Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Ke go Sa Ikanyege?

A Ruri Ke go Sa Ikanyege?

A Ruri Ke go Sa Ikanyege?

“Fetola pego ya kotsi e o amegileng mo go yone go se kae mme sengwe le sengwe se tla siama.”

“Balaodi ba lekgetho ga ba tlhoke go itse sengwe le sengwe.”

“Selo sa botlhokwa ke gore o se ka wa tshwarwa.”

“Goreng o duelela selo mme o ka se bona mahala?”

O KA nna wa utlwa dikakgelo tse di tshwanang le tseno fa o kopa kgakololo mo dikgannyeng tsa madi. Go lebega batho bangwe ba akanya gore ba na le “tharabololo” ya sengwe le sengwe. Potso ke gore, a ruri tharabololo eo ke ya boikanyegi?

Gompieno go sa ikanyege go aname mo e leng gore gantsi batho ba leba go aka, go tsietsa le go utswa e le tsela e e amogelesegang ya go tila kotlhao, ya go dira madi kgotsa ya go atlega mo botshelong. Gantsi batho ba ba itsegeng ba tlhoma sekao se se sa siamang malebana le go ikanyega. Mo nageng nngwe kwa Yuropa, dikgetsi tsa tsietso le bogodu di oketsegile ka diperesente di feta 85 go simolola ka 2005 go fitlha ka 2006. Mme seo se ne se sa akaretse dikgetsi tse dinnye tsa go sa ikanyege, tse batho bangwe ba di bitsang dilo tse di sa reng sepe kgotsa “maleo a mannye.” Gongwe go ne go sa gakgamatse go le kalo gore batho ba ba di gogang kwa pele mo kgwebong le mo dipolotiking mo nageng eo ba ne ba nna le seabe mo ditirong tse di tlhabisang ditlhong tse mo go tsone ba fitlhetsweng ba dirisitse ditlankana tsa maaka tsa dipoloma gore ba nne le maemo mo ditirong tsa bone tsa boitshediso.

Le fa batho ba sa ikanyege, ba le bantsi ba batla go dira se se siameng. O ka tswa o le mongwe wa bone. Gongwe ka gonne o rata Modimo, o batla go dira se se siameng mo matlhong a gagwe. (1 Johane 5:3) O ka tswa o ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a kwala jaana: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Ka ntlha ya seo, re go laletsa gore o ele tlhoko maemo mangwe a a ka raelang motho gore a palelwe ke go itshwara ka “boikanyegi mo dilong tsotlhe.” Gape re tla sekaseka melaometheo ya Baebele e e ka thusang mo maemong a a ntseng jalo.

Ke Mang yo o Tshwanetseng go Duelela Ditshenyegelo Tse di Bakilweng ke Kotsi?

Letsatsi lengwe fa lekgarebe le le bidiwang Lisa * le ne le kgweetsa, le ne la dira phoso mme la thula koloi e nngwe. Ga go ope yo o gobetseng mme dikoloi ka bobedi di senyegile. Mo nageng e a nnang kwa go yone, bakgweetsi ba basha ba duela madi a mantsi a inshorense mme madi ao a a tlhatlosiwa morago ga kotsi nngwe le nngwe. E re ka ntsalae yo mogolo e bong Gregor a ne a na le ene, tsala nngwe ya gagwe e akantsha gore ba re Gregor ke ene a neng a kgweetsa koloi ya ga Lisa. Ka go dira jalo, Lisa o ne a ka se duele madi a mantsi a inshorense. Tsela eno e ne e lebega e le tharabololo e ntle. O tshwanetse go dira eng?

Dikhampani tsa inshorense di dirisa madi a a duelwang ke batho ba ba ikwadisitseng mo inshorenseng eo go duelela go baakanya dikoloi tse di senyegileng. Le fa go ntse jalo, fa Lisa a dirisa kakantsho ya tsala ya gagwe, tota o tla bo a pateletsa batho ba bangwe ba ba ikwadisitseng mo inshorenseng go duela ditshenyegelo tsa kotsi e a e bakileng ka go dira gore ba duele madi a a kwa godimo a inshorense. O tla bo a sa bue maaka fela mme gape o tla bo a utswetsa batho ba bangwe. Seno se boammaaruri le fa o kwala seteitemente sa maaka gore inshorense e go duele madi a mantsi.

Fa motho a itse gore o tla otlhaiwa go ya ka molao seno se tla dira gore a ikanyege. Mme lebaka le le botlhokwa thata la go ikanyega le mo Lefokong la Modimo. Mongwe wa Melao e e Lesome wa re: “O se ka wa utswa.” (Ekesodo 20:15) Moaposetoloi Paulo o ne a boeletsa taelo eno mo Bakereseteng, ka go re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa.” (Baefeso 4:28) Fa o ikobela Lefoko la Modimo mo dikgannyeng tse di tshwanang le tsa inshorense, o tila go dira sengwe se Modimo a se kgalang. O bontsha gore o rata molao wa Modimo e bile o a o tlotla. Gape seno se bontsha gore o rata baagelani ba gago le go ba tlotla.—Pesalema 119:97.

“Kaesara Dilo Tsa ga Kaesara”

Peter ke rakgwebo. Akhaontente ya gagwe e akantsha gore a dire kopo ya gore a se ka a duedisiwa lekgetho le lentsi ka gonne a “rekile” didirisiwa tsa khomputara tse di jang madi a mantsi. Go tlwaelegile gore go rekwe dilo tse di ntseng jalo mo kgwebong e e tshwanang le ya ga Peter. Le fa Peter a sa reka dilo tseo, go ka direga gore puso e se ka ya batlisisa gore a o di rekile. Madi a lekgetho a Peter a neng a tla a duedisiwa a ne a ka se ka a nna mantsi. O tshwanetse go dira eng? Ke eng se se ka mo kaelang fa a dira tshwetso?

Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba motlha wa gagwe a re: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo . . . Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho; yo o tshwanetsweng ke sehuba, sehuba.” (Baroma 13:1, 7) Batho ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba duela makgetho otlhe a balaodi ba batlang gore ba a duele. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa molao wa naga o letlelela batho ba ba rileng kgotsa dikgwebo go duela lekgetho le le kwa tlase, ga go phoso go kopa gore ba le fokotse fa ba tshwanelega go ya ka molao go dira jalo.

Ela tlhoko boemo jo bongwe jo bo akaretsang go duela makgetho. David o thapilwe e le mmetli wa logong mo khampaning ya lefelo le a nnang mo go lone. Mme ditsala tsa gagwe le baagelani ba mo kopa gore a direle matlo a bone diraka le fanitšhara mme o dira seno morago ga tiro. Ba mo solofetsa go mo naya madi a a fetang a a a amogelang kwa tirong mme ba mmolelela gore a se ka a ba direla rasiti ya tiro e a e dirileng. Ka jalo, ga go a dirwa rekoto ya tiro e e dirilweng e bile ga go tlhokege gore David a duele lekgetho. Batho ba le bantsi ba bona seno se siame ka gonne mongwe le mongwe o solegelwa molemo. E re ka David a kgatlhegela go itumedisa Modimo, o tshwanetse go leba jang tiro e e dirwang mme go sa kwalwe rekoto ya yone?

Le fa motho yo o dirang jalo a ka nna a se ka a tshwarwa, ga a duele lekgetho le puso e nang le tshwanelo ya go le amogela. Jesu o ne a laela jaana: “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:17-21) Jesu o ne a bua jalo go baakanya tsela e e phoso e bareetsi ba gagwe ba neng ba akanya ka yone malebana le go duela lekgetho. Balaodi ba puso ba Jesu a neng a re ke Kaesara, ba ne ba tsaya gore ba tshwanetse go duelwa lekgetho. Le fa go ntse jalo, balatedi ba ga Jesu ba ne ba leba go duela lekgetho e le selo se ba tshwanetseng go se dira go ya ka Dikwalo.

Go Tsietsa ka Nako ya Ditlhatlhobo

Moithuti wa sekolo se segolwane yo o bidiwang Marta o ipaakanyetsa go kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang. O tshwanetse go bona maduo a a kwa godimo fa a batla tiro e e siameng, ka jalo o feditse nako e ntsi a ithuta. Bangwe ba baithuti ka ene le bone ba ipaakantse—mme ka tsela e e farologaneng. Ba tla bo ba dirisa di-pager, di-calculator tse di tsentsweng tshedimosetso le difouno tsa selula go tsietsa gore ba bone maduo a a kwa godimo. A Marta o tshwanetse go dira se “mongwe le mongwe” a se dirang go tlhomamisa gore o bona maduo a mantsi?

Go tsietsa ke selo se se tlwaelegileng, ka jalo batho ba le bantsi ba akanya gore ga go phoso. Ba re “sa botlhokwa ke gore o se ka wa tshwarwa.” Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba akanye jalo. Le fa morutabana a ka se ka a lemoga ba ba tsietsang, go na le mongwe yo o ba bonang. Jehofa Modimo o itse se re se dirang e bile o tla re atlhola go ya ka se re se dirileng. Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya gagwe, mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” (Bahebera 4:13) Go itse gore Modimo o re lebile ka gonne a kgatlhegela dilo tse di siameng tse re di dirang go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re ikanyege fa re kwala tlhatlhobo, a ga go jalo?

O Tla Dira Eng?

Lisa, Gregor, Peter, David le Marta ba ne ba bona bomasisi jwa boemo jo ba neng ba lebane le jone. Ba ile ba swetsa ka gore ba ikanyege mme ka go dira jalo ba nna ba na le segakolodi se se phepa e bile ba thokgame. O tla dira eng fa o lebane le maemo a a tshwanang?

Badirikawena, baithutimmogo le wena le baagelani ba gago ba ka tswa ba sa tshwenngwe ke go aka, go tsietsa kgotsa go utswa. Boammaaruri ke gore ba ka nna ba go sotla ba leka go go pateletsa gore o dire se ba se dirang. Ke eng se se ka go thusang gore o dire tshwetso e e siameng le fa o gatelelwa gore o se ka wa ikanyega?

Gakologelwa, go dira tumalanong le thato ya Modimo go tla felela ka gore o nne le segakolodi se se phepa le gore Modimo a go amogele le go go rata. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago? Ke mang yo o tla agang mo thabeng ya gago e e boitshepo? Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo e bile a bua boammaaruri mo pelong ya gagwe. . . . Yo o dirang dilo tseno ga a kitla a reketlisiwa.” (Pesalema 15:1-5) Go nna le segakolodi se se phepa le go nna tsala ya Modimo wa legodimo go botoka thata go feta dithoto tse o ka nnang le tsone ka go sa ikanyege.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“A moutswi a se ka a tlhola a utswa.”

Go tlotla molao wa Modimo le go rata baagelani go re tlhotlheletsa gore re ikanyege mo dikgannyeng tsa inshorense

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

“Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho.”

Gore re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse go duela makgetho otlhe a molao o batlang gore re a duele

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Dilo tsotlhe di . . . mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” Le fa barutabana ba ka se re tshware re tsietsa, re batla go ikanyega mo Modimong

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Bogodu jo Batho ba Bangwe ba sa Itseng ka Jone

Tsala ya gago e rekile thulaganyo ya bosheng ya khomputara mme le wena o batla go nna le yone. O go bolelela gore ga o tlhoke go e reka e bile o tla go direla khopi ya yone. A seo ke go sa ikanyege?

Fa motho a reka software ya khomputara, o dumalana le molao o o kwadilweng mo thulaganyong eo ya gore go se ka ga dirwa khopi ya yone. Molao oo o ka nna wa letla moreki go tsenya le go dirisa thulaganyo eo mo khomputareng e le nngwe fela. Mo maemong ao, go direla motho yo mongwe khopi ya software eno ke go tlola molao o o kwadilweng mo thulaganyong eo e bile ga go kafa molaong. (Baroma 13:4) Go dira khopi jalo le gone ke bogodu, ka gonne go dira gore motho yo o dirileng thulaganyo eo a se ka a amogela madi a software eo.—Baefeso 4:28.

Batho bangwe ba ka nna ba re, ‘Ga go na ope yo o tla tsamayang a itse.’ Seo se ka tswa se le boammaaruri mme re tshwanetse go gakologelwa mafoko ano a ga Jesu: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Rotlhe re rata gore re duelelwe tiro e re e dirang e bile re batla gore batho ba bangwe ba tlotle dilo tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go direla batho ba bangwe ka tsela e e tshwanang. Re tila bogodu jo batho ba bangwe ba sa itseng ka jone, jo bo jaaka go tsaya dilo * tse di tlhamilweng ke batho ba bangwe tse e seng tsa rona.—Ekesodo 22:7-9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 39 Di akaretsa dilo tse di nang le melao ya bogatisi tse di jaaka mmino, dibuka kgotsa software, e ka ne di gatisitswe mo pampiring kgotsa di bolokilwe ka tsela ya ileketeroniki. Matshwao a a dirisiwang ke khampani mo dilong tse ba di rekisang, batho ba ba nang le tetla ya go dira dikhopi tsa dilo tsa batho ba bangwe, dilo tsa khampani tse e leng khupamarama le ditshwanelo tsa baphasalatsi le tsone di akarediwa mo lenaaneng leno.