Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | JOBE 33-37

Tsala ya Mmatota e Naya Kgakololo e e Agang

Tsala ya Mmatota e Naya Kgakololo e e Agang

Fa Elihu a simolola go bua, kgakololo ya gagwe e ne e farologane le ya ga Elifase, Biledade le Sofare tota le tsela e a neng a tshwara Jobe ka yone e ne e farologane. O re tlhometse sekao sa go nna tsala ya mmatota le go naya ba bangwe kgakololo e e molemo.

DINONOFO TSA MOTHO YO O ITSENG GO GAKOLOLA

ELIHU O TLHOMILE SEKAO SE SE MOLEMO

32:4-7, 11, 12; 33:1

 

  • O PELOTELELE

  • O TSEBENTLHA

  • O TLOTLA BA BANGWE

 
  • Elihu o ne a leta ka bopelotelele gore banna ba bagolwane ba fetse go bua pele a ka bua

  • Go nna tsebentlha go mo thusitse go tlhaloganya kgang sentle pele a ntsha kgakololo

  • O ne a bitsa Jobe ka leina e bile a bua le ene jaaka tsala

 

33:6, 7, 32

 

  • O BOIKOKOBETSO

  • O A ATAMALESEGA

  • O KUTLWELOBOTLHOKO

 
  • Elihu o bontshitse boikokobetso le bopelonomi ka go amogela gore le ene ga a itekanela

  • O ne a utlwela Jobe botlhoko

 

33:24, 25; 35:2, 5

 

  • O TEKATEKANO

  • O PELONOMI

  • O LEBA DILO JAAKA MODIMO A DI LEBA

 
  • Elihu o ne a bontsha Jobe ka bopelonomi gore ga a lebe dilo sentle

  • Elihu o ne a thusa Jobe go lemoga gore tshiamo ya gagwe ga e fete ya Modimo

  • Kgakololo ya ga Elihu e e utlwalang sentle e ne ya thusa Jobe gore a amogele ditaelo tse Jehofa a neng a tla di mo naya