Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Kwadilwe Leng?

Baebele e Kwadilwe Leng?

 Baebele e Kwadilwe Leng?

Baebele ke buka e e tlhomologileng. Batho ba feta dibilione di le tharo ba e tsaya e le buka e e boitshepo. Go tsewa gore ke buka e e rekisitsweng thata go feta tse dingwe tsotlhe, mme go fopholediwa gore go gatisitswe dikhopi tsa yone di feta 6 000 000 000 (e feletse kgotsa karolo ya yone) ka dipuo di feta 2 400.

LE FA Baebele e le buka e e balwang ke batho ba le bantsi go feta buka epe e nngwe, go na le dikgopolo di le dintsi tse di sa tshwaneng malebana le gore e kwadilwe leng, segolobogolo Dikwalo Tsa Sehebera tse gantsi di bidiwang Tesetamente e Kgologolo. O ka tswa o ile wa bala dingwe tsa dikgopolo tse di ntseng jalo mo makwalopakeng le mo dibukeng kgotsa o ka tswa o ile wa bona bakanoki ba di tlhalosa mo mananeong a thelebishene. Mafoko a a latelang a bontsha dingwe tsa dikgopolo tse batho ba di dumelang gompieno.

“Bontsi jwa dibuka tsa Baebele di kwadilwe mo lekgolong la borobedi go ya go la borataro la dingwaga B.C.E., kgotsa fa gare ga motlha wa ga moporofeti Isaia le motlha wa ga moporofeti Jeremia.”

“Mo dingwageng di le makgolo a le mabedi tse di fetileng, gantsi bakanoki ba Baebele ba ne ba dumela gore bontsi jwa [Dikwalo Tsa Sehebera] di ne tsa kwalwa ka motlha wa Baperesia le wa Bagerika (ka lekgolo la botlhano go ya go la bobedi la dingwaga B.C.E.).”

“Mekwalo yotlhe ya [Dikwalo Tsa Sehebera] jaaka e ntse gompieno e kwadilwe mo metlheng ya go busa ga Bagerika (morago thata, mo e ka nnang mo lekgolong la bobedi go ya go la ntlha la dingwaga [B.C.E.]).”

Mokeresete yo o dumelang gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo,” o tshwanetse go leba jang dikgopolo tseno tse di sa dumalaneng? (2 Timotheo 3:16) A re batleng karabo ya potso eno ka go sekaseka dintlha tse pedi tse di sa dumalaneng malebana le kgang eno.

Matlha A a Mo Baebeleng a a Bontshang Nako ya go Kwalwa ga Yone

Dikwalo Tsa Sehebera di umaka ditiragalo di le dintsi go ya kafa di latelanang ka teng. Ditiragalo tseno di bontsha gore dibuka tsa ntlhantlha di ne tsa kwalwa mo motlheng wa ga Moshe le Joshua, dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng. * Samuele, Dafide, Solomone  le ba bangwe ba ne ba di oketsa ka go kwala mekwalo e mengwe mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E. Go tswa foo go ne ga latela dibuka tse di buang ka hisitori, tsa poko le tsa boporofeti, tse di ka tswang di kwadilwe go tloga ka lekgolo la borobongwe go fitlha ka la botlhano la dingwaga B.C.E.

Dikhopi kgotsa dikapetla tsa dibuka tseno tsa Baebele, kwantle ga buka ya Esethere, ke mengwe ya Memeno ya Lewatle le le Suleng. Fa go sekasekwa gore mekwalo eno ke ya leng go dirisiwa carbon 14 (khabone ya marang a a bogale) le paleography (dipatlisiso tsa mekwalo ya bogologolo) go tlhomamisiwa gore memeno e megologolo go e feta yotlhe e kwadilwe mo e ka nnang ka 200 B.C.E. go ya go 100 B.C.E.

Se Babatlisisi ba se Buang

Lebaka la konokono la go bo batho ba belaela matlha a a mo Baebeleng a a bontshang nako ya go kwalwa ga yone ke ka gonne Baebele e bolela gore e kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo. Malebana le seno, Porofesa Walter C. Kaiser, Jr., o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Old Testament Documents: “[Baebele] e a belaetsa ka gonne ya re e tlhotlheleditswe e bile e bua ka dikgakgamatso le ka Modimo.” Bakanoki ba ba sa dumeleng gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo ba re e tshwanetse go sekasekiwa fela jaaka dibuka tse dingwe go bona gore a ga e na diphoso.

Go ne ga tsaya lobaka lo lo rileng thuto ya ga Darwin ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe e dirisiwa go tlhalosa tsela e madumedi a batho a ileng a fetoga ka yone fa nako e ntse e tsamaya. Ba simolotse ba obamela dilo tsa tlholego mme go tswa foo ba obamela medimo e mentsi. Kgabagare ba ne ba simolola go obamela modimo o le mongwe fela. E re ka dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di bua ka go obamela Modimo a le mongwe fela, bangwe ba re di tshwanetse tsa bo di kwadilwe morago thata ga nako e go tweng di kwadilwe ka yone.

Fa e sa le ka nako eo, Baebele e ile ya tlhatlhobiwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, dikishinare e e gatisitsweng bosheng ya Tesetamente e Kgologolo e na le ditlhogo tse di tlhalosang ka botlalo dilo tse di tlhatlhobilweng mo Baebeleng tse di jaaka mafoko a a dirisitsweng mo go yone, boammaaruri jwa dipego tsa yone tsa hisitori, kafa dipego tsa yone di tsamaisanang ka teng le dilo tse batho ba di dumelang mmogo le dilo tse dingwe tse di tlhatlhobilweng.

Le fa bakanoki ba sa dumalane ka gore dibuka tsa Baebele di kwadilwe leng, ba le bantsi ba dumalana le kgopolo ya ga Porofesa R. E. Friedman. O kwadile jaana: “Mo makgolong a mantsi a dingwaga, bakwadi ba bogologolo ba ne ba kwala mekwalo ya maboko, ditlhamo le melao. Mme moragonyana bakwadi ba bangwe ba ne ba dirisa mekwalo eno fa ba kwala. Bakwadi bao ba ne ba kwala Baebele ba tsaya tshedimosetso mo mekwalong eo.”

Buka ya Faith, Tradition, and History e tlotla ka dingwe tsa dilo tseno le ka tse dingwe tse di tlhatlhobilweng mo Baebeleng. Mme fa e konela ya re: “Le fa bakanoki ba dumalana ka go se ikanye Baebele e bile ba itshepa thata mo go se ba se dumelang, bone ka bobone ba tshwaana diphoso thata.”

 Go Femela Matlha A a Mo Baebeleng a a Bontshang Nako ya go Kwalwa ga Yone

Dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di ne di kwadilwe mo dilong tse di senyegang. Ka jalo ga go utlwale go lebelela gore mekwalo ya ntlhantlha kgotsa ya bogologolo e e kwadilweng go simolola mo metlheng ya ga Moshe, Joshua, Samuele kgotsa Dafide e tla tsamaya e bonwa. Le fa go ntse jalo, go ka kgonega go sekaseka bosupi jo bongwe jwa hisitori, jo bo bontshang gore go a utlwala go amogela matlha a a mo Baebeleng ka boyone, jaaka bakanoki le baithutamarope bangwe ba ba tlotlegang ba dira. Bosupi jono jwa reng? A re sekaseke dikai di le mmalwa.

A dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, go ne go na le dibuka tse di kwadilweng kwa dinageng tsa bogologolo tsa Botlhabagare, ka nako e Baebele e reng Moshe le Joshua ba ne ba tshela ka yone? Kwa dinageng tsa bogologolo tsa Mesopotamia le Egepeto go ne go kwalwa dibuka tsa hisitori, tsa bodumedi, tsa molao le tse dingwe tse di balwang. Go tweng ka mekwalo e e kwadilweng ke Moshe le Baiseraele ba bangwe? Dictionary of the Old Testament: Pentateuch e araba jaana: “Ga re na lebaka la go belaela gore dibuka tse di kwadilweng di ne di le teng kwa Kanana go ela kwa bofelong jwa motlha wa fa go ne go dirisiwa boronse [mo e ka nnang ka 1550 go ya go 1200 B.C.E.].” E oketsa jaana: “Fa go lejwa mekgwa ya bogologolo ya go kwala, ga go na lebaka lepe la go ganetsa gore mekwalo ya ga Moshe mmogo le mekwalo e mengwe yotlhe ga e a kwalwa ka nako e e reng e kwadilwe ka yone.”—Ekesodo 17:14; 24:4; 34:27, 28; Dipalo 33:2; Duteronome 31:24.

A bakwadi ba Baebele ba ne ba dirisa tshedimosetso ya mekwalo ya bogologolo fa ba kwala? Ee, bangwe ba umaka ‘dibuka’ tse e ka tswang e ne e le makwalo a puso, dipego tsa tatelano ya masika, dipego tsa hisitori le mekwalo e e neng e kwadilwe ditso le malapa.—Dipalo 21:14; Joshua 10:13; 2 Samuele 1:18; 1 Dikgosi 11:41; 2 Ditiragalo 32:32.

Ke ka ntlha yang fa go ise go bonwe mekwalo ya bogologolo ya Baebele, e e kwadilweng pele ga Memeno ya Lewatle le le Suleng? Lokwalopaka lwa Biblical Archaeology Review lo tlhalosa jaana: “Mekwalo e e kwadilweng mo papiraseng le mo matlalong ga e tlhole e le teng mo dikarolong tse dintsi tsa Palesetina, fa e se fela mo dikgaolong tse di omeletseng thata tse di jaaka naga e e dikologileng Lewatle le le Suleng. Papirase le matlalo a senngwa ke mmu o o bongola. Ka jalo, lebaka la go bo mekwalo eo e sa bonwa ga le reye gore ga e ise e ke e nne teng.” Tota e bile go bonwe dikano tsa letsopa di le makgolokgolo tse di neng di dirisiwa go kana makwalo. Mekwalo e e mo papiraseng le mo matlalong e ne ya senngwa ke molelo kgotsa ya senyega mo mmung o o bongola mme dikano tsa letsopa tsone ga di a senyega. Dikano tseno e ka tswa e le tsa magareng ga lekgolo la borobongwe go fitlha ka la botlhano la dingwaga B.C.E.

Mekwalo ya Baebele ya seatla e ne ya bolokwa jang? Buka ya The Bible as It Was ya re: “Ka jalo, dipolelo, dipesalema, melao le dipolelelopele tse re nang le tsone gompieno mo Baebeleng di tshwanetse tsa bo di ile tsa kwalololwa gantsintsi, tota le mo go one motlha wa go kwalwa ga Baebele. . . . Fa e le gore mekwalo eno e ne e kwalololwa gangwe le gape mo go  one motlha wa go kwalwa ga Baebele, e ne e le ka gonne e ne e dirisiwa; e ne e le mosola mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. . . . Ga go na ope yo o neng a ka tsaya matsapa a go kwalolola mekwalo e e se nang mosola.”—Duteronome 17:18; Diane 25:1.

Seno se raya gore dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di ne tsa kwalololwa gangwe le gape mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 1 500 go fitlha ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Buka ya On the Reliability of the Old Testament ya re tiro eno ya go kwalolola ka nepo e ne e akaretsa “go tlhabolola mefuta ya bogologolo ya thutapuo le tsela e mafoko a peletiwang ka yone, mokgwa o o neng o atile mo dinageng tsa bogologolo tsa Botlhabagare.” * Seno se dira gore re belaele bosupi jwa batho ba ba tlhatlhobileng tsela e Baebele e kwadilweng ka yone.

Baebele e Kwadilwe Leng?

A go a utlwala go tatalala gore e re ka gompieno go se na mekwalo ya seatla e e kwadilweng mo motlheng wa ga Moshe, Joshua, Samuele le ba bangwe, seo se bontsha gore dibuka tsa Baebele ga di a kwalwa ka nako e go tweng di kwadilwe ka yone? Bakanoki ba le bantsi ba dumalana gore lebaka fela la go bo re se na mekwalo ya bogologolo ga se bosupi jwa gore ga e ise e ko e nne teng. Mme gone, go ne go ka bolokwa mekwalo e le kana kang e e kwadilweng mo dilong tse di senyegang? Ka sekai, moithuti wa dilo tsa bogologolo tsa kwa Egepeto e bong K. A. Kitchen o ne a fopholetsa gore mo e batlang e le papirase yotlhe e go neng go kwadilwe mo go yone kwa Egepeto pele ga metlha ya Bagerika le Baroma e senyegile.

Gape batho ba ba tlotlang Baebele ba ka ipotsa gore, ‘Jesu o ne a leba Dikwalo Tsa Sehebera jang?’ Ka nako eo go ne go se ke go ganetsanwa ka gore di kwadilwe leng. Fela jaaka Bajuda ba bangwe, go lebega Jesu a ne a amogela tshedimosetso ya Dikwalo ya tatelano ya ditiragalo. A o ne a dumela gore dibuka tsa ntlhantlha tsa Baebele di ne di kwadilwe ke bomang?

Jesu o ne a umaka mekwalo ya ga Moshe. Ka sekai, o ne a umaka ‘buka ya ga Moshe.’ (Mareko 12:26; Johane 5:46) O ne a bua ka ditiragalo tse di mo go Genesise (Mathaio 19:4, 5; 24:37-39); Ekesodo (Luke 20:37); Lefitiko (Mathaio 8:4); Dipalo (Mathaio 12:5); le Duteronome (Mathaio 18:16). O ne a re: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.” (Luke 24:44) Fa e le gore o ne a dumela gore Moshe le ba bangwe ba kwadile Dikwalo Tsa Sehebera, kwantle ga pelaelo o ne a dumela gore tshedimosetso ya tsone ya tatelano ya ditiragalo e boammaaruri.

Ka jalo, Baebele e kwadilwe leng? A matlha a a mo Baebeleng a a bontshang nako ya go kwalwa ga yone a ka ikanngwa? Re sekasekile tsela e bakanoki ba le bantsi ba ba tlhatlhobileng Dikwalo ba lebang dilo ka yone mmogo le tshedimosetso e e mo Baebeleng ka boyone, bosupi jo bongwe jwa hisitori le tsela e Jesu a neng a leba Dikwalo ka yone. O akantse ka seno, a karabo ya gago e tla bontsha gore o dumalana le Jesu fa a ne a rapela Rraagwe, Jehofa Modimo, a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri”?—Johane 17:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka tatelano ya ditiragalo tsa Baebele, bona buka ya Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 447-467, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 23 Bona setlhogo se se reng “Bakwadi ba Bogologolo le Lefoko la Modimo” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 15, 2007, mo go tsebe 18-20.

[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 20-23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

(Dingwaga tseno ke dingwaga tse go fopholediwang gore dibuka tsa Baebele di weditswe ka tsone)

2000 B.C.E.

1800

[Setshwantsho]

Bakwadi ba kwa Egepeto ba ne ba kwala mekwalo mengwe pele ga motlha wa ga Moshe

[Motswedi wa Setshwantsho]

© DeA Picture Library/​Art Resource, NY

1600

[Setshwantsho]

Moshe o ne a wetsa Genesise ka 1513 B.C.E., a e kwala mo sekwalelong se se senyegang

Genesise 1513 B.C.E.

Joshua

1400

1200

Samuele

1000 B.C.E.

[Setshwantsho]

Dikano tsa letsopa di le makgolokgolo di sa ntse di le teng

Di ka tswa di dirilwe magareng ga 900 le 500 B.C.E.

Jona

800

Isaia

600

Jeremia

Daniele

[Setshwantsho]

Lekwalo le le mennweng la papirase, le bofilwe ka mogala o o nang le sekano sa letsopa

Le ka tswa le kwadilwe ka 449 B.C.E. kgotsa morago ga foo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Brooklyn Museum, Bequest of Theodora Wilbour from the collection of her father, Charles Edwin Wilbour

400

200

[Setshwantsho]

Memeno ya Lewatle le le Suleng e ne e phuthetswe ka letsela mme e tsentswe mo dinkgong. Ke yone mekwalo ya Baebele e megologolo go gaisa yotlhe e e kileng ya bonwa

E ka tswa e kwadilwe magareng ga 200 le 100 B.C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Shrine of the Book, Photo © The Israel Museum, Jerusalem