Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke Kgatlhilwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele

Ke Kgatlhilwe ke Dikarabo Tse di Utlwalang Tsa Baebele
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1948

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: HUNGARY

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: GO BATLA DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BOTLHOKWA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Székesfehérvár, Hungary, motse o o itsegeng ka dilo tse dintsi tse di diregileng ka dingwaga di feta 1 000. Ka maswabi, ke sa ntse ke gopola dilo tse di utlwisang botlhoko tse di neng tsa bakwa ke ntwa ya bobedi ya lefatshe.

Fa ke sa le monnye ke ne ke nna le rremogolo le mmèmogolo. Ke ba gopola tota—segolobogolo mmèmogolo Elisabeth. O ile a dira gore ke dumele mo Modimong. Fa ke na le dingwaga di le tharo, maitseboa mangwe le mangwe re ne re rapela Thapelo ya Morena. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go tlhaloganya bokao jwa thapelo eo fa ke le mo dingwageng tsa bo20.

Ke ne ke tlhokomelwa ke rremogolo le mmèmogolo ka gonne batsadi ba me ba ne ba bereka bosigo le motshegare ka tsholofelo ya gore ba tla nna le madi a go reka ntlo e ntle. Morago ga dibeke dingwe le dingwe tse pedi ka boMatlhatso, lelapa lotlhe le ne le kopana go tla go ja mmogo. Ke ne ke itumelela dinako tseo.

Ka 1958, batsadi ba me ba ne ba fitlhelela mokgele wa bone; ba ne ba reka ntlo e re neng ra nna re le bararo mo go yone. Go tloga ka nako eo, ke ne ke nna le batsadi ba me—seo se ne sa intumedisa! Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le thataro boitumelo joo bo ne jwa fela. Rre o ne a bolawa ke kankere.

Ke ne ke utlwile botlhoko thata. Ke gopola ke rapela jaana: “Modimo, ke kopa gore o thuse papa. Ke a mo tlhoka. Goreng o sa araba dithapelo tsa me?” Ke ne ke batla go itse gore rre o ile kae. Ke ne ke ipotsa jaana: ‘A o ile legodimong? Kgotsa ga a tlhole a le teng gotlhelele?’ Ke ne ke fufegela bana ba ba nang le borraabone.

Ka dingwaga di le dintsi ke ne ke ya mabitleng mo e batlang e le letsatsi le letsatsi. Ke ne ke tle ke khubame mo lebitleng la ga rre ke bo ke rapela jaana: “Modimo ke kopa gore o mpolelele gore papa o ile kae.” Gape ke ne ka kopa Modimo gore a nthuse go tlhaloganya gore re tshelela eng.

Fa ke na le dingwaga di le 13 ke ne ka ithuta Sejeremane. Ke ne ke tsaya gore dibuka tse dintsi tsa Sejeremane di ne di ka  nthusa go bona dikarabo tsa dipotso tsa me. Ka 1967 ke ne ka ya go ithuta kwa motseng wa Jena, o ka nako eo e neng e le karolo ya Botlhaba jwa Jeremane. Ke ne ke bala dibuka tsa borafilosofi ba Bajeremane, segolobogolo tse di neng di bua ka bokao jwa botshelo. Le fa ke bone dikgopolo tse di kgatlhang, ga go epe ya tsone e e neng ya nkgotsofatsa. Ke ne ka nna ke rapela gore ke bone dikarabo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Ka 1970, ke ile ka boela kwa Hungary, kwa ke neng ka kopana le Rose, yo e neng ya nna mosadi wa me. Ka nako eo kwa Hungary go ne go busa puso ya Bokomonisi. Ka bonako fela fa re sena go nyalana, nna le Rose re ne ra ngwegela kwa Austria. Tota re ne re batla go fudugela kwa Sydney, Australia, kwa malome a neng a nna gone.

Go ise go ye kae, ke ne ka bona tiro kwa Austria. Ka letsatsi lengwe modirikanna o ne a mpolelela gore nka bona dikarabo tsa dipotso tsa me tsotlhe mo Baebeleng. O ne a nnaya dibuka di se kae tse di neng di bua ka Baebele. Ke ne ka bala dibuka tseo ka bonako e bile ke batla go ithuta mo go oketsegileng. Ka jalo, ke ne ka kwalela Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba kwadile dibuka tseo ke ba kopa dikgatiso tse di oketsegileng.

Ka letsatsi le re neng re fetsa ngwaga re nyalane ka lone, nna le Rose re ne ra etelwa ke Mosupi yo mosha wa Mo-Austria. O ne a ntliseditse dikgatiso tse ke neng ke di kopile a bo a kopa go ithuta Baebele le nna, mme ke ne ka dumela. E re ka ke ne ke tlhagafaletse go ithuta, re ne re ithuta gabedi mo bekeng—thuto nngwe le nngwe e tsaya diura di le nnè!

Ke ne ke itumelela se Basupi ba neng ba nthuta sone go tswa mo Baebeleng. Fa ba ne ba mpontsha leina la Modimo, Jehofa, mo Baebeleng ya me ya Se-Hungary, ke ne ke sa dumele se ke se bonang. Ke ne ke na le dingwaga di le 27 ke ya kerekeng mme ke ise ke utlwe leina la Modimo le umakiwa gope. Ke kgatlhilwe ke dikarabo tse di utlwalang tsa Baebele. Ka sekai, ke ne ka ithuta gore baswi ga ba utlwe sepe, go ntse jaaka e kete ba robetse boroko jo bogolo. (Moreri 9:5, 10; Johane 11:11-15) Gape ke ne ka ithuta ka se Baebele e se solofetsang ka lefatshe le lesha fa “loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:3, 4) Ke na le tsholofelo ya gore ke tla bona rre gape ka gonne mo lefatsheng le lesha “go tlile go nna le tsogo.”—Ditiro 24:15.

Rose o ne a ithuta Baebele mmogo le nna. Re ne ra gatela pele ka bonako ra bo ra fetsa go ithuta buka e re neng re e bala mo dikgweding di le pedi fela! Re ne re ya kwa dipokanong tsotlhe tse Basupi ba neng ba di tshwarela kwa Holong ya Bogosi. Re kgatlhilwe thata ke tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ratanang, ba thusanang e bile ba leng seoposengwe ka yone.—Johane 13:34, 35.

Ka 1976, nna le Rose re ne ra letlelelwa go ya kwa Australia. Ka bonako fela fa re goroga re ne ra batla Basupi ba ga Jehofa. Di tloga fela, Basupi ba koo ba ne ba dira gore re ikutlwe re gololesegile. Ka 1978, re ne ra nna Basupi.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke ne ka bona dikarabo tsa dipotso tse di sa bolong go ntshwenya. Fa ke ntse ke atamalana le Jehofa Modimo, o ne a nna Rre yo o molemo go gaisa botlhe. (Jakobe 4:8) Mme ke itumedisiwa ke tsholofelo ya gore ke tla bona rre gape mo lefatsheng le lesha.—Johane 5:28, 29.

Ka 1989, nna le Rose re ne ra swetsa ka gore re boele kwa Hungary go bolelela ditsala le ba masika, tota le mongwe le mongwe yo re neng re ka kopana le ene, ka dilo tse re neng re di ithutile. Re nnile le tshiamelo ya go ruta batho ba bantsi Baebele. Ba feta 70 mo go bone ba direla Jehofa mmogo le rona go akaretsa le mmè.

Go ne ga feta dingwaga di le 17 ke ntse ke rapelela gore ke bone dikarabo tsa dipotso tsa me. Dingwaga di le 39 moragonyana, ke sa ntse ke rapela—mme gone jaanong ka re, “Ke a leboga Rre yo o kwa legodimong go bo o arabile dithapelo tsa me tse ke neng ke di rapela ke le monnye.”