Sekarea 2:1-13
2 Mme ka tsholetsa matlho a me ka leba; mme bona! ga bo go le monna, mme mo seatleng sa gagwe go na le mogala o o lekanyang.+
2 Ka jalo ka re: “O ya kae?”
Mme ene a nthaya a re: “Ke ya go lekanya Jerusalema, go bona gore bophara jwa gagwe bo selekanyo se se kana kang le gore boleele jwa gagwe bo selekanyo se se kana kang.”+
3 Mme bona! moengele yo o neng a bua le nna o ne a tsamaya, mme go ne go na le moengele yo mongwe a ya go mo kgatlhantsha.
4 Foo a mo raya a re: “Siana, bua le lekau lele, o re, ‘“Jerusalema o tla nniwa jaaka naga e e bulegileng ya selegae,+ ka ntlha ya bontsintsi jwa batho le diruiwa tse di mo gare ga gagwe.+
5 Mme nna ka bonna,” go bua Jehofa, “ke tla nna lobota lwa molelo go mo dikologa,+ e bile ke tla nna kgalalelo mo gare ga gagwe.”’”+
6 “Heelang! Heelang! Tshabang he, mo lefatsheng la bokone,”+ go bua Jehofa.
“Gonne ke lo anamiseditse kgakala kwa dintlheng tsa diphefo tse nnè tsa magodimo,”+ go bua Jehofa.
7 “Heela Siona!+ Iphalotse, wena yo o nnang le morwadia Babelona.+
8 Gonne Jehofa wa masomosomo o buile jaana, ‘Morago ga kgalalelo+ o ne a nthoma kwa ditšhabeng tse di neng di lo thopa;+ gonne yo o lo amang+ o ama thaka ya leitlho la me.+
9 Gonne bona, ke kgatikanya seatla sa me kgatlhanong le bone,+ mme ba tla tshwanelwa ke go nna thopo ya batlhanka ba bone.’+ Mme ruri lo tla itse gore Jehofa wa masomosomo ka boene o nthomile.+
10 “Goela kwa godimo o ipele, wena morwadia Siona;+ gonne ke etla,+ mme ke tla aga mo gare ga gago,”+ go bua Jehofa.
11 “Mme ditšhaba di le dintsi di tla gokagana le Jehofa mo motlheng oo,+ mme ba tla nna batho ba me;+ e bile ke tla aga mo gare ga gago.” Mme o tla tshwanelwa ke go itse gore Jehofa wa masomosomo ka boene o nthomile kwa go wena.+
12 Mme Jehofa o tla rua Juda jaaka karolo ya gagwe mo lefatsheng le le boitshepo,+ mme o sa ntse a tla tlhopha Jerusalema.+
13 Didimala fa pele ga ga Jehofa,+ wena nama yotlhe, gonne o eme+ mo bonnong jwa gagwe jo bo boitshepo.+

