ba gagwe go ya go nolofatsa+ sefatlhego sa ga Jehofa, 3  a raya baperesiti+ ba e neng e le ba ntlo ya ga Jehofa wa masomosomo, le baporofeti, ee a ba raya a re: “A ke lele mo kgweding ya botlhano,+ ke ikehe, ka tsela e ke dirileng ka yone mo dingwageng tseno tse dintsi jaana?”+ 4  Mme lefoko la ga Jehofa wa masomosomo la tswelela go tla kwa go nna, le re: 5  “Raya batho botlhe ba lefatshe le baperesiti o re, ‘Fa lo ne lo itima dijo+ e bile lo lela mo kgweding ya botlhano le mo kgweding ya bosupa,+ mme lo dira jalo dingwaga di le masome a supa,+ a tota lo ne lo itimela nna dijo, e leng nna?+ 6  Mme fa lo ne lo tle lo je e bile lo tle lo nwe, a e ne e se lona ba lo neng lo ja, e bile a e ne e se lona ba lo neng lo nwa? 7  A ga lo a tshwanela go utlwa mafoko+ a Jehofa a neng a a tlhaeletsa ka baporofeti ba pele,+ fa Jerusalema a ne a sa ntse a nniwa, e bile go iketlilwe mo go ene, ka metse ya gagwe mo tikologong yotlhe ya gagwe, le fa Negebe+ le Shefela+ ba ne ba sa ntse ba nniwa?’” 8  Mme lefoko la ga Jehofa la tswelela go tla kwa go Sekarea, le re: 9  “Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Dirang katlholo ya lona ka tshiamiso ya boammaaruri;+ mme lo direlane bopelonomi jwa lorato+ le mautlwelobotlhoko;+ 10  e bile lo se ka lwa tsietsa motlholagadi+ ope kgotsa mosimane ope yo o se nang rraagwe,+ le moagi ope wa moeng+ kgotsa ope yo o bogisiwang,+ le gone lo se ka lwa logelana maano a a bosula mo dipelong tsa lona.’+ 11  Mme ba ne ba nna ba gana go tlhwaya tsebe,+ ba bo ba nna ba tiisa legetla,+ le ditsebe tsa bone ba di dira logwadi thata gore di se ka tsa utlwa.+ 12  Mme pelo ya bone+ ba e tlhoma jaaka lentswetshipi go e thibela go utlwa molao+ le mafoko a Jehofa wa masomosomo a neng a a romela ka moya wa gagwe, ka baporofeti ba pele;+ mo Jehofa wa masomosomo o neng a gakala fela thata.”+ 13  “‘Ka jalo go ne ga diragala gore, fela jaaka a ne a bitsa mme ba se ka ba reetsa,+ ba ne ba tla bitsa mme ke ne ke se kitla ke reetsa,’+ go buile Jehofa wa masomosomo. 14  ‘Mme ke ne ka ba latlhakanya ka setsuatsue mo ditšhabeng tsotlhe+ tse ba neng ba sa di itse;+ mme lefatshe ka bolone le ne la tlogelwa fela le kgakgabetse kwa morago ga bone, go se na ope yo o le ralalang e bile go se na ope yo o boang;+ mme ba ne ba dira lefatshe le le eletsegang+ go nna selo sa go akabalelwa.’”

Dintlha Tse di Kwa Tlase