Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bodiidi Jwa Bojadikatana bo Ntse Jang?

Bodiidi Jwa Bojadikatana bo Ntse Jang?

 Bodiidi Jwa Bojadikatana bo Ntse Jang?

BODIIDI jwa bojadikatana bo kotsi. Bo dira gore batho ba se ka ba nna le dijo le metsi a a lekaneng mmogo le ditukisi le gore ba se ka ba nna le bonno jo bo siameng, kalafi le thuto. Bo ama batho ba le bilione, mo e batlang e le palo e e lekanang le ya banni botlhe ba dinaga tsa Amerika. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba kwa mafelong a a jaaka Yuropa Bophirima le Amerika Bokone ga ba itse ope yo o humanegileng ka tsela e e feteletseng. A re utlweng ka bangwe ba batho bano ba ba humanegileng.

Mbarushimana o nna le mosadi wa gagwe le bana ba bone ba batlhano kwa Rwanda, mo Afrika. Ngwana wa bone wa borataro o ne a swa a bolawa ke bolwetse jwa malaria. Mbarushimana a re: “Rre o ne a tshwanelwa ke go re kgaoganyetsa setsha sa gagwe re le barataro. Setsha sa me se ne se le sennye mo ke neng ka tshwanelwa ke go fudugela kwa toropong le lelapa la me. Nna le mosadi wa me re itshedisa ka go thotha dikgetsi tsa maje le motlhaba. Ntlo ya rona ga e na difensetere. Re ga metsi mo sedibeng se se kwa seteisheneng sa mapodise. Gantsi re ja gangwe fela ka letsatsi, mme fa go se na tiro re tlhola ka tlala letsatsi lotlhe. Fa go se na dijo ke a tsamaya—ga ke kgone go itshokela go utlwa bana ba lela ba batla dijo.”

Victor le Carmen ba itshedisa ka go baakanya ditlhako. Ba nna le bana ba bone ba batlhano mo toropong e e kwa thoko kwa Bolivia. Ba hirile phaposi e le nngwe mo kagong e e onetseng e e dirilweng ka ditena tsa mmu e e nang le marulelo a a nelang a disenke e bile e se na motlakase. Sekolo sa koo se na le bana ba le bantsi thata mo Victor a neng a tshwanelwa ke go direla morwadie deseke gore a kgone go tsena mo go sone. Banyalani bano ba tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le lesome go ya go rwalela dikgong tse ba tla di dirisang go apaya dijo le go bedisa metsi a ba tla a nwang. Carmen a re: “Ga re na ntlwana ya boithomelo. Ka jalo re tshwanelwa ke go ya kwa nokeng, e gape batho ba tlhapelang kwa go yone le go latlhela matlakala. Bana ba lwaletse ruri.”

Francisco le Ilídia ba nna kwa magaeng kwa Mozambique. Ba setse ka bana ba bannye ba le banè; wa botlhano o ne a swa a bolawa ke bolwetse jwa malaria fa bookelo bo sena go gana go mo alafa. Banyalani bano ba lema raese le dipotata mo tshingwaneng ya bone, tse di ka ba fepang ka dikgwedi di le tharo. Francisco a re: “Ka dinako tse dingwe dipula ga di ne kgotsa magodu a re utswela kwa tshingwaneng, ka jalo ke dira madinyana ka go sega le go rekisa mapolanka a lotlhaka lwa bampuse a a  dirisediwang go aga. Gape re tsamaya diura di le pedi go ya go rwalela dikgong kwa sekgweng. Nna le mosadi wa me re tla ka dingata tse pedi, e nngwe re apaya ka yone beke yotlhe re bo re rekisa e nngwe.”

Batho ba le bantsi ba akanya gore tota ga go a siama gore motho a le 1 mo go ba le 7 mo lefatsheng a bo a tshela jaaka Mbarushimana, Victor le Francisco mme batho ba bangwe ba le dibilione bone ba humile thata. Bangwe ba ne ba leka go rarabolola bothata jono. Setlhogo se se latelang se tlhalosa matsapa a ba a tsereng le dilo tse ba neng ba di solofetse.

 [Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Carmen le bana ba gagwe ba le babedi, ba ga metsi mo nokeng