Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

E ne E Utlwala e Kete ke Mmino o o Monate

E ne E Utlwala e Kete ke Mmino o o Monate

Lekwalo le le Tswang Kwa Madagascar

E ne E Utlwala e Kete ke Mmino o o Monate

NNA le monna wa me re ne re ya kwa kabelong ya rona e ntšha ya borongwa—kwa setlhaketlhakeng sa Madagascar. Re ne ra laela ditsala tsa rona le ba malapa a rona mme ra nna pelokgale, re tlhomamisegile gore Jehofa o re file kabelo e e re tshwanetseng le gore o tla re thusa gore re atlege.

Re ka se lebale lekgetlo la ntlha fa re ne re ile kwa pokanong ya phuthego mo kabelong ya rona e ntšha. Go ne go ntse jaaka e kete mokaulengwe yo o neng a tshwere Thuto ya Tora ya Tebelo o opedisa setlhopha sa mmino wa okhestra. Re ne re sa tlhaloganye puo eo mo e leng gore fa batho ba bua go ne go utlwala e kete ke mmino o o monate. Go ne go tla re tsaya lobaka lo loleele gore re tlhaloganye se se buiwang.

Lekgetlo la ntlha fa ke ne ke tlhaloganya potso e e bodiwang mme e seyo mo serapeng, ke ne ka e arabela kwa godimo ke sa ikaelela. Ba ba neng ba bapile le nna ba ne ba nkutlwa mme ke ne ka tshwanelwa ke go itshwara molomo gore setshego sa me se se ka sa utlwala. Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong mme gone ke itumeletse gore ke tlhalogantse sengwe se se builweng!

Go na le gore e nne nna ke tlhomelang ba bangwe sekao mo bodireding, jaanong e ne e le nna ke thusiwang. Bakaulengwe le bokgaitsadi ka lorato ba ne ba mpolelela gore nka rera jang mo bodireding jwa tshimo gore batho ba ntlhaloganye, ba mpolelela se nka se buang le ditemana tse nka di dirisang.

Ke gopola letsatsi lengwe ke le mo bodireding ngwana mongwe a nkgoa a re, “Vazaha! Vazaha!” Leno ke lefoko le le tlwaelegileng la Se-Madagascar le le kayang “motswakwa.” Re ne ra itlhaganela ka tsholofelo ya gore bana ba bangwe le bone ba ka se simolole go nkgoa jalo. Mme mosimane mongwe o ne a kgalema yo o neng a nkgoa. O ne a mo raya a re: “Ga se motswakwa, o kgona go bua puo ya rona!” Kgaitsadi yo ke neng ke tsamaya le ene wa mo lefelong leo o ne a tshwanelwa ke go ntlhalosetsa gore ba reng ka gonne ba ne ba buela ka bonako mo ke neng ke sa tlhaloganye se ba se buang. Le fa go ntse jalo ke ne ke itumelela gore ke gatela pele. Kgabagare ke ne ke ikutlwa ke phuthologile kwa Madagascar.

Makgetlo a le mmalwa fa ke ne ke jewa ke bodutu, ke ne ka utlwa mongwe a ntshwara ka seatla se sennye mme fa ke gadima ka fitlhela e le ngwana yo go neng go lebega a itumeletse go mpona, le fa ke ne ke sa kgone go tlotla le ene sentle. Ruri bana mo phuthegong ke masego a a tswang kwa go Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Hasina, ke ene a nthanolelang. Fa go se na ope yo o ntlhaloganyang, go lebega e le ene fela yo o ntlhaloganyang. Gantsi o ntswa thuso fa ke leka go tlotla le ditsala tsa me mo phuthegong, a ba tlhalosetsa gore tota ke batla go reng.

Nna le monna wa me re ne re le mo phuthegong e e neng e tloga e kgaoganngwa gore go tlhomiwe e ntšha. Seno se ne se bolela gore baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba tshwanetse go fetisediwa kwa baboleding ba bangwe ka gonne baithuti bao ba ne ba nna mo tshimong ya phuthego e ntšha. Kgaitsadi mongwe o ne a nkgothaletsa gore ke tswelele ke ithuta le mongwe yo a neng a ithuta le ene. Ke ne ke tshaba mme ka mmolelela gore ga ke ise ke siamele go tshwara thuto. Le fa go ntse jalo o ne a nkgothaletsa gore ke e tshware. O ne a ntlhomamisetsa gore ka thuso ya ga Jehofa ke tla kgona. Ka tsela e e bonolo le e e motlhofo e ke neng ke kgona go e tlhaloganya, o ne a mpolelela gore mo nakong e e sa fediseng pelo ke tla bo ke kgona go ruta batho ba bangwe ka tsela e ke eletsang go ruta ka yone. Mafoko ao a ne a nkgothatsa fela thata.

Fa e sa le go tloga ka nako eo, moithuti yoo o ne a gatela pele sentle. Nako nngwe fa ke ne ke le kwa ntle, ke ne ka utlwa a mpitsa. Ene le monna wa gagwe ba ne ba ya go kwadisa lenyalo la bone semolao. Monna wa gagwe o simolotse go ithuta, mme bobedi jwa bone ba ipeetse mekgele e le mmalwa ya semoya e ba lekang go e fitlhelela go akaretsa le go kolobediwa. Seo se ne sa intumedisa fela thata le fa ke itse gore Jehofa ke ene a gogelang batho kwa go ene e seng rona.

Re ithutile dilo di le dintsi mo kabelong eno e ntšha. Le fa gone re tlhologelelwa ba lelapa la rona le ditsala tsa rona, re ikutlwa e kete re na le bone kwano. Re tlhola re tlotlela bakaulengwe le bokgaitsadi ka bone mono, mme jaanong ba tle ba botse gore ba tsoga jang. Re lebile pele kwa nakong ya fa ba lelapa la rona ba tla bo ba kopana le “lelapa” le re setseng re na le lone kwano.

Fa batho ba mono ba bua go sa ntse go utlwala e kete ke mmino. Mme jaanong ke tlhaloganya se ba se buang. Ke lebile pele kwa nakong ya fa ke tla bo ke kgona go nna le seabe mo mminong ono ka go bua puo eno ka thelelo. Jesu o ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.” (Mathaio 6:34) Ka jalo re tla nna re ithuta “nnoto” kgotsa lefoko le le lengwe nako le nako. Gone jaanong ke tla nna ke tokafatsa tsela e ke reetsang ka yone le go baakanya mogopolo wa me le pelo gore ke kgone go dira mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba lorato le ba ba pelotelele mono mo Madagascar.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ke rera le Hasina