Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Polelelopele 5. Go Senngwa ga Lefatshe

Polelelopele 5. Go Senngwa ga Lefatshe

Polelelopele 5. Go Senngwa ga Lefatshe

“[Modimo o tla] senya ba ba senyang lefatshe.”—TSHENOLO 11:18.

● Tiro ya ga Rre Pirri ke go tsaya matute a a dirang beine ya mokolane mo ditlhareng tsa mokolane kwa Kpor, kwa Nigeria. Kgwebo ya gagwe e ne ya senngwa ke oli e ntsi e e neng ya tshologela mo molomong wa Noka ya Niger. A re: “E bolaya ditlhapi tsa rona, e re senya letlalo e bile e kgotlela metswedi ya rona. Ga ke tlhole ke na le se ke itshedisang ka sone.”

DITIRAGALO DI BONTSHA ENG? Go ya ka baitse bangwe, ngwaga le ngwaga mawatle a lefatshe a kgotlelwa ke leswe la ditone di le dimilione di le 6,5. Go fopholediwa gore diperesente di le 50 tsa leswe leo ke dipolasetiki tse di tla tsayang makgolokgolo a dingwaga gore di bole. Kwantle ga go kgotlela lefatshe, batho ba fetsa dikungo tsa lone ka lobelo lo logolo. Dipatlisiso di bontsha gore lefatshe le tlhoka ngwaga le dikgwedi di le tlhano gore le boe le tlhagise dikungo tsa lone tse batho ba di dirisang mo ngwageng. Lokwalodikgang lwa kwa Australia lwa Sydney Morning Herald lwa re: “Fa batho ba ka oketsega ka tsela e ba oketsegang ka yone gone jaanong, le fa dikungo di ka tswelela di dirisiwa ka tsela e di dirisiwang ka yone gone jaanong, re tla tlhoka go nna le Lefatshe le lengwe ka 2035.”

GANTSI BATHO BA GANETSA BA RENG? Batho ba botlhale e bile ba kgona go bona tharabololo ya mathata. Ka jalo, re ka kgona go rarabolola mathata ano mme ra thusa gore lefatshe le se ka la senyega.

A GO A UTLWALA GO BO BA GANETSA JALO? Ditlhopha tsa batho le batho ba le bantsi ba ba dirang ka natla ba ile ba tlhagisa setšhaba ka dilo tse di senyang lefatshe. Le fa go ntse jalo, lefatshe le ntse le kgotlelwa go ya pele.

O AKANYANG? A go a tlhokega gore Modimo a tseye kgato ya go dira gore lefatshe le se ka la senngwa—jaaka a solofeditse?

Kwantle ga dipolelelopele tse tlhano tse re sa tswang go tlotla ka tsone, gape Baebele e boleletse pele dilo dingwe tse di itumedisang tse di neng di tla diragala mo metlheng ya bofelo. Akanya ka sekai se le sengwe sa dilo tseno mo polelelongpele ya borataro.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Go ntse jaaka e kete nkile ka bo ke na le setsha sa paradaise e ntle mme jaanong ke na le thotobolo ya matlakala a a botlhole.”—ERIN TAMBER, MONNI WA KWA GULF COAST, KWA UNITED STATES, A BUA KA DITLAMORAGO TSA GO TSHOLOGA GA OLI KA 2010 KWA KGOGOMETSONG YA KWA MEXICO.

[Lebokoso mo go tsebe 8]

A di Bakilwe ke Modimo

E re ka Baebele e boleletse pele maemo a a bosula a re a bonang gompieno, a seo se raya gore a bakilwe ke Modimo? A ke ene a dirang gore re boge? O ka bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseo mo go kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

U.S. Coast Guard photo