Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ga a Kgakala Thata le Mongwe le Mongwe wa Rona’

‘Ga a Kgakala Thata le Mongwe le Mongwe wa Rona’

Atamalana le Modimo

‘Ga a Kgakala Thata le Mongwe le Mongwe wa Rona’

Ditiro 17:24-27

BATHO ke dibopiwa tse dinnye fa ba bapisiwa le lobopo lono lo logolo. Gongwe o kile wa ipotsa gore, ‘A ruri go a kgonega gore batho ba nne le kamano e e atamalaneng thata le Modimo Mothatayotlhe?’ Seo se ka kgonega fela fa Modimo, yo leina la gagwe e leng Jehofa, a batla gore re mo atamele. A Modimo o batla gore re mo atamele? Re ka bona karabo e e kgothatsang mo mafokong a a tlhotlheletsang a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela banna ba ba rutegileng ba kwa Athena, jaaka a kwadilwe mo go Ditiro 17:24-27. Ela tlhoko dilo di le nnè tse Paulo a di umakang ka Jehofa.

Sa ntlha, Paulo o ne a re Modimo ‘o dirile lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone.’ (Temana 24) Dilo tse dintle le tse di farologaneng tse di dirang gore re itumelele botshelo di naya bosupi jwa gore Mmopi wa rona o a re rata e bile o a re akanyetsa. (Baroma 1:20) E tla bo e le boeleele go akanya gore Modimo yo o re akanyetsang le yo o re ratang a ka tlhopha go nna kgakala le dibopiwa tsa gagwe tse a di ratang.

Sa bobedi, Jehofa “o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Temana 25) Jehofa ke Motlamedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Mowa, metsi le dijo e leng dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong ke dimpho tse di tswang kwa Mmoping wa rona. (Jakobe 1:17) A go a utlwala go dumela gore Modimo wa rona yo o pelotshweu a ka nnela kgakala le rona mme ka go dira jalo a re ganele ka mpho ya go mo itse le ya go mo atamela?

Sa boraro, Modimo “o dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Temana 26) Jehofa ga a na tlhaolele e bile ga a gobelele ka tsela le fa e le epe. (Ditiro 10:34) A ka nna jang jalo? O bopile ‘motho a le mongwe’ e bong Adame yo ditšhaba tsotlhe le ditso di tswang mo go ene. ‘Thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.’ (1 Timotheo 2:4) Ka jalo, rotlhe re kgona go atamalana le ene go sa kgathalesege gore re ba mmala ofe, setšhaba sefe kgotsa ba lotso lofe.

Sa bofelo, Paulo o re tlhomamisetsa jaana: Jehofa ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’ (Temana 27) Le mororo Jehofa a tlotlometse thata, ka dinako tsotlhe o gaufi le batho ba ka bopeloephepa ba batlang go mo atamela. Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore ga a kgakala mme o “gaufi le botlhe ba ba mmitsang.”—Pesalema 145:18.

Go phepafetse gore mafoko a ga Paulo a bontsha gore Modimo o batla gore re mo atamele. Le fa go ntse jalo, Paulo o tlhalosa gore Modimo o atamalana fela le batho ba ba iketleeditseng ‘go mmatla’ le ‘go mo apaapa.’ (Temana 27) Buka nngwe ya dipatlisiso ya baranodi ba Baebele ya re “madiri ano ka bobedi a kaya sengwe se se ka diregang . . . kgotsa go eletsa sengwe se se ka nnang sa direga.” Re ka tshwantsha jaana: Fa o le mo kamoreng e e lefifi mme o e itse, o ka nna wa apaapa go batla kgoro kgotsa konopo e e tshubang lobone mme o a itse gore se o se batlang o tla se bona. Ka jalo, fa re batla Modimo ka bopeloephepa le go mo apaapa, re ka tlhomamisega gore maiteko a rona a tla atlega. Paulo o re tlhomamisetsa gore ‘ruri re tla mmona.’—Temana 27.

A o eletsa go atamalana le Modimo? Fa ka tumelo o simolola ‘go batla Modimo’ le go ‘mo apaapa’ ga o kitla o swabisiwa. Ga go thata go atamela Jehofa gonne ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’