Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, lesedi la kgakgamatso, le ka dinako tse dingwe le neng le bidiwa Shekina, le le neng le tlhaga mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana le la tempele, le ne le emela eng?

Jehofa, Rre yo o lorato le Mosireletsi wa batho ba gagwe, o ne a dira gore go nna gone ga gagwe go bonale sentle kwa Iseraele. Tsela nngwe e a neng a dira seno ka yone e ne e le ka leru le le phatsimang le le neng le amana thata le lefelo la gagwe la kobamelo.

Lesedi leo le le galalelang le ne le emela go nna gone ga ga Jehofa mo go sa bonaleng. Le ne le bonala mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo la motlaagana le la tempele e e neng ya agiwa ke Solomone. Lesedi leo la kgakgamatso le ne le sa reye gore Jehofa o ne a le gone koo. Modimo ga a kgone go nna mo dikagong dipe tse di agilweng ke batho. (2 Ditiragalo 6:18; Ditiro 17:24) Lesedi leno le le galalelang le le neng le tlisiwa ke Modimo mo lefelong la gagwe le le boitshepo, le ne le tlhomamisetsa moperesiti yo mogolo e bile le dira gore moperesiti a tlhomamisetse Baiseraele botlhe gore go nna gone ga ga Jehofa go ne go bontsha gore o a ba sireletsa le go ba tlhokomela.

Mo puong ya Searamaika se se neng se buiwa morago ga motlha wa go kwalwa ga Baebele, lesedi leno le ne le bidiwa Shekina (shekhi·nahʹ), e leng lefoko le le rayang “se se nnang mo” kana “bonno.” Lefoko leno ga le tlhage mo Baebeleng mme le fitlhelwa mo dithanolong tsa Searamaika tsa Dikwalo Tsa Sehebera, tse gape di bidiwang Targum.

Fa Jehofa a ne a naya Moshe ditaelo tsa go aga motlaagana, o ne a mo raya a re: “Mme o beye sekhurumelo fa godimo ga Letlole, mme o tla baya tshupo e ke tla e go nayang mo teng ga Letlole. Mme ke tla itlhagisa kwa go wena koo ke bo ke bua le wena go tswa mo godimo ga sekhurumelo, go tswa fa gare ga ditšheruba tse pedi tse di mo godimo ga letlole la tshupo.” (Ekesodo 25:21, 22) Letlole le go buiwang ka lone e ne e le letlole le le neng le manegilwe gouta le le neng le le mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo. Go ne go na le ditšheruba tse pedi tsa gouta mo sekhurumelong sa Letlole.

Jehofa o ne a bua a le fa kae? O ne a araba potso eo fa a ne a raya Moshe a re: “Ke tla bonala fa godimo ga sekhurumelo ke le mo lerung.” (Lefitiko 16:2) Leru leno le ne le kokobala fa godimo ga Letlole le le boitshepo fa gare ga ditšheruba tse pedi tsa gouta. Baebele ga e tlhalose gore leru leno le ne le tlhatlogetse go le kana kang kwa godimo ga ditšheruba.

Leru leno le le galalelang le ne le bonesa lefelo la Boitshepo jwa Maitshepo. Tota e bile, e ne e le lone fela lesedi le le neng le bonesa mo teng ga phaposi eo. Fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo lefelong leo le le kwa tengteng ka Letsatsi la Tetlanyo, lesedi leo le ne le mo bonesetsa. O ne a ema fa pele ga ga Jehofa.

A lesedi leno le le gakgamatsang le na le bokao bongwe mo Bakereseteng? Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a bona motse o mo go one go se ‘kitlang go nna bosigo.’ Motse oo ke Jerusalema o Mosha, o o dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng gore ba ye go busa le Jesu. Lesedi la motse ono wa tshwantshetso ga le tswe mo letsatsing kana mo ngweding. Kgalalelo ya ga Jehofa Modimo ke yone e ka tlhamalalo e bonesang phuthego eno ya gagwe, fela jaaka Shekina e ne e kgona go bonesa mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo. Gape, Kwana, e bong Jesu Keresete, ke “lebone” la motse oo. Mo godimo ga moo, “motse” ono o bonesa lesedi la one la semoya mo bathong ba ba rekolotsweng mo ditšhabeng tsotlhe e le go ba kaela.—Tshenolo 21:22-25.

E re ka baobamedi ba Modimo ba bona masego a mantsi jaana a a tswang kwa go ene, ba ka tlhomamisega gore Jehofa ke Modisa wa bone yo o ba sireletsang le Rraabone yo o lorato.