Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tla Bonatsa Kgalalelo ya Modimo?

A o Tla Bonatsa Kgalalelo ya Modimo?

 A o Tla Bonatsa Kgalalelo ya Modimo?

“Re . . . bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa.—2 BAKORINTHA 3:18.

1. Moshe o ne a bona eng, mme go ne ga direga eng morago ga moo?

ENE e le nngwe ya diponatshegelo tse di boitshegang tse di kileng tsa bonwa ke motho. Fa Moshe a ne a le esi kwa godimo ga Thaba ya Sinai, o ne a kopa sengwe se se sa tlwaelegang mme a se newa. O ne a letlwa go bona sengwe se go se nang motho ope yo mongwe yo o kileng a se bona—kgalalelo ya ga Jehofa. Nnyaa, Moshe ga a ka a bona Jehofa ka tlhamalalo. Kgalalelo ya Modimo e kgolo thata mo e leng gore ga go na motho ope yo o ka e bonang a bo a sala a ntse a tshela. Go na le moo, Jehofa o ne a baya “legofi” la gagwe mo go Moshe go mo sireletsa go fitlhela Modimo a sena go feta. Go bonala a ne a dira jalo a dirisa moengele. Go tswa foo Jehofa a dira gore Moshe a bone masaledi fela a kgalalelo ya gagwe. Gape, Jehofa o ne a bua le Moshe a dirisa moengele. Baebele e a tlhalosa gore go ne ga direga eng morago ga moo, ya re: “Mme go ne ga diragala gore fa Moshe a fologa mo Thabeng ya Sinai . . . letlalo la sefatlhego sa gagwe le ne le ntsha marang ka gonne a ne a buile le [Jehofa].”—Ekesodo 33:18–34:7, 29.

2. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a reng ka kgalalelo e Bakeresete ba e bonatsang?

2 A o ko o ipone o eme le Moshe mo thabeng eo. A bo o ne o tla kgatlhiwa jang ne ke go bona kgalalelo e e boitshegang ya Mothatayotlhe le go reetsa lentswe la gagwe! Go fologa Thaba ya Sinai o na le Moshe, e leng motsereganyi wa kgolagano ya Molao, ruri e ne e tla nna tshiamelo e e seng kana ka sepe mo go wena! Le fa go ntse jalo, a o ne o itse gore ka tsela nngwe Bakeresete ba boammaaruri ba bonatsa kgalalelo ya Modimo go feta le e leng tsela e Moshe a neng a e bonatsa ka yone? Ntlha eno e e kgatlhang e tlhalosiwa mo lekwalong lengwe le le neng la kwalwa ke moaposetoloi Paulo. O ne a kwala a tlhalosa gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba “bonatsa jaaka diipone kgalalelo ya ga Jehofa.” (2 Bakorintha 3:7, 8, 18) Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba bonatsa kgalalelo ya Modimo ka tsela nngwe.

Kafa Bakeresete ba Bonatsang Kgalalelo ya Modimo ka Gone

3. Go ka tewa jang ga twe re na le kitso e Moshe a neng a se na yone ka Jehofa?

3 Tota re ka kgona jang go bonatsa kgalalelo ya Modimo? Ga re ise re bone Jehofa kgotsa go mo utlwa jaaka go ne ga direga ka Moshe. Le fa go ntse jalo, re na le kitso e Moshe a neng a se na yone ka Jehofa. Jesu o ne a nna Mesia morago ga dingwaga di ka nna 1 500 Moshe a sena go tlhokafala. Ka ntlha ya moo, Moshe o ne a ka se ka a itse gore Molao o ne o tla diragadiwa jang mo go Jesu, yo o neng a swa gore a golole batho mo kgatelelong e e setlhogo ya boleo le loso. (Baroma 5:20, 21; Bagalatia 3:19) Mo godimo ga moo, Moshe o ne a tlhaloganya maikaelelo a a gakgamatsang a ga Jehofa go sekae fela, a a amanang le Bogosi jwa Bomesia le Paradaise e e tlileng go nna teng mo lefatsheng e Bogosi jono bo tlileng go e tlisa. Ka tsela eno, re bona kgalalelo ya ga Jehofa e seng ka matlho a rona a nama, mme ka matlho a tumelo e e theilweng mo dithutong tsa Baebele. Mo godimo ga moo, re utlwile lentswe la ga Jehofa, e seng ka moengele, mme ka Baebele, segolo jang ka Diefangele tse di tlhalosang dithuto le bodiredi jwa ga Jesu bontle.

4. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba bonatsa kgalalelo ya Modimo jang? (b) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ka bonatsa jang kgalalelo ya Modimo?

4 Le mororo Bakeresete ba sa bonatse kgalalelo ya Modimo ka gore difatlhego tsa bone di ntshe marang a lesedi, difatlhego tsa bone di phatsima ka boitumelo fa ba ntse ba bolelela batho ba bangwe ka botho jo bo galalelang jwa ga Jehofa le ka maikaelelo a gagwe. Moporofeti Isaia o ne a bolelela  pele gore mo motlheng wa rona, batho ba Modimo “ruri ba tla bolela ka kgalalelo ya [ga Jehofa] mo ditšhabeng.” (Isaia 66:19) Mo godimo ga moo, re bala jaana mo go 2 Bakorintha 4:1, 2: “E re ka re na le bodiredi jono . . . , re baketse dilo tsa boferefere tse di tshwanetseng go re tlhabisa ditlhong, re sa tsamaye ka tsietso, le fa e le go kgotlela lefoko la Modimo, mme ka go dira gore boammaaruri bo bonatshege re itshupa re tshwanelega mo segakoloding sengwe le sengwe sa motho mo ponong ya Modimo.” Fano, Paulo o ne a bua segolobogolo ka Bakeresete ba ba tloditsweng, ba e leng “badiredi ba kgolagano e ntšha.” (2 Bakorintha 3:6) Le fa go ntse jalo, bodiredi jwa bone bo amile batho ba le bantsi thata ka tsela e e molemo ba jaanong ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. Bodiredi jwa ditlhopha tse pedi tseno bo akaretsa go bonatsa kgalalelo ya ga Jehofa e seng fela ka se ba se rutang mme le ka tsela e ba tshelang ka yone. Ruri re na le boikarabelo le tshiamelo ya go bonatsa kgalalelo ya Modimo Mogodimodimo!

5. Go atlega ga rona semoyeng ke bosupi jwa eng?

5 Gompieno, dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Bogosi jwa Modimo di rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni, fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele. (Mathaio 24:14) Batho ba ba tswang mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme ba ile ba tsibogela dikgang tse di molemo ka tlhagafalo mme ba fetotse matshelo a bone gore ba dire thato ya Modimo. (Baroma 12:2; Tshenolo 7:9) Fela jaaka go ne go ntse ka Bakeresete ba bogologolo, ga ba ka ke ba tlogela go bua ka dilo tse ba di boneng le tse ba di utlwileng. (Ditiro 4:20) Gompieno, kgalalelo ya Modimo e bonadiwa ke batho ba bantsi go feta lefa e le leng pele, ba ba fetang dimilione di le thataro. A o mongwe wa bone? Go atlega mo semoyeng ga batho ba Modimo ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore Jehofa o a ba segofatsa le go ba sireletsa. Fa o akanyetsa ntlha ya gore re lwa le masomosomo a a nonofileng go le kana kang, o kgona go bona sentle gore moya wa ga Jehofa o na le rona. Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa go ntse jalo.

Batho ba Modimo ga ba Kitla ba Didimadiwa

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le tumelo le bopelokgale gore re kgone go ema re nitame kafa letlhakoreng la ga Jehofa?

6 A re tseye gore gongwe o bileditswe kwa kgotlatshekelong go tla go ntsha bosupi ka sekebekwa sengwe se se setlhogo. O a itse gore sekebekwa seno se na le mokgatlho o o nonofileng tota e bile se tla leka kafa se ka kgonang ka gone go dira gore o se ka wa se senola. Gore o kgone go ntsha bosupi ka sekebekwa seo, o tla tshwanelwa ke go nna pelokgale le go ikanya balaodi gore ba tla go sireletsa mo go sone. Re mo boemong jo bo tshwanang le joo. Fa re neela bosupi ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe, re ntsha bosupi ka Satane Diabolo, re a mo senola gore ke mmolai wa batho e bile ke moaki yo o tsietsang batho botlhe mo lefatsheng. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) O tshwanetse go nna le tumelo le bopelokgale gore o kgone go ema o nitame kafa letlhakoreng la ga Jehofa le go ema kgatlhanong le Diabolo.

7. Satane o na le tlhotlheletso e e kana kang mme o leka go dira eng?

7 Ke boammaaruri gore Jehofa ke Mogodimodimo. Maatla a gagwe a feta a ga Satane kgakala. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o kgona e seng fela go re sireletsa fa re mo direla ka boikanyegi mme gape o iketleeleditse go dira jalo. (2 Ditiragalo 16:9) Le fa go ntse jalo, Satane ke mmusi wa madimona le wa batho ba ba mo lefatsheng ba ba fularetseng  Modimo. (Mathaio 12:24, 26; Johane 14:30) Satane o mo lefatsheng gone jaanong jaana e bile o tletse “bogale jo bogolo.” O ganetsa batlhanka ba ga Jehofa ka tsela e e setlhogo e bile o dirisa lefatshe le a le laolang go leka go didimatsa botlhe ba ba rerang dikgang tse di molemo. (Tshenolo 12:7-9, 12, 17) O dira seno jang? Ka ditsela di ka nna tharo.

8, 9. Satane o dirisa jang lorato lo lo sa tshwanelang, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhopha ditsala tsa rona ka kelotlhoko?

8 Nngwe ya ditsela tse Satane a lekang go re itaya tsebe ka yone ke ka go dirisa matshwenyego a botshelo. Mo metlheng eno ya bofelo, batho ke barati ba madi, baithati le barati ba menate. Ga se barati ba Modimo. (2 Timotheo 3:1-4) E re ka batho ba le bantsi ba tshwaregile thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi tsa botshelo, ga ba ‘tseye tsia’ dikgang tse di molemo tse re ba bolelelang tsone. Ga ba kgatlhegele go ithuta boammaaruri jwa Baebele ka gope. (Mathaio 24:37-39) Le rona re ka nna ra tsenwa ke mowa o o ntseng jalo o o sa siamang, o o dirang gore re se ka ra kgatlhegela dilo tsa semoya. Fa re itetla go rata dikhumo le menate ya lefatshe, lorato lo re ratang Modimo ka lone lo tla tsidifala.—Mathaio 24:12.

9 Bakeresete ba tlhopha ditsala tsa bone ka kelotlhoko gore seno se se ka sa ba diragalela. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) E kete re ka ‘tsamaya’ le ba ba bonatsang kgalalelo ya Modimo. Go dira jalo go itumedisa eletota! Fa re ntse re kopana mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona kwa dipokanong tsa rona le ka dinako tse dingwe, re kgothadiwa ke lorato lwa bone, tumelo ya bone, boitumelo le botlhale jwa bone. Dikokoano tse di ntseng jalo tse di molemo di dira gore re ikemisetse le go feta gore re tla kgaratlha mo bodireding.

10. Satane o dirisitse tshotlo jang mo bathong ba ba bonatsang kgalalelo ya Modimo?

10 Tsela e nngwe e Satane a lekang ka yone go thibela Bakeresete botlhe gore ba se ka ba bonatsa kgalalelo ya Modimo ke ka go ba sotla. Ga re a tshwanela go gakgamalela gore lefatshe le bo le dirisa mokgwa ono. Ka nako ya fa Jesu Keresete a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a sotlwa—batho ba ne ba mo ja ditshego, ba mo tshwara ka tsela e e se nang maitseo tota le go mo kgwela mathe. (Mareko 5:40; Luke 16:14; 18:32) Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba sotlwa ke batho. (Ditiro 2:13; 17:32) Batlhanka ba gompieno ba ga Jehofa le bone ba sotlwa ka tsela e e tshwanang. Go ya ka moaposetoloi Petere, ba ne ba tla bidiwa “baporofeti ba maaka.” Petere o ne a bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone, ba tswelela go ya ka dikeletso tsa bone mme ba re: ‘Go kae go nna gone mono ga gagwe mo go solofeditsweng? Aitsane, . . . dilo tsotlhe di sa ntse di ntse jaaka go tswa kwa tshimologong ya popo.’” (2 Petere 3:3, 4) Batho ba Modimo ba a sotlwa, ga twe ga ba tseye sentle. Batho ba leba melao ya Baebele ya boitsholo e le e e siilweng ke nako. Mo go ba le bantsi molaetsa o re o rerang ke wa boeleele. (1 Bakorintha 1:18, 19) Ka ntlha ya go bo re le Bakeresete, re ka nna ra sotlwa kwa sekolong, kwa tirong mme ka dinako tse dingwe le mo lelapeng. Mme ga re letle gore seno se re kgoreletse. Go na le moo, re tswelela pele re bonatsa kgalalelo ya Modimo ka go rera, re itse fela jaaka Jesu le ene a ne a itse gore Lefoko la Modimo le boammaaruri.—Johane 17:17.

11. Satane o dirisitse pogiso jang go leka go didimatsa Bakeresete?

 11 Tsela ya boraro e Diabolo a e dirisang go leka go re didimatsa ke go ganediwa le go bogisiwa. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) E le ruri, rona Basupi ba ga Jehofa re ile ra bogisiwa setlhogo mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Re a lemoga gore Jehofa ga a bolo go bolelela pele gore batho ba ba direlang Satane Diabolo ba tla ila ba ba direlang Modimo e bile ba tla nna baba ba bone. (Genesise 3:15) Gape re a itse gore fa re nna re ntse re ikanyega le fa re lekwa, re ntsha bosupi jwa gore Jehofa ke ene yo o nang le tshwanelo ya go nna molaodi wa lobopo lotlhe. Go itse seno go ka re nonotsha fela thata le ka nako ya fa re itshoketse maemo a a boima. Fa re nna re ikemiseditse go bonatsa kgalalelo ya Modimo, ga go na pogiso epe e e ka dirang gore re didimalele ruri.

12. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumela fa re ganediwa ke Satane?

12 A o leka go emelana le dithaelo tsa lefatshe le go nna o ntse o ikanyegile go sa kgathalesege go sotlwa le go bogisiwa? Fa e le gore o dira jalo, o na le lebaka la go itumela. Jesu o ne a tlhomamisetsa ba ba neng ba tla mo sala morago a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Mathaio 5:11, 12) Go itshoka ga gago ke bosupi jo bo bontshang gore moya o o boitshepo o o maatla wa ga Jehofa o na le wena, o go nonotsha gore o kgone go bonatsa kgalalelo ya gagwe.—2 Bakorintha 12:9.

Jehofa o re Thusa go Itshoka

13. Lebaka la konokono la go bo re itshoka mo bodireding jwa rona jwa Bokeresete ke lefe?

13 Lebaka la konokono la go bo re itshoka mo bodireding ke gore re rata Jehofa e bile re itumelela go bonatsa kgalalelo ya gagwe. Batho ba rata go etsa batho ba bangwe ka go bo ba ba rata e bile ba ba tlotla, mme Jehofa Modimo ke sekao se se di gaisang tsotlhe se se tshwanetseng go ediwa. Ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo, o ne a romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go neela bosupi ka boammaaruri le go golola batho ba ba kutlo. (Johane 3:16; 18:37) Fela jaaka Modimo, le rona re eletsa gore batho ba mefuta yotlhe ba ikwatlhaye mme ba bolokwe; ke lone lebaka la go bo re ba rerela. (2 Petere 3:9) Keletso eno e re nang le yone mmogo le go ikemisetsa ga rona go etsa Modimo, go re tlhotlheletsa gore re nne re leke go bonatsa kgalalelo ya gagwe ka bodiredi jwa rona.

14. Jehofa o re nonotsha jang gore re kgone go itshoka mo bodireding?

14 Le fa go ntse jalo, Jehofa ke ene motswedi wa konokono wa nonofo e re nang le yone ya go kgona go itshoka mo bodireding jwa Bokeresete. O re tshegetsa le go re nonotsha ka moya wa gagwe, phuthego le ka Lefoko la gagwe e leng Baebele. Ba  ba iketleeleditseng go bonatsa kgalalelo ya gagwe, Jehofa o ba ‘fa boitshoko.’ O araba dithapelo tsa rona le go re naya botlhale go re thusa go lebana le diteko. (Baroma 15:5; Jakobe 1:5) Mo godimo ga moo, Jehofa ga a letle gore re tlelwe ke diteko tse re ka se kang ra kgona go di itshokela. Fa re ikanya Jehofa, o tla dira gore re kgone go itshoka le gore gape re kgone go tswelela re bonatsa kgalalelo ya gagwe.—1 Bakorintha 10:13.

15. Ke eng se se re thusang go itshoka?

15 Go itshoka mo bodireding go re naya bosupi jwa gore moya wa Modimo o na le rona. Ka sekai: A re re mongwe o go kopile gore o tsamaye ka ntlo le ntlo o naya batho senkgwe se se rileng mahala. O laelwa gore o ituelele ditshenyegelo tsa go tsamaya o abela batho senkgwe seo le gore o dirise nako ya gago. Fa o setse o simolotse go dira tiro eo, o a lemoga gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba batlang senkgwe sa gago; e bile bangwe bone ba ganetsa maiteko a gago a go leka go tsamaya o se aba. A o akanya gore o ne o tla kgona go tswelela ka tiro eo, o e dira kgwedi le kgwedi, ngwaga le ngwaga? Ga go bonale jalo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o feditse dingwagangwaga kgotsa masomesome a dingwaga o iteka ka natla go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo o dirisa nako ya gago le madi a gago. Ka ntlha yang? A ga se ka ntlha ya go bo o rata Jehofa e bile a segofaditse maiteko a gago ka moya wa gagwe gore o kgone go itshoka? E le ruri go ntse jalo!

Tiro E re Se Kitlang re e Lebala

16. Go itshoka mo bodireding go ka re solegela molemo jang rona le ba ba re reetsang?

16 Bodiredi jwa kgolagano e ntšha ke mpho e e ka se kang ya bapisiwa le epe. (2 Bakorintha 4:7) Ka tsela e e tshwanang, bodiredi jwa Bokeresete jo bo dirwang ke dinku tse dingwe mo lefatsheng lotlhe ke letlotlo. Fa o ntse o tswelela go itshoka mo bodireding, le wena, jaaka Paulo a ne a kwalela Timotheo, o ka kgona go “ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Akanya fela gore seo se bolela eng. Dikgang tse di molemo tse o di rerang di naya batho ba bangwe tshono ya go tshelela ruri. O ka kgona go nna le botsala jo bo atamalaneng thata le batho ba o ba thusang semoyeng. Akanya fela gore go tla bo go itumedisa jang go tshelela ruri mo Paradaiseng o na le batho ba o ba thusitseng go ithuta ka Modimo! Ruri ga ba kitla ba lebala maiteko a o ileng wa a dira a go ba thusa. Ruri seno e tla bo e le selo se se itumedisang e le tota!

17. Ke ka ntlha yang fa motlha o re tshelang mo go one o sa tshwane le ope o mongwe mo hisitoring ya batho?

17 O tshela mo nakong e e sa tshwaneng le epe mo hisitoring ya batho. Ga go kitla go tsamaya go direga gape mo nakong e e tlang gore dikgang tse di molemo di rerwe mo lefatsheng le le fularetseng Modimo jaaka leno. Noa o ne a tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo, e bile o ne a bona go senngwa ga lone. A bo a tshwanetse a bo a ile a itumela jang ne go itse gore o ile a dira thato ya Modimo ka boikanyegi ya go aga araka e e neng ya dira gore ene le ba lelapa la gagwe ba bolokwe! (Bahebera 11:7) Le wena o ka kgona go itumela ka tsela e e ntseng jalo. Akanya fela gore o tla bo o ikutlwa jang mo lefatsheng le lesha fa o akanya ka tiro e o ileng wa e dira mo metlheng eno ya bofelo, o itse gore o ile wa dira sotlhe se o neng o ka se kgona go tsweletsa pele dilo tsa Bogosi.

18. Jehofa o kgothatsa batlhanka ba gagwe jang e bile o ba tlhomamisetsa eng?

18 Ka jalo, a re tsweleleng pele re bonatsa kgalalelo ya Modimo. Go e bonatsa jalo e tla nna selo se re se kitlang re tsamaya re se lebala. Jehofa le ene o gakologelwa ditiro tsa rona. Baebele e re kgothatsa jaana: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe, ka lo diretse baitshepi e bile lo tswelela lo ba direla. Mme re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong, gore lo se ka lwa nna bobodu, mme lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Bahebera 6:10-12.

A o Ka Tlhalosa?

• Bakeresete ba bonatsa jang kgalalelo ya Modimo?

• Satane o dirisa maano afe go leka go didimatsa batho ba Modimo?

• Go na le bosupi bofe jo bo bontshang gore moya wa Modimo o na le rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Sefatlhego sa ga Moshe se ne se bonatsa kgalalelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Re bonatsa kgalalelo ya Modimo mo bodireding jwa rona