Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”

“Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”

“Loso lo Komediwa ka Bosaengkae”

AKANYA fela o bala lokwalodikgang lo lo nang le setlhogo se se tshwanang le se se fa godimo go na le go bala ka mosetsanyana yo o ipolaileng. Mme gone ga go na lokwalodikgang lope lo lo kileng lwa kwala mafoko ao. Mme mafoko a a fa godimo a kwadilwe mo bukeng ya bogologolo tala—Baebele.

Loso lo tlhalosiwa sentle mo Dikwalong. Gape Baebele ga e tlhalose fela gore ke ka ntlha yang fa re swa mme gape e tlhalosa gore baswi ba mo boemong bofe e bile e re naya tsholofelo ka baratiwa ba rona ba ba suleng. Gape e bua ka nako e e molemolemo e mo go yone re tla reng: “Loso lo komediwa ka bosaengkae.”—1 Bakorintha 15:54.

Baebele e tlhalosa loso ka mafoko a a motlhofo e seng ka mafoko a a thata go tlhaloganngwa. Ka sekai, gantsi e tshwantsha go swa le go ‘robala mo losong,’ mme gape e tlhalosa baswi e re ‘ba robetse mo losong.’ (Pesalema 13:3; 1 Bathesalonika 4:13; Johane 11:11-14) Gape loso lo bidiwa “mmaba.” (1 Bakorintha 15:26) Sa botlhokwa le go feta, Baebele e dira gore re kgone go tlhaloganya lebaka la go bo loso lo tshwana le boroko, lebaka la go bo loso lo sotla batho, le kafa kgabagare mmaba yono a tla fenngwang ka teng.

Ke Eng fa re Swa?

Lekwalo la ntlha la Baebele le tlhalosa kafa Modimo a neng a dira motho wa ntlha Adame ka teng mme a mmaya mo legaeng la paradaise. (Genesise 2:7, 15) Fa Adame a sena go bopiwa, o ne a newa tiro e a neng a tshwanetse go e dira le thibelo e le nngwe fela. Mabapi le setlhare sengwe mo tshimong ya Edene, Modimo o ne a mo raya a re: “O se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” * (Genesise 2:17) Ka jalo Adame o ne a tlhaloganya gore o tlile go swa nako nngwe. Seo e ne e le matswela a go tlola molao wa Modimo.

Go utlwisa botlhoko gore Adame le mosadi wa gagwe Efa ba ne ba tlhoka kutlo. Ba ne ba tlhopha go tlhokomologa thato ya Mmopi wa bone mme ba tlelwa ke matswela a seo. Modimo o ne a ba raya jaana fa a ne a tlhalosa matswela a boleo jwa bone: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Ba ne ba simolola go nna le bogole jo bo masisi—ba nna batho ba ba sa itekanelang. Go tlhoka go itekanela ga bone, kana boleo, go ne go tla ba isa losong.

Bogole jono—boleo—gape bo ne jwa fetela mo baneng ba ga Adame le Efa, ke gore mo bathong botlhe. Go ntse jaaka e kete ke bolwetse jwa lefutso. Adame ga a ka a latlhegelwa fela ke sebaka sa go tshela kwantle ga sebetso sa loso mme gape o ile a fetisetsa bosaitekanelang mo baneng ba gagwe. Batho ba ile ba nna makgoba a boleo. Baebele ya re: “Ke gone ka moo, fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

“Boleo bo ne Jwa Tsena mo Lefatsheng”

Bogole jono, kana boleo, ga se selo se se ka bonwang ka matlho. “Boleo” ke go tlhaela mo dilong tse di amanang le boitsholo le bomoya mo re go ruileng mo batsading ba rona ba ntlha, mme bo na le diphelelo tse di amang batho ka tsela e e bonalang. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore Modimo o re neile kalafi ya jone. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Mo lekwalong la ntlha le Paulo a le kwaletseng Bakorintha o ne a kwala le ka tsholofelo nngwe e a neng a e tsaya e le botlhokwa thata: “Fela jaaka mo go Adame botlhe ba swa, jalo le mo go Keresete botlhe ba tla tshedisiwa.”—1 Bakorintha 15:22.

Go bonala sentle gore Jesu Keresete o na le seabe se segolo sa go fedisa boleo le loso. O ne a re o tletse mo lefatsheng “go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Boemo jono bo tshwana le jwa fa go tserwe motho mongwe ka dikgoka mme go tshwanetse ga ntshiwa madi a a rileng gore a gololwe. Rona thekololo e e ka re gololang mo boleong le mo losong ke botshelo jwa ga Jesu e le motho yo o itekanetseng. *Ditiro 10:39-43.

Modimo o ne a romela Jesu mo lefatsheng gore a tle go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore re bone thekololo. “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene . . . a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Pele ga Keresete a swa loso lwa go intsha setlhabelo, o ne a ‘supa ka ga boammaaruri.’ (Johane 18:37) Le ka nako ya fa a ne a dira bodiredi jwa gagwe jwa phatlalatsa, o ne a dirisa ditiragalo dingwe gore a senole boammaaruri ka loso.

“Mosetsanyana . . . o Robetse”

Jesu o ne a itse loso fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a utlwisiwa botlhoko ke go swelwa ke batho ba ba gaufi le ene, e bile o ne a itse sentle gore le ene o tla swa a ise a tsofale. (Mathaio 17:22, 23) Go bonala gore dikgwedi di sekae pele ga Jesu a bolawa, tsala ya gagwe e kgolo Lasaro o ne a swa. Tiragalo eo e re thusa go bona gore Jesu o leba loso jang.

Fela fa Jesu a sena go utlwa gore Lasaro o sule, o ne a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone gore ke mo tsose mo borokong.” Barutwa ba gagwe ba ne ba tsaya gore fa e le gore Lasaro o ne a itapolositse, o ne a tla nna botoka. Ka jalo Jesu o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Lasaro o sule.” (Johane 11:11-14) Go bonala sentle gore Jesu o ne a tsaya loso lo tshwana le boroko. Le fa go ka nna thata gore re tlhaloganye loso, re tlhaloganya boroko. Fa re thulametse, ga re lemoge gore nako e a tsamaya e bile ga re lemoge se se diragalang fa re leng teng, ka gonne re tshwana le motho a idibetse ka nakwana. Baebele e tlhalosa boemo jwa baswi fela jalo. Moreri 9:5 ya re: “Fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”

Gape Jesu o ne a tshwantsha loso le boroko ka gonne batho ba kgona go tsosiwa mo losong, ka maatla a Modimo. Nako nngwe, Jesu o ne a etela lelapa lengwe le le neng le tlhakane tlhogo ka ntlha ya go swelwa ke ngwana wa mosetsanyana. Jesu o ne a re: “Mosetsanyana ga aa swa, mme o robetse.” Go tswa foo o ne a atamela mosetsana yo o suleng mme a tshwara seatla sa gagwe mme mosetsanyana “a tsoga.” Ke gore o ne a tsosiwa mo baswing.—Mathaio 9:24, 25.

Ka tsela e e tshwanang Jesu o ne a tsosa Lasaro tsala ya gagwe mo baswing. Mme pele ga a dira kgakgamatso eo, o ne a gomotsa Maratha, kgaitsadia Lasaro ka gore: “Kgaitsadio o tla tsoga.” O ne a araba jaana a tlhomamisegile ka se a se buang: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:23, 24) Go lebega a ne a lebeletse gore batlhanka botlhe ba Modimo ba tla tsosiwa nako nngwe mo isagweng.

Totatota tsogo e kaya eng? Lefoko la Segerika le le rayang “tsogo” (a·naʹsta·sis) fa le ranolwa ka tlhamalalo le raya “go ema.” Le raya go tsoga mo baswing. Seno se ka utlwala se sa dumelesege mo bathong bangwe, mme fa Jesu a sena go re baswi ba tla utlwa lentswe la gagwe, o ne a re: “Lo se gakgamalele seno.” (Johane 5:28) Ka gonne Jesu a ile a tsosa batho mo lefatsheng, re dumela tsholofetso ya Baebele ya gore baswi ba Modimo a ba gakologelwang ba tla tsoga mo “borokong” jwa bone jo boleele. Tshenolo 20:13 e bolelela pele jaana: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese [lebitla la batho le le tlwaelegileng] tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.”

A baswi bano ba tla tsosediwa gore ba boe ba tsofale ba bo ba swe gape, jaaka go ile ga direga ka Lasaro? Modimo ga a ikaelela jalo. Baebele e re tlhomamisetsa gore nako e etla e mo go yone ‘loso lo tla bong lo seyo’ ka jalo, go se na ope yo o tsofalang a bo a swa.—Tshenolo 21:4.

Loso ke mmaba. Batho ba na le baba ba bangwe ba bantsi ba ba tlwaelegileng jaaka bolwetse le botsofe tse le tsone di ba bogisang thata. Modimo o solofetsa gore o tla di fedisa tsotlhe, mme kgabagare a atlhole mmaba yo mogolo wa batho. “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”—1 Bakorintha 15:26.

Fa tsholofetso eo e sena go diragadiwa, batho ba tla itumelela botshelo jo bo itekanetseng, ba sa angwe ke boleo le loso. Mme gone jaanong a re gomodiweng ke go itse gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba ikhuditse, mme fa Modimo a ba gakologelwa, ba tla tsosiwa ka nako e e tshwanetseng.

Go Tlhaloganya Loso go Dira Gore Botshelo bo Nne le Bokao

Go tlhaloganya loso sentle le go nna le tsholofelo ya gore baswi ba tla tsoga go ka fetola tsela e re lebang botshelo ka yone. Ian, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a le mo dingwageng tsa bo20 fa a ne a ithuta tlhaloso ya Baebele ka loso. A re: “Ke ne ke na le tsholofelo e ke sa e tlhaloganyeng sentle ya gore rre o felo gongwe. Ka jalo fa ke ne ke ithuta gore o robetse mo losong, kwa tshimologong seno se ne sa dira gore ke sulafalelwe.” Le fa go ntse jalo, fa Ian a ne a bala ka tsholofetso ya Modimo ya go tsosa baswi, o ne a itumelela thata go itse gore o tla bona rraagwe gape. A re: “E le la ntlha mo botshelong jwa me, ke ne ka ikutlwa ke ritibetse.” Go tlhaloganya loso sentle go ne ga mo tlisetsa kagiso ya mogopolo e e neng ya mo ritibatsa maikutlo.

Clive le Brenda ba ne ba tlhokafalelwa ke ngwana wa bone wa mosimane e bong Steven yo o neng a na le dingwaga di le 21, mo kotsing e e maswe e go builweng ka yone mo setlhogong se se fetileng. Le fa ba ne ba itse se Baebele e se buang ka loso, ba ne ba sa ntse ba hutsafaditswe thata ke loso lwa gagwe lwa tshoganyetso. Boammaaruri ke gore loso ke mmaba, mme lo utlwisa botlhoko. Ka bonya ka bonya, kitso ya Dikwalo e ba nang le yone e ne ya nna ya ritibatsa kutlobotlhoko ya bone. Brenda a re: “Go tlhaloganya loso go ne ga dira gore re boe gape re tshele ka tsela e e tlwaelegileng mme re tswele pele ka botshelo. Mme gone letsatsi le letsatsi re akanya ka nako ya fa Steven a tla tsoga mo borokong jwa gagwe jo bogolo.”

“Loso, Lobolela Lwa Gago lo Kae?”

Go bonala sentle gore go tlhaloganya boemo jwa baswi go ka re thusa gore re lebe botshelo ka tsela e e tshwanetseng. Ga go tlhokege gore loso e nne masaitsiweng. Re ka itumelela botshelo re sa boife ka tsela e e feteletseng gore mmaba yono o emetse go re tshwara. Mme fa re lemoga gore ga re swele ruri seo se dira gore re se ka ra tshelela menate re akanya gore “botshelo bo bokhutshwane.” Fa re itse gore baratiwa ba rona ba ba suleng ba Modimo a ba gakologelwang ba robetse mo losong mme ba emetse tsogo, seno se ka re nametsa mme sa re kgothatsa gore re batle go tswelela re tshela.

Ee, re ka leba pele kwa isagweng kwa nakong e Jehofa Modimo, Moneibotshelo, a tla fedisetsang loso ruri. A bo go tla itumedisa jang ne go botsa jaana: “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:55.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Leno ke lekgetlho la ntlha Baebele e bua ka loso.

^ ser. 11 Tlhwatlhwa ya thekololo e ne e le botshelo jwa motho yo o itekanetseng ka gonne ke sone se se ileng sa latlhwa ke Adame. Boleo bo kgotletse batho botlhe, ka jalo ga go na motho ope yo o sa itekanelang yo o neng a ka nna thekololo. Ka jalo, Modimo o ne a romela Morwawe go tswa kwa legodimong gore a tle go dira seno. (Pesalema 49:7-9) Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bala kgaolo 7 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo Bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go tlhoka kutlo ga ga Adame le Efa go ne ga felela ka loso

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jesu o ne a tshwara seatla sa mosetsanyana yo o suleng mme a tsoga

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ba le bantsi ba letile nako e baratiwa ba bone ba ba suleng ba tla tsogang mo borokong, jaaka Lasaro