Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Madi

Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Madi

 Botshelo mo Metlheng ya Ditiragalo Tsa Baebele—Madi

“A nna fa fatshe bolebana le matlole a matlotlo mme a lepa kafa boidiidi bo neng bo latlhela madi ka gone mo matloleng a matlotlo; mme batho ba le bantsi ba ba humileng ba ne ba latlhela madi a tshipi a le mantsi. Jaanong motlholagadi mongwe wa mohumanegi a tla mme a latlhela madinyana a le mabedi a tshipi, a a nang le boleng jo bo kwa tlase thata.”—MAREKO 12:41, 42.

BAEBELE e umaka madi gantsi. Ka sekai, jaaka re bone mo dipegong tsa Diefangele, Jesu o ne a dirisa mefuta e e farologaneng ya madi a tshipi go ruta melaometheo ya botlhokwa. O ne a tlhalosa se re se ithutang mo moneelong wa motlholagadi o e neng e le “madinyana a le mabedi a tshipi,” o o umakilweng mo temaneng e e fa godimo. Nako nngwe o ne a bua ka mofuta mongwe wa ledi la tshipi le le bidiwang denario go thusa balatedi ba gagwe gore ba lemoge kafa ba tshwanetseng go leba babusi ka teng. *Mathaio 22:17-21.

Ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhamiwa madi? A ne a dirwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele? A ne a dirisiwa jang? Mme re ithuta eng mo Baebeleng malebana le kafa re tshwanetseng go a leba ka gone?

Ba ne Ba Tlogela go Ananya Dithoto Mme ba Dirisa Dimetale Tse di Tlhwatlhwakgolo

Pele go tlhamiwa madi, batho ba ne ba gweba ba dirisa mokgwa wa go ananya dithoto. Ba ne ba ananya dithoto le ditirelo tsa boleng jo bo lekanang. Mme go ananya dithoto go ne go na le mathata a gone. Gore mokgwa ono o atlege, motho yo o ananyang dithoto o ne a tshwanetse go bo a rata tse yo mongwe a batlang go ananya ka tsone. Mo godimo ga moo, bagwebi ba ne ba tshwanelwa ke go tshola kgotsa go tlhokomela dilo tse dikgolo tse ba ananyang ka tsone, tse di jaaka diphologolo kgotsa dikgetsi tsa dijo tsa ditlhaka.

Kgabagare bagwebi ba ne ba bona go tlhokega gore ba nne le sengwe se se botoka se ba neng ba ka se dirisa go reka le go rekisa dithoto. Ba ne ba swetsa ka gore ba dirise dimetale tse di tlhwatlhwakgolo tse di jaaka gouta, selefera le kgotlho. Mo setshwantshong se se fa tlase, o bona mogwebi a dirisa mabenyane a dimetale tse di tlhwatlhwakgolo le ditenanyana tsa metale go reka dithoto dingwe kgotsa go duelela ditirelo dingwe. Dimetale tseo di ne di lekanngwa bokete ka kelotlhoko mo dikaleng tse di dirang sentle pele go ananngwa dithoto. Ka sekai, fa Aborahame a ne a reka lefelo le a neng a tla  fitlha mosadi wa gagwe yo o rategang e bong Sara mo go lone, o ne a lekanya bokete jwa selefera e e neng e tlhokega gore a le reke.—Genesise 23:14-16.

Ka nako ya fa Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao, bagwebi ba ba bogagapa ba ne ba dirisa dikale tse di sa berekeng sentle kgotsa dilekanyabokete tse di sa tlhomamang go tsietsa bareki. Go sa ikanyege go makgapha mo go Jehofa Modimo, ka jalo o ne a raya bagwebi ba Baiseraele a re: “Lo nne le dikale tse di tlhomameng, dilekanyabokete tse di tlhomameng.” (Lefitiko 19:36; Diane 11:1) Gompieno batho ba ba rekisang dithoto ba tshwanetse go gopola gore tsela e Jehofa a lebang bogagaru le go sa ikanyege ka yone ga e a fetoga.—Malaki 3:6; 1 Bakorintha 6:9, 10.

Kafa Madi a Tshipi a Neng a Dirwa ka Teng Kwa Tshimologong

Go lebega madi a ntlha a tshipi a ne a dirwa kwa Lydia (e gompieno e bidiwang Turkey), nako nngwe pele ga 700 B.C.E. Go ise go ye kae, batho ba ba neng ba dira ka metale mo dinageng tse di farologaneng, ba ne ba dira madi a le mantsi a tshipi mme batho ba dinaga tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng ba ne ba simolola go a dirisa.

Madi ano a tshipi a ne a dirwa jang? Modiri o ne a tlosa metale o o nyerolositsweng mo leubelong (1) a bo a o tshela mo diforomong tse di neng di tlhagisa dikgolokwe tse di sa kwalwang sepe tse di bidiwang di-flan (2). Go tswa foo o ne a tsenya dikgolokwe tseo fa gare ga ditshipi tse pedi tse di neng di gabilwe matshwao kgotsa ditshwantsho (3). Morago ga moo o ne a di itaya ka hamore gore setshwantsho se gatisediwe mo kgolokweng (4). E re ka tiro eno e ne e dirwa ka bonako, gantsi setshwantsho se ne se sa gatisediwe fa gare sentle mo mading mangwe. Badiri ba ne ba tlhaola madi ano ba bo ba a lekanya bokete go tlhomamisa gore e ne e le a boleng jo bo lekanang, mme fa go tlhokega ba ntsha metale ope o o sa tlhokegeng (5).

Baananyi ba Madi, Bakgethisi le Baboloki ba Madi

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., madi a tshipi a dinaga tse di farologaneng a ne a tsena mo Palesetina. Ka sekai, batsamai ba ba neng ba tla mo tempeleng kwa Jerusalema ba ne ba tla ka madi a dinaga tsa bone. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tlhokometse kwa tempeleng ba ne ba amogela lekgetho la tempele fela fa le duelwa ka mefuta e e rileng ya madi a tshipi. Baananyi ba ne ba ananya madi a dinaga tse dingwe kwa tempeleng mme gantsi ba ne ba duedisa batho madi a mantsi thata gore ba ananye madi ao ka a a letlelelwang. Jesu o ne a kgala batho bao ba ba bogagapa. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ne ba dira ntlo ya ga Jehofa “ntlo ya thekisetso” le “logaga lwa dinokwane.”—Johane 2:13-16; Mathaio 21:12, 13.

 Gape banni ba kwa Palesetina ba ne ba tshwanetse go duela mefuta e e farologaneng ya lekgetho. Le lengwe e ne e le “lekgetho la tlhogo” le baganetsi ba ga Jesu ba neng ba mmotsa ka lone. (Mathaio 22:17) Makgetho a mangwe a ne a akaretsa lekgetho la tsela le makgetho a go romela dithoto kwa dinageng di sele kgotsa go di tlisa mo nageng. Bakgethisi ba puso kwa Palesetina ba ne ba itsege ka go sa ikanyege, mme batho ba ne ba ba nyatsa. (Mareko 2:16) Bakgethisi ba ne ba ikokoanyetsa madi a mantsi ka go duedisa batho madi a a fetang a ba tshwanetseng go a duela ba bo ba itseela a mangwe. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bakgethisi ba ba jaaka Sakaio, ba ne ba tsibogela molaetsa wa ga Jesu mme ba tlogela mekgwa ya bone ya go sa ikanyege. (Luke 19:1-10) Gompieno, ope fela yo o batlang go latela Keresete o tshwanetse go dira dilo tsotlhe ka boikanyegi, go akaretsa le dilo tse di amanang le kgwebo.—Bahebera 13:18.

Batho ba bangwe ba ba neng ba dirisana le batho ka madi e ne e le baboloki ba madi. Mo godimo ga go ananya madi a dinaga di sele, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go boloka madi, ba adima batho madi e bile ba naya batho ba ba tsadisang madi mo bankeng morokotso. Jesu o ne a bua ka baboloki bano ba madi mo setshwantshong sa batlhanka ba ba neng ba neilwe madi a a sa lekaneng gore ba dire kgwebo ka one.—Mathaio 25:26, 27.

Tsela e re Tshwanetseng go Leba Madi ka Yone

Mo dinageng di le dintsi gompieno batho ba tshwanetse go berekela madi a ba ka rekang se ba se tlhokang ka one. Mafoko ano a Modimo a neng a tlhotlheletsa Kgosi Solomone gore a a kwale makgolokgolo a a fetileng a dingwaga a sa ntse a le boammaaruri: “Madi [ke] tshireletso.” Mme gape Solomone o ne a re botlhale bo molemo go feta madi ka gonne “bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Botlhale joo bo ka bonwa mo Baebeleng.

Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe gore ba lebe madi ka tekatekano fa a ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Fela jaaka barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re bontsha gore re botlhale fa re dirisa madi sentle le ka boikanyegi e bile re tila go a rata.—1 Timotheo 6:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

 Tshedimosetso ka Madi a Tshipi

● Mongwe wa mefuta ya madi a mannye thata a tshipi a a neng a dirisiwa kwa Palesetina mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le lepton ya kgotlho. Modiri o ne a ka berekela di-lepta di le pedi ka metsotso e le 15 fela. Madi a motlholagadi a neng a a tsenya mo letloleng la tempele e ka tswa e ne e le di-lepta tse pedi.—Mareko 12:42.

Derakema ya selefera e ne e le ledi la tshipi la kwa Gerika le motho a neng a ka duelwa ka lone fa a berekile mo e batlang e nna letsatsi lotlhe. (Luke 15:8, 9) Banna botlhe ba Bajuda ba ne ba duela lekgetho la tempele la diderakema di le pedi ngwaga le ngwaga.—Mathaio 17:24.

Denario ya selefera e ne e le ledi la kwa Roma le le neng le na le setshwantsho sa ga Kaesara, ka jalo go ne go tshwanela gore monna mongwe le mongwe wa Mojuda a dirise ledi leno go ntsha “sehuba” ka nako ya puso ya Roma. (Baroma 13:7) Fa mothapiwa a dirile diura di le 12, mothapi wa gagwe o ne a ka mo duela ka denario e le nngwe.—Mathaio 20:2-14.

Shekele ya selefera e e itshekileng e e dirilweng kwa motseng wa Ture e ne e dirisiwa kwa Palesetina mo motlheng wa fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. “Dipapetlana tsa selefera” di le 30 tse baperesiti ba bagolo ba neng ba duela Judase Isekariota ka tsone fa a sena go oka Jesu e ka tswa e ne e le dishekele tsa kwa Ture.—Mathaio 26:14-16.

Madi ano a tshipi a bontshitswe ka bogolo jwa one jwa mmatota