Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matsapa a Batho ba a Tsereng go Leka go Fedisa Khumanego

Matsapa a Batho ba a Tsereng go Leka go Fedisa Khumanego

 Matsapa a Batho ba a Tsereng go Leka go Fedisa Khumanego

BAHUMI ba setse ba fedisitse khumanego—mme ba e fedisitse mo go bone fela. Mme ka metlha matsapa a go fedisa khumanego mo lefatsheng lotlhe a itaya sefololetse. Ka ntlha yang? Ka gonne gantsi bahumi ga ba batle gore motho ope kgotsa selo sepe se ba tseele khumo le maemo a bone. Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a re: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla.”—Moreri 4:1.

A batho ba ba nang le taolo ba ka fetola mekgwa ya batho gore khumanego e fele mo lefatsheng? Solomone o ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo. Se se sokamisitsweng ga se ka ke sa tlhamaladiwa.” (Moreri 1:14, 15) Re bona seo sentle fa re sekaseka matsapa a batho ba a tsereng mo metlheng eno go leka go fedisa khumanego.

Dikgopolo Tsa Gore Batho Botlhe ba Tla Huma

Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, fa dinaga di se kae di ne di ikokoanyetsa khumo e e seng kana ka sepe ka kgwebo le madirelo, batho bangwe ba ba nang le taolo ba ne ba akanya thata ka kgang ya khumanego. A matlotlo a lefatshe a ne a ka anamisiwa ka tekatekano?

Batho bangwe ba ne ba akanya gore bososhialise kgotsa bokomonise bo ka dira gore batho ba dinaga tsotlhe ba lekalekane mme khumo e anamisiwe ka go lekalekana. Le fa go ntse jalo batho ba ba humileng ba ne ba sa rate dikgopolo tseno. Mme moano o o reng “Mongwe le mongwe a neele go ya ka bokgoni jwa gagwe, mme mongwe le mongwe a tseye kafa a tlhokang ka teng” o ne wa ratiwa ke batho ba le bantsi. Bontsi jwa batho bo ne bo solofetse gore dinaga tsotlhe di tla dirisa bososhialise gore lefatshe e nne lefelo le le monate thata go nna mo go lone. Dinaga di se kae tse di humileng di ne tsa simolola go dirisa dikgopolo dingwe tsa bososhialise mme tsa tlhoma dipuso tse di neng di solofetsa gore di tla tlhokomela banni ba tsone “botshelo jotlhe jwa bone.” Mme tsa re di fedisitse khumanego e e feteletseng mo babusiweng ba tsone.

Le fa go ntse jalo, bososhialise ga bo a ka jwa fitlhelela mokgele wa jone wa go nna le setšhaba se se seng  bogagapa. Boikaelelo jwa gore banni ba dire ka natla gore ba solegele setšhaba molemo go na le go ikhumisa ga bo a ka jwa diragala. Bangwe ba ne ba sa rate kgang ya gore ba tshwanetse go tlhokomela bahumanegi, ka gonne ba lemoga gore thuso e e newang bahumanegi e ne e dira gore bangwe ba bone ba se ka ba batla go bereka. Mafoko ano a a mo Baebeleng a itshupile a le boammaaruri: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo mme a sa leofe. . . . Modimo wa boammaaruri o dirile batho ba thokgame, mme bone ba senkile maano a le mantsi.”—Moreri 7:20, 29.

Tsholofelo e nngwe e ne e le e batho ba le bantsi ba e bitsang Keletso ya Baamerika—go eletsa lefelo le mo go lone mongwe le mongwe yo o iketleeleditseng go dira ka natla a ka humang. Dinaga di le dintsi mo lefatsheng di ne tsa simolola go dirisa dikgopolo tse go neng go lebega e le tsone di humisitseng United States, e leng temokerasi le kgwebo e e sa laolweng ke puso. Le fa go ntse jalo, ga se dinaga tsotlhe tse di neng di ka dirisa kgopolo ya Keletso ya Baamerika ka gonne Amerika Bokone e ne e sa humisiwa fela ke tsamaiso ya yone ya bopolotiki. Dilo tse di e thusitseng thata ke ditswammung tsa yone tse dintsi le go bo e le gaufi le ditsela tsa kgwebo tse di yang kwa dinageng tse dingwe. Mo godimo ga moo, tsamaiso ya lefatshe ya ikonomi e mo go yone go gaisanwang, ga e dire fela gore batho ba ba fentseng ba hume mme gape e dira gore ba ba fentsweng ba humanege. A dinaga tse di humileng di ka kgothalediwa go thusa tse di sa ntseng di humanegile?

A Thulaganyo ya Amerika ya go Tsosolosa Ikonomi ya Dinaga di Sele E ne E ka Fedisa Khumanego?

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Yuropa e ne e kgautlhantswe ke ntwa mme batho ba le bantsi ba ne ba gomagomelwa ke tlala. Puso ya United States e ne e tshwenngwa ke go anama ga bososhialise kwa Yuropa. Ka jalo, ka dingwaga di le nnè e ne ya aba madi a mantsintsi a a neng a tla tsosolosa tsa kgwebo le temothuo kwa dinageng tse di neng di ka amogela mekgwa ya go busa ya United States. Thulaganyo eno ya go Tsosolosa Naga ya Yuropa, e ne e lebega e atlega. Kwa Yuropa Bophirima, tlhotlheletso ya United States e ne ya gola mme khumanego e e feteletseng e ne ya fokotsega. A eno e ne e le yone tsela ya go fedisa khumanego mo lefatsheng lotlhe?

Go atlega ga Thulaganyo ya Amerika ya go Tsosolosa Ikonomi ya Dinaga di Sele go ne ga felela ka gore puso ya United States e ithaopele go thusa dinaga tse di humanegileng mo lefatsheng lotlhe, e di thusa go tokafatsa thulaganyo ya tsone ya temothuo, ya kalafi, ya thuto le tsamaiso ya tsone ya dipalangwa. United States e dumela gore maitlhomo a yone a go thusa dinaga di sele ke gore e itsholegele molemo. Dinaga dingwe le tsone di ne tsa leka go tlhotlheletsa dinaga tse dingwe ka go di naya thuso. Dingwaga di le 60 moragonyana, fa di sena go dirisa madi a mantsi go feta a a dirisitsweng ke Amerika mo Thulaganyong ya go Tsosolosa Ikonomi ya Dinaga di Sele, di ne tsa swabisiwa ke gore ga di a atlega. Ke boammaaruri gore dinaga tse pele di neng di humanegile di ne tsa huma thata, segolobogolo kwa Asia Botlhaba. Mme le fa kwa dinageng tse dingwe thuso e di e neilweng e ne ya fokotsa dintsho tsa bana ya ba ya thusa gore bana ba le bantsi ba bone thuto, dinaga di le dintsi di ne di sa ntse di humanegile ka tsela e e feteletseng.

Lebaka La go Bo Thuso ya Dinaga di Sele e sa Fedise Khumanego

Go thusa dinaga tse di humanegileng gore di tswe mo khumanegong go ne ga nna thata go feta go thusa dinaga tse di humileng gore di ikemele gape morago ga ntwa. Yuropa e ne e setse e na le madirelo, dikgwebo le thulaganyo ya dipalangwa. Ikonomi ya yone e ne e tlhoka go tsosolosiwa fela. Tota le fa dinaga tse dingwe di ne di thusa dinaga tse di humanegileng ka go di agela ditsela, dikolo, le ditlileniki, batho ba ne ba sa ntse ba le mo khumanegong e e feteletseng ka gonne dinaga tseo di ne di se na dikgwebo le ditswammung e bile di le kgakala le ditsela tsa kgwebo.

Mathata a a bakang khumanego le a a bakwang ke khumanego a raraane e bile a ka se fedisiwe motlhofo. Ka sekai, malwetse a baka khumanego mme  khumanego e baka malwetse. Bana ba ba sa fepiweng sentle ba ka koafala thata mo mmeleng le mo tlhaloganyong mo e leng gore fa ba gola ba ka se kgone go tlhokomela bana ba bone. Gape, fa dinaga tse di humileng di naya dinaga tse di humanegileng dijo tsa namolo, balemi le bagwebi ba dinaga tseo ba felelwa ke tiro mme seo se felela ka gore ba humanege le go feta. Go romelela dipuso tsa dinaga tse di humanegileng madi go ka baka bothata jo bongwe gape: Go motlhofo go utswa madi a namolo, mme go dira jalo go ka felela ka tsietso, mme tsietso le yone e oketsa khumanego. Tota thuso ya dinaga di sele ga e atlege ka gonne ga e rarabolole se tota se bakang khumanego.

Se se Bakang Khumanego

Khumanego e e feteletseng e bakwa ke fa dinaga, dipuso le batho ba dira dilo tse di solegelang bone fela molemo. Ka sekai, babusi ba dinaga tse di humileng ga ba tseye matsapa a a kalo go fedisa khumanego mo lefatsheng ka gonne ba tlhophiwa ka tsela ya temokerasi e bile ba batla go kgotsofatsa batho ba ba ba tlhophileng. Ka jalo, ga ba letlelele balemi ba dinaga tse di humanegileng go rekisetsa dinaga tse di humileng dikungo tsa bone gore balemi ba ba mo dinageng tse di humileng ba se ka ba senyegelwa ke kgwebo ya bone. Gape babusi ba dinaga tse di humileng ba thusa balemi ba dinaga tsa bone ka madi a mantsi gore dikungo tsa bone di rekwe thata go feta tsa balemi ba dinaga tse di humanegileng.

Go bonala sentle gore dipuso le batho ke bone ba bakang khumanego ka gonne ba batla go itsholegela molemo. Mokwadi wa Baebele e bong Solomone a re: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

Ka jalo, a go na le tsholofelo epe ya gore khumanego e tla fela? A go na le puso epe e e ka fetolang tsela e batho ba itshwarang ka yone?

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Molao o o Neng o Thibela Khumanego

Jehofa Modimo o ne a naya setšhaba sa bogologolo sa Iseraele melao e e neng e tla thibela khumanego ka selekanyo se segolo fa e ikobelwa. Go ya ka Molao, lelapa lengwe le lengwe, kwantle ga lotso lwa boperesiti lwa Lefi, le ne le newa naga e le boswa. Boswa jwa lelapa bo ne bo sireletsegile ka gonne naga e ne e ka se rekisediwe ruri. Morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le 50, naga yotlhe e ne e tshwanetse go busediwa mong wa yone kgotsa ba lelapa la gagwe. (Lefitiko 25:10, 23) Fa mongwe a ne a ka tshwanelwa ke go rekisa naga ya gagwe ka ntlha ya bolwetse, kotsi ya masetlapelo kgotsa ka go bo a le setshwakga, o ne a tla e busediwa a sa duedisiwe ka ngwaga wa Jubile. Go ne go se na lelapa lepe le le neng le tla humanega dikokomana ka go latelana.

Thulaganyo e nngwe ya Molao wa Modimo e e bontshang kutlwelobotlhoko e ne e le go letlelela motho yo o wetsweng ke masetlapelo go ithekisa gore e nne lekgoba. O ne a tla newa madi a lekgoba le rekwang ka one go sa le gale gore a duele dikoloto tsa gagwe. Fa go ne go ka fitlha ngwaga wa bosupa a ise a kgone go ithekolola, o ne a tshwanetse go gololwa a bo a newa peo le leruo gore a simolole go lema gape. Mo godimo ga moo, fa mohumanegi a ne a adima madi, Molao o ne o thibela Baiseraele ka ene go batla morokotso. Gape Molao o ne o laela batho gore ba se ka ba roba go fitlha kwa dintlheng tsa masimo a bone gore bahumanegi ba kgone go ronopa. Ka jalo, go ne go se na Moiseraele ope yo o neng a ka tshwanelwa ke go nna mokopi.—Duteronome 15:1-14; Lefitiko 23:22.

Le fa go ntse jalo, hisitori e bontsha gore Baiseraele bangwe ba ne ba humanega. Seo se ne se bakwa ke eng? Baiseraele ba ne ba sa ikobele Molao wa ga Jehofa. Kgabagare, jaaka kwa mafelong a mangwe a mantsi, batho bangwe ba ne ba nna beng ba naga ba ba humileng mme ba bangwe ya nna bahumanegi ba ba se nang naga. Khumanego e ne ya nna teng ka gonne Baiseraele bangwe ba ne ba tlhokomologa Molao wa Modimo mme ba dira dilo tse di solegelang bone fela molemo e seng batho ba bangwe.—Mathaio 22:37-40.